THUTO 27
Laeborari ya Holo ya Bogosi E ka Re Solegela Molemo Jang?
Iseraele
Czech Republic
Benin
A o ka rata go dira dipatlisiso go oketsa kitso ya Baebele e o nang le yone? A o batla go itse mo go oketsegileng ka temana, motho mongwe, lefelo kgotsa sengwe se go buiwang ka sone mo Baebeleng? Kgotsa gongwe o kile wa ipotsa gore a Lefoko la Modimo le ka go thusa ka bothata bongwe jo bo go tshwenyang? Fa go le jalo, o ka dirisa dikgatiso tse di mo laeboraring ya Holo ya Bogosi.
E re thusa ka didirisiwa tsa go dira dipatlisiso. O ka tswa o se na dikgatiso tsotlhe tsa puo ya gago tse di theilweng mo Baebeleng tsa Basupi ba ga Jehofa. Mme laeborari e e kwa Holong ya Bogosi e na le bontsi jwa dikgatiso tsa bosheng. Gape e ka tswa e na le dithanolo tse di farologaneng tsa Baebele, didikishinare le didirisiwa tse dingwe tsa go dira dipatlisiso tse di ka go solegelang molemo. O gololesegile go dirisa laeborari eno pele ga dipokano le morago ga tsone. Go ka nna ga bo go na le khomputara e e nang le Watchtower Library mo laeboraring ya Holo ya Bogosi. Eno ke thulaganyo ya eleketeroniki e go tsentsweng dikgatiso tsa rona di le dintsi mo go yone, mme e na le karolo e e motlhofo e e ka dirisiwang go batla setlhogo, lefoko kgotsa temana nngwe.
E solegela molemo baithuti ba Pokano ya Botshelo le Bodiredi. O ka nna wa kgona go dirisa laeborari ya Holo ya Bogosi fa o baakanyetsa kabelo ya gago. Laeborari eno e tlhokomelwa ke molebedi wa Pokano ya Botshelo le Bodiredi. O na le boikarabelo jwa go tlhomamisa gore dikgatiso tsa bosheng di gone le gore di rulagantswe sentle. Molebedi wa sekolo kgotsa motho yo o go rutang Baebele a ka go bontsha kafa o ka bonang tshedimosetso e o e batlang ka gone. Le fa go ntse jalo, dibuka tse di mo laeboraring eno ga di a tshwanela go ntshiwa mo Holong ya Bogosi. Ke boammaaruri gore re batla go tlhokomela dibuka tseno mme re se ka ra kwala sepe mo go tsone.
Baebele e tlhalosa gore fa re batla go bona “kitso ya Modimo,” re tshwanetse go ikemisetsa go e batla “jaaka matlotlo a a fitlhegileng.” (Diane 2:1-5) Laeborari ya Holo ya Bogosi e tla go thusa go simolola letsholo la gago la go batla.
Ke didirisiwa dife tsa go dira dipatlisiso tse di leng gone mo laeboraring ya Holo ya Bogosi?
Ke mang yo o ka go thusang go dirisa laeborari eno ka tsela e e tla go solegelang molemo?