Dirisa jw.org mo Bodireding—“Nna Tsala ya ga Jehofa”
Karolo ya “Dithuto Tsa Baebele” e e mo jw.org/tn e na le karolwana ya “Nna Tsala ya ga Jehofa” e e nang le dipina, dibidio le diporojeke. A o kile wa e dirisa mo tshimong? Fa o ithuta Baebele le motsadi yo o nang le bana ba bannye, goreng o sa ba bontshe yone? Seno se ka mo tlhotlheletsa go leba le dikarolo tse dingwe tse di mo Web site.
Fa re ne re tsamaisa pampitshana ya Dikgang Tsa Bogosi No. 38, mokaulengwe mongwe o ne a kopana le mosadi yo o neng a simolola go bala pampitshana eno fela fa a sena go mo naya yone. O ne a na le bana ba bannye ba ba neng ba batla go itse se se mo pampitshaneng eo. Mokaulengwe o ne a tlhalosa dintlha tsa pampitshana ka bokhutshwane a bo a ba bontsha aterese ya rona ya Internet e e ka fa morago. E re ka mosadi yono a bontshitse kgatlhego, mokaulengwe o ne a dirisa sedirisiwa sa gagwe sa ileketeroniki go ba bontsha nngwe ya dibidio tsa ga Kabo.
Kgaitsadi mongwe o ne a bolelela modirikaene yo o nang le bana ba bannye ka Web site ya rona le ka tshedimosetso e e mo go yone e e ka thusang malapa. Mosadi yoo o ne a tsena mo jw.org le bana ba gagwe. Moragonyana mosadi yoo o ne a bolelela kgaitsadi gore bana ba gagwe ba ne ba tsamayatsamaya mo ntlong ba opela “Rera Lefoko” e leng nngwe ya dipina tse di mo karolwaneng ya “Nna Tsala ya ga Jehofa.”
Itlwaelanye le karolwana eno ya jw.org/tn o bo o tsenye nngwe ya dibidio, dipina kgotsa diporojeke mo sedirisiweng sa gago sa ileketeroniki. Seno se tla dira gore o kgone go dirisa karolwana eno ya jw.org/tn mo tshimong. Ruri seno ke sedirisiwa se se molemo se se re thusang go nna batlhanka ba Morena!—Dit. 20:19.