LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yb14 ts. 18-19
  • Ba Anaanela LAEBORARI YA MO INTERNET ya Watchtower

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba Anaanela LAEBORARI YA MO INTERNET ya Watchtower
  • Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Web Site ya Rona ya Semolao—E Dirise fa o Ithuta o le Esi le mo Thutong ya Lelapa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Laeborari ya Holo ya Bogosi E ka Re Solegela Molemo Jang?
    Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno?
  • Sedirisiwa se Sesha sa go Dira Dipatlisiso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
  • A o Dirisa JW Library?
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2016)
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2014
yb14 ts. 18-19

DINTLHAKGOLO TSA NGWAGA O O FETILENG

Ba Anaanela LAEBORARI YA MO INTERNET ya Watchtower

Ka Seetebosigo 28, 2013, mo jw.org go ne go na le kitsiso ya gore LAEBORARI YA MO INTERNET ya Watchtower (Watchtower ONLINE LIBRARY [WOL]) e ne e sa tswa go fitlhelela sengwe se segolo ka go nna teng ka dipuo di le 100. WOL e dira gore batho ba kgone go dira dipatlisiso fela jaaka mo Watchtower Library, e e leng gone ka CD-ROM. WOL e ka dirisiwa ka bontsi jwa didirisiwa tse di nang le Internet tse di jaaka khomputara ya desktop kgotsa ya laptop, tablet kgotsa smartphone. Bontsi jwa dikgatiso tse di tswang ka metlha tse di mo laeboraring eno ke tsa ngwaga wa 2000 go ya pele. Mo dipuong di le dintsi, Thanolo ya Lefatshe le Lesha le Insight on the Scriptures le tsone di teng. Konotswana ya Senka e ka dirisiwa go batla lefoko, polelwana kgotsa mafoko, jaaka go ka dirwa mo Watchtower Library. Fa o dirisa laeborari eno ya mo Internet, o ka leba ditemana kgotsa tshedimosetso ka puo nngwe o bo o dira gore tshedimosetso eo e bulege le ka puo e nngwe. Mangwe a mafoko a ditebogo ka sedirisiwa seno se se botlhokwatlhokwa sa go dira dipatlisiso ke ano:

“Ke lo leboga fela thata ka WOL. Fa ke ne ke bona sedirisiwa seno se sesha sa go ithuta, ke ne ka tlala kanaanelo fela thata. Ga ke itse sepe ka go dira dithulaganyo tsa khomputara kgotsa go tlhama di Web site, mme ke kgona go bona gore sedirisiwa seno sa dipatlisiso ke sa maemo a a kwa godimo thata. Ruri go a bonala gore lo rata moagelani, lo rata bakaulengwe ba lona e bile lo rata Jehofa. Tsela e WOL e dirilweng ka yone e bontsha kafa lo amegang ka rona ka teng. Tota ke mpho e e molemo le e e bontshang lorato le bopelotshweu go feta epe e ke neng ke ka e kopa mo go Rre yo o kwa legodimong, Jehofa. Ke leboga fela thata.”—A., Argentina.

“Ga ke dumele! Mo thapameng eno ke ne ka bula WOL mme Se-Creole sa kwa Haiti e ne e le nngwe ya dipuo tse disha tse di moo. Ga ke ise ke tsamaye ke akanye gore seo se ka direga. Lo ka kgona go bona mo lekwalong leno gore ke feletswe ke mafoko. E kete Jehofa a ka segofatsa maiteko otlhe a lona, mme e kete moya wa gagwe o o boitshepo o ka tswelela o lo kaela.”—D.C., United States.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela