Karolo 2—Asiria yo o Setlhogo—Mmuso o Mogolo wa Lefatshe wa Bobedi
Matlo a segosi a a fitlhetsweng ke baithuta-marope a dikgosi tsa Asiria wa bogologolo le tsone di ka go tlhomamisetsa gape kafa ditiragalo tsa Bibela di tsepameng ka gone. Diphitlhelelo tseo di bontshang kaga ditiragalo tsa Bibela, mme di tshwanetse go rayang go wena?
BAASIRIA e ne e le batho ba ba thubakanyang le ba ba ratang ntwa. Ba ne ba nna le mmuso o mogolo, o o setlhogo o o neng o tloga mo naga-gaeng ya bone e e neng e le mo bokone jwa mokgatšha wa Mesopotamia. Bibela e bua thata-thata ka bone, jaaka fa e ne e le baba ba Juda le Iseraele.
Go itse mo go oketsegileng kaga batho bano ba bogologolo ruri go tla re thusa go tlhaloganya dilo tse Bibela e di bolelang. Le eleng direkoto tsa Asiria ka sebele di tiisetsa boammaaruri jwa ditiragalo tsa Bibela le polelelo pele. Mme tota Baasiria ba simologile kae?
Batho bano ba ba nonofileng, ba ba neng ba itshwantsha ba na le dintshi tse ditona le ditedu, ba tlholegile mo go Asehure, setlogolwana sa ga Noa. Tota, lefoko leo la Sehebera le raya “Asehure” le “[Mo]asiria.” Nimerode, yo Bibela e mo tlhalosang jaaka “mocumi eo o nonohileñ ha pele ga Yehofa,” o ne a thaya metse ya Ninefe le Kala. Metse e mebedi eno, gammogo le Asehure le Koresabade, moragonyana e ne ya nna metse-megolo ya Asiria.—Genesise 10:8-12, 22.
Buka ya Nahume e simolola ka mafoko a a reng: “Molaeco kaga Ninefe,” motse-mogolo wa Asiria. Ka ntlha yang? Ka go bo fela, jaaka moperofeti Nahume a ne a tlhalosa moragonyana, Ninefe e ne e le “motse o o madi madi! o tletse maaka le thubakanyō.” (Nahume 1:1; 3:1) A o ne a feteletsa dilo? Le eseng!
Baasiria ba ne ba itsege thata ka bosetlhogo jo bo fetang jwa batho botlhe. Mekgabisa e e mo matlong a bone a magolo a segosi e ne e na le ditshwantsho tsa fa ba thukhutha, ba tshuba ka molelo, le go senya dilo mo dinageng tse di farologanyeng. Kgosi ya bone Ashurnasirpal o ipelafatsa ka gore o ne a apesa pilara yotlhe ka matlalo a baba ba gagwe. A re: “Ke ne ka fisa ditshwarwa di le dintsi ka molelo . . . Bangwe ke ne ka ba kgaola dinko, ba bangwe ditsebe tsa bone le menwana ya bone, mme ba le bantsi ke ne ka ba gonya matlho. Pilara e nngwe ke ne ka e tlhomela batshedi e nngwe ditlhogo.”
Tlhotlheletso ya Bodumedi
Lefa go le jalo, batho bano ba ne ba tseneletse thata mo bodumeding. Go bolelwa jaana ka Baasiria ba bogologolo: “Ntwa e ne e le kgwebo e kgolo ya morafe oo, mme baperesiti e ne e le batlhotlheletsi ba ka metlha ba ntwa. Gantsi ba ne ba tshela ka dithopo tsa phenyo ya bone . . . Morafe ono wa bathopi o ne o tseneletse thata-thata mo bodumeding.”—Ancient Cities, W. B. Wright, tsebe 25.
Baasiria ba ne ba rua bodumedi jwa bone mo Bababeloneng. The Illustrated Bible Dictionary e bua jaana: “Ka ditsela tse dintsi bodumedi jwa Baasiria bo ne bo farologana go le gonnye fela le jwa Babelona, koo bo neng bo tlholegile gone.” Sekano sa Asiria, se jaanong se beilweng mo British Museum mo London go bonwa ke batho, se supa modimo wa bone wa morafe Asehure yo o tlhogo di tharo. Go dumela mo medimong ya ditlhogo tse tharo e ne e le selo se se tlwaelesegileng mo kobamelong ya bone. Ka jalo, ka ntlha ya botshelo jwa bone jwa bosetlhogo le thubakanyo, ke mo go sa gakgamatseng thata go bo moperofeti wa Bibela Nahume a ile a kwala gore Modimo o mongwefela wa boammaaruri, Jehofa, “oa busholosa, me o tletse bogale” mo Baasirieng.—Nahume 1:2.
Fa Ninefe a sena go fenngwa, tshenyego ya gagwe e ne ya nna kgolo thata mo eleng gore go ne ga feta makgolokgolo a dingwaga go lebetswe lefa a neng a le gone. Banyatsi bangwe ba ne ba bo ba kgala Bibela, ba re motse ono ga o ise o ke o nne gone. Mme ruri o ne o kile wa nna gone! O ne wa bonwa gape, mme seo baithuta-marope ba se fitlhetseng ruri se ne se kgatlhisa!
Matlo a Magolo a Segosi a ile a Bonwa
Ka 1843 moemedi wa puso ya Fora ebong Paul-Émile Botta o ne a epolola kwa Koresabade, a solofetse gore o tla bona Ninefe wa bogologolo. Go na le moo, o ne a bona ntlo ya segosi e e tsabakelang ya ga “Saregone kgosi ea Asiria,” yo o umakiwang ka leina mo Bibeleng go Isaia 20:1. Banyatsi ba ile ba bolela gore Bibela e ne e le phoso ka go bo e ne e le yone fela mokwalo wa bogologolo o o neng o umaka kgosi eno. Mme ruri Saregone o ne a kile a nna gone, ka go bo baithuta-marope ba ile ba epolola ntlo ya gagwe ya segosi ya dikamore tse 200, gammogo le letlotlo je le gakgamatsang la mekwalo le dilwana tse dingwe. Tseno di akareletsa ditso tsa ga Saregone tseo go ya kafa botshelong jwa Baasiria, di tiisetsang ditiragalo tse di umakiwang mo Bibeleng. Fa e sale go tswa bogareng jwa lekgolo la dingwaga la bo-19, Saregone e ile ya nna nngwe ya dikgosi tse di itsegeng thata-thata tsa Asiria, lemororo dintlha di le dintsi tse di amanang le ene di ise di felele tsotlhe.
Morago ga moo, ka 1847, Austin Henry Layard o ne a bona ntlo ya segosi ya ga Senakeribe kwa Ninefe, mo e ka nnang dikilometara di le 19 kafa borwa-bophirima jwa Koresabade. Yono ke ene Senakeribe yoo ka bosetlhogo a neng a tlhabantshana le Jerusalema mme a umakiwa ka leina ka makgetlo a le 13 mo Bibeleng. Layard o ne a tlhatlhoba dikamore tse 71 tsa ntlo eno ya segosi. Eo e ne e kgabisitswe thata-thata ka ditshwantsho tsa ntwa, diphenyo, le mekete ya sedumedi.
Se se bileng se gakgamatsa go feta, ke gore baithuta-marope ba ne ba fitlhela ditso tsa ga Senakeribe ka sebele—dipego tsa ngwaga le ngwaga tse di kwadilweng mo diselendareng tsa letsopa, kana mabeana. E nngwe e beilwe mo Oriental Institute ya University of Chicago, fa e nngwe, ebong Taylor Prism, e le mo British Museum.
Diphitlhelelo tseno di ne tsa bontshang? Di ne tsa bontsha gore se Bibela e se bolelang kaga batho bano le kaga ditiragalo tseo ba neng ba kopanyelediwa mo go tsone ruri di boammaaruri—le eleng mo go umakeng babusi ba Asiria!
Dikgosi tsa Asiria
Maina a dikgosi tseo tsa bogologolo a ka nna a utlwala a sa tlwaelesega mo go wena, lefa go le jalo go molemo gore bogolo o itse ba supa mo go bone, ka go bo ba amana thata-thata le ditiragalo tse di anelwang mo Bibeleng.
Shalemanesere III o ne a tlhatlhama rraagwe ebong Ashurnasirpal mo setilong sa bogosi. Black Obelisk ya gagwe e e tumileng, e e neng ya bonwa kwa Nimrud (Kala) mme e beilwe mo British Museum go bonwa ke botlhe, e na le setshwantsho seo se supang Kgosi Jehu wa Iseraele a mo neela lekgetho, gongwe e le ka moemedi.—Bapisa ditiragalo tse di umakiwang go 2 Dikgosi 10:31-33.
Moragonyana e ntse e le mo lekgolong leo la dingwaga, gongwe mo e ka nnang ka ngwaga wa 844 B.C.E., moperofeti Jona o ne a romiwa go ya go tlhagisa Ninefe ka tshenyego e e neng e tla.a Motse oo o ne wa supa boikotlhao mme wa falola. Lemororo re sa itse tota-tota gore kgosi ya Ninefe ka nako eo e ne e le mang fa seno se diragala, ke mo go kgatlhisang go itse gore lobaka lono e ne e le nako ya fa Asiria a ntse a fokotsega boganka.
Tigelathe-pilesere III (yo gape a bidiwang Pule) ke kgosi ya ntlha ya Asiria go umakiwa ka leina mo Bibeleng. O ne a ya go tlhasela bogosi jwa bokone jwa Iseraela fa go busa Menaheme (791-780 B.C.E.). Bibela ya re Menaheme o ne a mo duela ditalenta di le sekete tsa selefera gore a boele morago.—2 Dikgosi 15:19, 20.
Mo ditsong tsa gagwe, tse di fitlhetsweng kwa Kala, Tigelathe-pilesere o tiisetsa lebaka leno la Bibela, ka go re: “Ke ne ka amogela lekgetho mo go . . . Menaheme wa Samaria.”
Go wa ga Samaria
Lefa go ntse jalo, Samaria le bogosi jwa ditso tse some tsa bokone mo Iseraele di ne di se mo mathateng fela ka ntlha ya Baasiria mme gape le ka ntlha ya Mmopi wa legodimo le lefatshe, Jehofa Modimo. Ba ne ba tlogetse kobamelo ya gagwe go ya kobamelong ya ga Baale ya botsenwa, le ya botagwa. (Hosea 2:13) Lemororo ba ne ba amogela tlhagiso e le ntsi ka baperofeti ba ga Jehofa, ba ne ba gana go sokologa. Jalo moperofeti Hosea o ne a tlhotlhelediwa go kwala a re: “Kaga Samaria, kgosi ea gagwè e okolocwe koñ, yaka lohulō mo metsiñ.” (Hosea 10:7; 2 Dikgosi 17:7, 12-18) Bibela ya re Baasiria ba ne ba dira seno mo Iseraele—mme le direkoto tsa Baasiria tsa rialo, jaaka re tla bona.
Shalemanesere V, yo o neng a tlhatlhama Tigelathe-pilesere, o ne a tlhasela bogosi jwa Iseraela jwa bokone jwa ditso tse some mme a dikanyetsa motse-mogolo wa one o o thekeleditsweng thata wa Samaria. Morago ga tikanyetso ya dingwaga tse tharo, Samaria o ne a fenngwa (ka 740 B.C.E.), fela jaaka baperofeti ba ga Jehofa ba ne ba rile go tla diragala.—Mika 1:1, 6; 2 Dikgosi 17:5.
Saregone II o ne a tlhatlhama Shalemanesere mme o ka nna a bo a ile a digela phenyo ya Samaria, fela jaaka go twe tshimologo ya puso ya gagwe e tsamaelana le ngwaga o motse o neng wa fenngwa ka one. Bibela ya re morago ga Samaria a sena go fenngwa, kgosi ya Asiria “ea isa ba Iseraela kwa Asiria.” (2 Dikgosi 17:6) Mokwalo wa Asiria, o o fitlhetsweng kwa Koresabade, o tiisetsa seno. Mo go one Saregone o tlhalosa jaana: “Ke ne ka dikanyetsa le go fenya Samaria, ka gapa jaaka thopo baagi ba one ba le 27 290.”
Bibela gape e bolela gore morago ga fa Baiseraele ba sena go fudusiwa, kgosi ya Asiria e ne ya tlisa batho go tswa dikgaolong tse dingwe “a ba baea mo metsiñ ea Samaria mo boemoñ yoa bana ba Iseraela: me ba rua Samaria, ba aga mo metsiñ ea gōna.”—2 Dikgosi 17:24.
A direkoto tsa Asiria di tiisetsa seno? Ee, ditso tsa ga Saregone ka sebele, tse di kwadilweng go Nimrud Prism, tsa re: “Ke ne ka tsosolosa motse wa Samaria . . . Ke ne ka tsenya mo go one batho ba ba tswang mo dinageng tse ke di fentseng ka diatla tsa me.”—Illustrations of Old Testament History, R. D. Barnett, tsebe 52.
Jerusalema o a Bolokiwa
Senakeribe, morwa Saregone le motlhatlhami wa gagwe, o itsiwe sentle ke baithuti ba Bibela. Ka 732 B.C.E. kgosi eno e e ratang ntwa e ne ya lere mephato e e nonofileng kgatlhanong le bogosi jwa borwa jwa Juda.
Bibela ya re “Senakeribe kgosi ea Asiria a bololèla metse eotlhe ea Yuda e e thekeledicweñ, me a e gapa.” Kgosi Hesekia wa Jerusalema, ka go tshosiwa ke matshosetsi ano, “a roma kwa kgosiñ ea Asiria kwa Lakisha” me a mo solofetsa go mo neela tuelo e kgolo.—2 Dikgosi 18:13, 14.
A Senakeribe o tiisetsa gore o kile a ya Lakisha? Ee ruri! O ne a supa ditiragalo tseno tsa tikanyetso eno mo dimatleng tse dikgolo mo ntlong ya gagwe ya segosi e kgolo eo baithuta-marope ba neng ba e ithuta kwa Ninefe. Ditshwantsho tsa dimatla tseno mo British Museum di supa go tlhaselwa ga Lakisha. Baagi ba gone ba tla ba ketema ka go ineela. Magolegwa a gogiwa. Ba bangwe ba kokotelwa mo mekgorong. Ba bangwe ba obamela Senakeribe ka boene, ene motho yo o umakiwang mo polelong ya Bibela. Mokwalo o o kwadilweng ka mokwalo wa dimapo tse di motswi wa re: “Senakeribe, kgosi ya lefatshe lotlhe, kgosi ya Asiria, a ntse mo setilong sa bogosi sa nímedu mme a ntse a tlhatlhoba thopo (e e tserweng) kwa Lakisha.”
Bibela ya re Hesekia o ne a ntsha lekgetho la “ditalenta tsa selefera di le makgolo mararo, le ditalenta tsa gouda di le mashomè mararo.” (2 Dikgosi 18:14, 15) Tuelo eno e tiisediwa mo ditsong tsa ga Senakeribe, lemororo a iphaka gore o ile a amogela “ditalenta tsa selefera di le 800.”
Go sa kgathalesege tuelo eno, barongwa ba kgosi ya Asiria ba ne ba ema ka kwantle ga dithako tsa Jerusalema, ba kgoba Jehofa Modimo, ba bo ba tshosetsa motse wa gagwe o o boitshepo. Ka Isaia, yo o neng a le moteng ga Jerusalema, Jehofa o ne a bua jaana ka Senakeribe: “Ga a ketla a tla mo motsiñ o, leha e le go hulèla mocwi gōna, le gōna ga a ketla a tla ha pele ga ōna ka thèbè, leha e le go o cosetsa lomōta. O tla boea ka tsela e o tsileñ ka eōna, me ga a ketla a tla mo motsiñ o.”—2 Dikgosi 18:17–19:8, 32, 33.
A Jehofa o ne a kganela Senakeribe, jaaka a ne a solofeditse? Gone mo bosigong joo Baasiria ba le 185 000 ba ne ba bolawa ke moengele wa Modimo! Senakeribe o ne a tshaba mme a boela kwa Ninefe, mme moragonyana a bolawa ke bomorwawe ba babedi fa a ntse a obametse modimo wa gagwe Niseroke.—2 Dikgosi 19:35-37.
Legale, go ka seke go lebelelwe gore Senakeribe yo o boikgogomoso o ne a ka ikgantsha ka tatlhegelo eno ya masole a gagwe. Me se a se bolelang ke se se kgatlhisang. Ditso tsa gagwe, tse di kwadilweng mo Oriental Institute Prism le mo Taylor Prism tsa re: “Kaga Hesekia wa Mojuda, o ne a seka a tsena kafa tlase ga jokwe ya me, ke ne ka dikanyetsa metse ya gagwe e e nonofileng e le 46, dikago tsa gagwe tsa phemelo tse di thekeleditsweng ka dithako le metsana e le mentsintsi e e neng e le fa go tsone, mme ka e (fenya) . . . Ene ke ne ka mo dira legolegwa mo Jerusalema, ebong bonno jwa gagwe jwa segosi, jaaka nonyane e e mo serobing” Senakeribe o bolela gore “borena jwa me jo bo reregisang” bo ne jwa fekeetsa Hesekia. Lefa go le jalo, gaa bolele gore o ne a gapa Hesekia kana a fenya Jerusalema, jaaka a ne a bolela kaga “metse e e nonofileng” le “metsana.” Ka ntlhayang? Fela jaaka Bibela e bontsha, mephato e e nonofileng e Senakaribe a neng a e rometse go dira jalo e ne e ile ya senngwa!
Esarahadone, morwa yo mmotlana le motlhatlhami wa ga Senakeribe, o umakiwa gararo mo Bibeleng—go Dikgosi tsa Bobedi, Esere, le go Isaia. Bibela e bega gore Baasiria ba ne ba gapa Kgosi ya Juda Manase. Baithuta-marope ba ne ba fitlhela lenaneo la Asiria leo le neng le akareletsa ‘Manase Kgosi ya Juda’ gareng ga bao ba neng ba isetsa Esarahadone lekgetho.—2 Ditihalō 33:11.
Ashurbanipal, morwa Esarahadone, go gopolwa gore ke ene Osenapare eo mogolo” yo o umakiwang go Esere 4:10. O ne a atolosa mmuso mogolo wa Asiria go ya bokgakaleng jo bogolo thata.
Bokhutlo Jwa Mmuso o Mogolo wa Lefatshe
Ka ntlha ya boikepo jwa Asiria, tshenyego ya gagwe e ne ya laolwa. Moperofeti wa ga Jehofa Nahume o ne a kwadile gore motse-mogolo wa one Ninefe o ne o tla thubaganngwa kwa ‘dikgorong tsa dinoka . . . mme ntlo ya kgosi yone e ne e tla rutlololwa.’ Go tla thopiwa selefera le gouda, motse o tla swafadiwa, me batho ba tla re: “Ninefe o kgakgabadicwe: e mañ eo o tla mo lelèlañ?”—Nahume 2:6-10; 3:7.
A seno le sone se ne sa diragala? A bafenyi ba Ninefe ba arabe. Ka 632 B.C.E. Bababelona le Bameda ba ne ba ipusolosetsa mo go setlhogo mo motseng-mogolo wa Asiria. Ditiragalo tsa Babelona di bega jaana: “Ba ne ba tsaya thopo e kgolo ya motse le tempele mme [ba fetola] motse oo go nna thotobolo fela ya marope.”
Jaanong dithotobolo tse pedi tse dikgolo di tshwaya fa go kileng ga bo go le motse-mogolo ono o o boikgantsho gone. Ke bosupi jo bo didimetseng jwa lebaka la gore ga go na morafe ope—lefa e le Baasiria ba ba boikgantsho le bosetlhogo—o o ka emang pele tiragatso e e tlhomamisegang ya dipolelelo-pele tsa ga Jehofa.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Malebana le malatsi, re amogela tlhatlhamano ya metlha eo e supiwang ke Bibela, eo e farologanang le malatsi a bogologolo ao a theilweng mo metsweding ya lefatshe e e ka sekeng e ikanngwe thata. Go bona tlhaloso e kgolwane kaga tlhatlhamano ya metlha ya Bibela, bona Aid to Bible Understanding, ditsebe 322-48, segolo bogolo mo karolong ya Asiria, ditsebe 325-6.
[Mmapa mo go tsebe 24]
(For fully formatted text, see publication)
MMUSO WA ASIRIA
Ninife
Babelona
Damaseko
Samaria
Lakisha
Jerusalema
ARABIA
EGEPETO
Lewatle le Legolo
[Motswedi wa Setshwantsho]
Based on a map copyrighted by Pictorial Archive (Near Eastern History) Est. and Survey of Israel
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Kgosi Ashurbanipal o tshela tshupelo ya beine mo ditaung tse di bolailweng. A seno se go gakolola ka Nimerode?
[Motswedi wa Setshwantsho]
Courtesy of the British Museum, London
[Ditshwantsho mo go tsebe 26]
Ditshwantsho tsa Asiria di supa tlhaselo le tikanyetso ya motse o o thekeleditsweng wa Lakisha
[Motswedi wa Setshwantsho]
Courtesy of the British Museum, London
Thotana Lakisha. Kago eno e e botlhokwa ya phemelo mo borwa-bophirima e ne e disitse naga e e mo thoteng ya Judea go fitlhelela Baasiria ba dikanyetsa Lakisha le go o senya
[Motswedi wa Setshwantsho]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Setshwantsho sa ga Saregone II (kafa molemeng) a lebaganye le mogolwane wa Asiria yo o ka nnang a bo e le Moja-boswa wa Bogosi ebong Senakeribe
[Motswedi wa Setshwantsho]
Courtesy of the British Museum, London