Web Site ya Rona ya Semolao—E Dirise fa o Ithuta o le Esi le mo Thutong ya Lelapa
Bala Dimakasine Tsa Bosheng mo Internet: Bala makasine wa Tora ya Tebelo le Tsogang! mo Internet dibeke di le mmalwa pele phuthego e amogela dikhopi tse di gatisitsweng. Reetsa dimakasine tse di rekotilweng.—Ya kwa go “Dikgatiso/Dimakasine.”
Bala Ditlhogo Tse di Tlhagang Fela mo Saeteng: Ditlhogo tse dingwe tse di jaaka “Tsa Basha,” “Se ke Se Ithutang mo Baebeleng,” “Motlotlo wa Lelapa” le “Basha ba Botsa Jaana,” jaanong di tlhaga fela mo saeteng ya rona. Ya mo Internet mme o sekaseke dingwe tsa ditlhogo tseno fa o ithuta o le esi le mo thutong ya lelapa.—Ya kwa go “Dithuto Tsa Baebele/Bana” kgotsa “Dithuto Tsa Baebele/Basha.”
Bona Dikgang Tsa Bosheng: Bala dipego le maitemogelo a a kgothatsang o bo o lebe di-video clip tse di bontshang kgatelopele ya tiro ya rona mo lefatsheng lotlhe. Dipego tsa dikotsi tsa masetlapelo le dipogiso di ka re thusa go tlhamalala fa re rapelela bakaulengwe ba di ba diragaletseng. (Jak. 5:16)—Ya kwa go “Dikgang.”
Dira Dipatlisiso o Dirisa Laeborari ya mo Internet: Fa Laeborari ya mo Internet e le teng ka puo ya gago, dirisa khomputara kgotsa sedirisiwa sengwe sa ileketeroniki go bala temana ya letsatsi mo Internet kgotsa go dira dipatlisiso mo dikgatisong dingwe tsa rona tsa bosheng.—Ya kwa go “Dikgatiso/Laeborari ya mo Internet” kgotsa o kwale www.wol.jw.org mo phatlheng ya aterese mo go browser.
[Diagram on page 4]
(For fully formatted text, see publication)
Leka go e Dirisa
1 Tobetsa setshwantsho kgotsa link ya “Itseele.” Setshwantsho se tlhaga ka mokgwa wa PDF. Se printe o bo o dirisa khopi eo go ruta ngwana wa gago.
2 Tobetsa “Tshameka” go leba bidio.