Dirisa Web Site ya Rona go Ruta Bana ba Gago
1. Karolo ya Web site ya rona e e reng, “Bana” e diretswe eng?
1 Web site ya rona ya jw.org/tn e diretswe go ngoka batho ba dingwaga tsotlhe. Karolo ya Web Site e e reng, “Bana” (ya go Dithuto Tsa Baebele > Bana) e thusa bana ba bannye le batsadi ba bone gore ba atamalane le gore ba atamalane le Jehofa. (Dute. 6:6, 7) O ka dirisa karolo eno jang go ruta bana ba gago?
2. O ka tlhopha jang tshedimosetso e e tshwanelang dingwaga tsa bana ba gago gore o e ithute le bone?
2 Fetofetoga: Bana ga ba tshwane. (1 Bakor. 13:11) Ka jalo, o ka tlhopha jang tshedimosetso e e tshwanelang dingwaga tsa bana ba gago gore o e ithute le bone? Ipotse: ‘Ke eng se se tla kgatlhang bongwanake? Ba tla tlhaloganya go le kana kang? Ba kgona go tlhoma mogopolo ka lobaka lo lo kana kang?’ Fa o na le bana ba dingwaga tse tharo kgotsa tse di kwa tlase, o ka tlotla le bone ka dipolelo tse di fitlhelwang mo karolong e e reng, “Se ke Se Ithutang mo Baebeleng.” Malapa a mangwe a itumelela dipolelo tsa Baebele tse di mo karolong e e reng, “Ruta Bana ba Gago.” Gape o ka dirisa ditsela tse di latelang.
3. Batsadi ba ka dirisa jang dipolelo le dithuto tse di mo karolong e e reng, “Diporojeke Tsa Kobamelo ya Lelapa”?
3 Diporojeke Tsa Kobamelo ya Lelapa: Diporojeke tseno di diretswe go thusa batsadi go ithuta le bana ba bone. Fa o batla go bona kafa o ka dirisang dipolelo le dithuto ka teng, tobetsa konotswana e e reng itseele, mme o bale “Kaedi ya Batsadi” ya porojeke nngwe le nngwe. Dirisa ditshwantsho, tse di jaaka ditsebe tse di tsenngwang mebala, go ruta bana ba gago ba bannye. Thusa bana ba bagolwane go dira karolo ya dithuto tsa Baebele. Dithuto tsotlhe tse di mo porojekeng nngwe le nngwe di ka ga polelo kgotsa thuto e le nngwe ya Baebele, ka jalo bana ba dingwaga tsotlhe ba ka nna le seabe mo porojekeng e le nngwe ya kobamelo ya lelapa.
4. Ke eng se se ka fitlhelwang mo karolong e e reng, “Nna Tsala ya ga Jehofa”?
4 Nna Tsala ya ga Jehofa: Dibidio, dipina mmogo le dithuto tse di mo karolong eno ya Web site ya rona di thusa batsadi go ruta bana ba bone ba bannye Lefoko la Modimo. (Dute. 31:12) Bidio nngwe le nngwe e khutshwane ya dipopae e ruta thuto nngwe ya botlhokwa. Dilo tse di jaaka metshameko ya gore ngwana a batle dilo dingwe tse di fitlhegileng di gatelela botlhokwa jwa dithuto tseo. E re ka gantsi bana ba rata go opela—mme dipina di thusa bana go gopola se ba se ithutileng—dipina tsa Bogosi le dipina tse di kwaletsweng bana di nna di tsenngwa ka metlha.
5. Ke eng fa batsadi ba tshwanetse go kopa Jehofa gore a ba thuse go ruta bana ba bone boammaaruri?
5 Batsadi, Jehofa o batla gore lo nne bommè le borre ba ba atlegileng. Ka jalo, mo kope gore a go thuse gore o rute bana ba gago boammaaruri. (Baatlh. 13:8) Jehofa a ka go thusa gore o thapise bana ba gago gore ba ‘tlhalefe gore ba bone poloko ka tumelo e e ka ga Keresete Jesu.’—2 Tim. 3:15; Dia. 4:1-4.