Se Letle Sepe go go Kgoreletsa—Rulaganya Nako ya Gago Le fa O Tshwaregile
1. Ke ka ntlha yang fa bangwe ba okaoka go tshwara thuto ya Baebele?
1 Bangwe ba okaoka go tshwara thuto ya Baebele ka gonne ba tshwaregile thata. Go tlhokomela moithuti wa Baebele go tlhoka nako. Go baakanyetsa thuto, go e tshwara le go thusa moithuti go fenya dikgoreletsi tse a lebanang le tsone go tlhoka nako. Moaposetoloi Paulo o ne a re o ne a naya batho ba kwa Thesalonika moya wa gagwe gore a ba thuse go itse Jehofa. (1 Bathes. 2:7, 8) Re ka tshwara thuto ya Baebele jang tota le fa re tshwaregile thata?
2. Lorato lo re ratang Jehofa ka lone lo ama jang tsela e re dirisang nako ya rona ka yone?
2 Kobamelo e Tlhoka Nako: Boammaaruri ke gore kobamelo e tlhoka nako. Ka sekai, re dirisa nako ka metlha gore re nne gone kwa dipokanong, re nne le seabe mo bodireding, re bale Baebele le go rapela. Motho yo o leng mo lenyalong yo o nnang a tshwaregile o itumelela go ipha nako ya go nna le molekane wa gagwe. Ruri rona re tshwanetse go itumelela go ‘reka’ nako ya go obamela Jehofa ka gonne re mo rata. (Baef. 5:15-17; 1 Joh. 5:3) Go ya ka Jesu, karolo ya botlhokwa ya kobamelo ya rona ke tiro ya go dira barutwa. (Math. 28:19, 20) Go akanya ka seno go tla re thusa gore re se boife go amogela boikarabelo jwa go tshwara thuto ya Baebele.
3. Re ka dira jang gore batho ba re ithutang le bone Baebele ba tswelele ba ithuta le fa go na le maemo a a kgoreletsang thulaganyo ya rona ya bodiredi?
3 Mme go tweng fa e le gore thulaganyo ya rona e kgorelediwa ke tiro kgotsa bolwetse jo bo sa foleng kgotsa dikabelo tsa puso ya Modimo? Baboledi bangwe ba ba tshwanelwang ke go fetsa nako e ntsi ba se yo, ba tshwara dithuto tsa bone tsa Baebele ba dirisa founu kgotsa khomputara. Ba thulaganyo ya bone e kgorelediwang ke bolwetse jo bo sa foleng, ba rulaganya gore moithuti a tle kwa legaeng la bone gore ba mo tshwarele thuto. Bangwe ba dirile dithulaganyo tsa gore mmoledi mongwe a ba tshwarele thuto fa ba se yo.
4. Go nna le seabe mo tirong ya go tshwara dithuto tsa Baebele go lere masego afe?
4 Paulo o ne a nna le boipelo jo bogolo ka go dirisa nako ya gagwe le maatla go thusa ba bangwe gore ba ithute boammaaruri. (Dit. 20:35) Fa a ne a akanya ka matswela a tiro ya gagwe kwa Thesalonika, o ne a tlhotlheletsega go leboga Jehofa. (1 Bathes. 1:2) Fa re sa letle tsela e re tshwaregileng ka yone e re kgoreletsa go nna le seabe mo tirong ya go tshwara dithuto tsa Baebele, boipelo jwa rona le go kgotsofalela bodiredi go tla oketsega.