Dirisa Web Site ya Rona mo Bodireding—“Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele”
Karolo ya “Dithuto Tsa Baebele” mo jw.org/tn e na le karolwana ya “Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele.” Fa re itse dipotso tseno tse gantsi di bodiwang, re ka kgona go bontsha beng ba matlo dikarabo tsa Baebele tse di mo Web site ya rona. Gape dipotso tseno di ka dirisiwa go simolola metlotlo mo bodireding. Re ka tlhopha potso e batho ba mo tshimong ya rona ba e kgatlhegelang thata re bo re botsa mong wa ntlo gore o akanyang ka yone, go tswa foo re mmolelele se Baebele e se buang re dirisa mokgwa o o dirisiwang mo jw.org/tn. Morago ga moo, re ka mo tlhalosetsa kgotsa ra mmontsha gore re tsaya kae tshedimosetso eo. Tsela e nngwe ke go mo letla gore a bale karabo ka tlhamalalo mo Web site. Mosadi wa molebedi yo o etang o ne a atlega fa a re: “Batho ba bantsi ba ipotsa go re, ‘A Modimo o tshwanetse go pegwa molato ka go boga ga rona?’ A o ka rata go bona karabo ka metsotswana e le 51?” Go tswa foo o tshameka karabo e e rekotilweng e a e tsentseng mo sedirisiweng sa gagwe sa ileketeroniki. O konela ka go buelela kgaolo 11 ya buka ya Baebele e Ruta Eng?