LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/12 ts. 7
  • Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
km 12/12 ts. 7

Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo

Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka December 31, 2012. Letlha le ntlha nngwe le nngwe e sekasekilweng ka lone le akareditswe e le gore go dirwe patlisiso fa go baakanyediwa sekolo beke nngwe le nngwe.

1. Boporofeti jo bo mo go Joele 2:1-10, 28 jo bo kaga go tlhasela ga ditshenekegi bo diragaditswe jang? [Nov. 5, w07 10/1 ts. 13 ser. 1]

2. Amose 8:11 e diragadiwa mo go bomang, mme e re ka re le mo letlepung la dijo tsa semoya ke potso efe e re tshwanetseng go e ipotsa? [Nov. 12, jd ts. 60-61 ser. 9]

3. Ke eng se se ka tswang se dirile gore Baedoma ba ikgogomose mo pelong mme ke boammaaruri bofe jo le ka motlha re sa tshwanelang go bo lebala? (Obad. 3, 4) [Nov. 19, w07 11/1 ts. 14 ser. 1]

4. Ke ka tsela efe Jehofa a neng a ikwatlhaela masetlapelo a a neng a buile gore o tla a tlisetsa baagi ba Ninife? (Jona 3:8, 10) [Nov. 19, w07 11/1 ts. 15 ser. 1]

5. Go tsamaya mo leineng la Modimo go ka nonotsha kamano ya rona le ene jang? (Mik. 4:5) [Nov. 26, jd ts. 88 ser. 12]

6. Go diragadiwa ga boporofeti jo bo mo go Nahume 2:6-10 go re tlhomamisetsa eng? [Dec. 3, w07 11/15 ts. 9 ser. 2; w88 2/15 ts. 28 ser. 7]

7. Hagai 1:6 e kaya eng, mme re ithuta eng mo go yone? [Dec. 10, w06 4/15 ts. 22 ser. 12-15]

8. Re ka dirisa jang kgakololo e e mo go Sekarea 7:10 ya gore re se ka ra “logelana maano a a bosula” mo dipelong tsa rona? [Dec. 17, jd ts. 113 ser. 6; w07 12/1 ts. 11 ser. 3]

9. Ke ka ntlha yang fa gompieno mafoko a a mo go Sekarea 4:6, 7 a gomotsa baobamedi ba ga Jehofa? [Dec. 17, w07 12/1 ts. 11 ser. 1]

10. Go ya ka se se mo go Malaki 3:16, ke eng fa re tshwanetse go ikemisetsa go nna re ikanyega mo Modimong? [Dec. 31, w07 12/15 ts. 29 ser. 3]

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela