Dintlhakgolo Tsa Tirelo ya Tshimo
“Batho ba gago ba tla ithaopa ka go rata mo letsatsing la mophato wa gago wa sesole.” (Pesalema 110:3) Go a kgothatsa go bona temana eno e diragadiwa ka go oketsega ga palo ya babulatsela ba ka metlha. Pego ya September 2011 e bontsha tlhora e ntšha ya babulatsela ba ka metlha ba le 174 ba ba begang kwa Namibia le tlhora e ntšha ya babulatsela ba ka metlha ba le 8 667 mo Afrika Borwa. E kete Jehofa a ka tswelela a segofatsa moya wa go intsha setlhabelo wa bakaulengwe le bokgaitsadi bano botlhe.