Web Site ya Rona ya Semolao—E Dirise mo Bodireding
Kgothaletsa Batho go Dirisa Web Site: Batho bangwe ba ba okaokang go bua le rona kgotsa go amogela dikgatiso tsa rona ba iketleeditse go batlisisa ka ga Basupi ba ga Jehofa ka go leba mo go jw.org/tn fa ba le kwa magaeng a bone. Ka jalo, itsise ba bangwe ka Web Site ya rona nako le nako fa o bona tshono.
Araba Dipotso: Ka dinako tse dingwe mong wa ntlo, motho yo o kgatlhegang kgotsa yo o tlwaelaneng le ene, a ka botsa potso ka ga Basupi ba ga Jehofa kgotsa ka se re se dumelang. Mmontshe karabo ka yone nako eo o dirisa sedirisiwa sa ileketeroniki kgotsa khomputara. Gantsi go molemo gore ditemana tse di umakilweng di balwe ka tlhamalalo mo Baebeleng. Fa o se na sedirisiwa sa go tsena mo Internet, tlhalosa kafa motho a ka dirisang jw.org/tn ka gone go bona karabo.—Ya kwa go “Dithuto Tsa Baebele/Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele” kgotsa “Ka ga Rona/Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang.”
Romela Mongwe Yo o Mo Itseng Setlhogo Kgotsa Kgatiso: Tsenya dikgatiso tse di itseetsweng tsa PDF kgotsa tsa EPUB mo go e-mail. Kgotsa itseele kgatiso e e rekotilweng o e tsenye mo CD. Nako le nako fa o naya mongwe yo o sa kolobediwang buka e e feletseng, boroutšhara kgotsa makasine ka Internet, o ka e bega e le kgatiso e o e tsamaisitseng. Tshedimosetso eno ga e a tshwanelwa go romelelwa motho a sa itse gore e tswa kwa go mang kgotsa ya romelwa ka bontsi. Ga e a tshwanela go tsenngwa mo Saeteng epe e nngwe ya Internet.—Ya kwa go “Dikgatiso.”
Bontsha Batho Dikgang Tsa Bosheng ka ga Basupi ba ga Jehofa: Seno se tla thusa baithuti ba Baebele le ba bangwe ba re ba etelang gore ba anaanele selekanyo se tiro e e dirwang mo lefatsheng lotlhe se dirwang ka yone le kafa re leng Bakeresete ba ba seoposengwe ka gone. (Pes. 133:1)—Ya kwa go “Dikgang.”
[Diagram on page 5]
(For fully formatted text, see publication)
Leka go e Dirisa
1 Mo tlase ga “Dikgatiso,” batla sengwe se o batlang go se itseela o bo o tobetsa konopo go bona mofuta wa mokwalo kgotsa wa kgatiso e e rekotiwang e o e batlang.
2 Tobetsa konopo ya “MP3” go bona lenaane la setlhogo sengwe le sengwe. Tobetsa setlhogo sa kgatiso gore o se itseele kgotsa ▸ gore o se reetse mo Internet.
3 Tlhopha puo e nngwe mo lenaaneng leno fa e le gore o batla go itseela kgatiso ka puo eo.