Thulaganyo ya Beke ya December 3
BEKE E E SIMOLOLANG KA DECEMBER 3
Pina 128 le Thapelo
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
jr kgao. 2 ¶7-13, lebokose le le mo go ts. 20 (30 mets.)
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Nahume 1–Habakuke 3 (10 mets.)
No. 1: Habakuke 2:1-14 (4 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Bua Boammaaruri re Tlhatswegile Pelo?—2 Tim. 1:7, 8 (5 mets.)
No. 3: Re ka Bapala Jang Kitso ya Boammaaruri le Botlhale?—rs ts. 125 ¶2–ts. 126¶1 (5 mets.)
□ Pokano ya Tirelo:
10 mets: Dikakantsho Tsa go Tsamaisa Dimakasine ka December. Motlotlo. Dirisa metsotswana e le 30 go ya go e le 60 go bontsha kafa dimakasine di ka ngokang kgatlhego ka teng mo tshimong ya lona. Go tswa foo, o dirisa motseletsele wa ditlhogo tsa setlhogo se se ka fa ntle sa makasine wa Tora ya Tebelo, kopa bareetsi gore ba akantshe potso e ba ka e botsang e e tsosang kgatlhego o bo o ba kopa gore ba akantshe temana e ba ka e balang. Dira se se tshwanang le ka motseletsele wa ditlhogo tsa setlhogo se se ka fa ntle sa makasine wa Tsogang! mme fa nako e letla dira jalo le ka setlhogo se sengwe gape go tswa mo go nngwe ya dimakasine tseno. Dira gore go dirwe pontsho ya kafa kgatiso nngwe le nngwe e ka tsamaisiwang ka teng.
10 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.
10 mets: Maitemogelo a go Tsamaisa Dipampitshana. Motlotlo ka molebedi wa tshimo. Kopa bareetsi gore ba aneele maitemogelo a ba a itumeletseng fa ba ne ba tsamaisa dipampitshana ka November. Kopa baboledi ba babedi ba ba ileng ba atlega gore ba dire pontsho ya kafa ba tsamaisitseng dipampitshana ka gone ka ntlo le ntlo.
Pina 96 le Thapelo