Lebokoso la Dipotso
◼ Go tshwanetse ga tsenngwa dikgatiso dife mo laeboraring ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo?
Batho ba Modimo ba neilwe dikgatiso tsa semoya tse dintsi gore di ba solegele molemo. E re ka baboledi ba le bantsi ba se na dikgatiso tseno ka bobone, laeborari ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo kwa Holong ya Bogosi e kgontsha motho go dira dipatlisiso mo dikgatisong tse gongwe a se nang natso. Ka jalo, e tshwanetse go nna le dithanolo tse di farologaneng tsa Baebele, dikgatiso tsa Mokgatlho tsa bosheng, dikhopi tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi, dibolumo tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! le Watch Tower Publications Indexes (ka Seesemane). Mme gape e tshwanetse go nna le dikishinare e e molemo ya sesheng. Fa di le gone, diensaetlopedia, diatlelase kana dibuka tsa ditshupiso tsa thutapuo le tsa hisitori di ka nna molemo. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go tlhokomela thata dikgatiso tse re di neilweng ke “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela.”—Math. 24:45.
Mo makgetlhong a mangwe go ile ga begiwa gore go ile ga tsenngwa dibuka tse di belaetsang mo laeboraring ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Go tla bo go sa tshwanela go akaretsa dibuka tsa ditlhamane, dibuka tsa batshwayadiphoso ba maemo a a kwa godimo ba Baebele kana dibuka tsa filosofi kgotsa tsa bodimona. Laeborari ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo e tshwanetse go nna fela le dibuka tse di tla thusang ba ba e dirisang go nna ba ntse ba gatela pele semoyeng.—1 Tim. 4:15.
Molebedi wa sekolo ke ene a ikarabelelang laeborari eno le fa mokaulengwe mongwe a ka abelwa go mo thusa go e tlhokomela. O tshwanetse go tlhokomela gore laeborari e nne e na le dibuka tsa sesheng, go tla go ntse go tsenngwa dikgatiso tse disha fela fa di sena go nna gone. Buka nngwe le nngwe e tshwanetse go tshwaiwa sentle e kwadilwe leina la phuthego e e leng mo go yone mo khabareng ya yone e e mo teng. Dibuka tseno di tshwanetse go lekolwa ngwaga le ngwaga go bona gore a di tlhoka go baakanngwa kana go emisetswa ka tse disha.
Mongwe le mongwe a ka thusa mo go tlhokomeleng laeborari eno. Dibuka tseno di tshwanetse go tshwarwa le go dirisiwa ka kelotlhoko. Bana ga ba a tshwanelwa go letlwa go tshameka ka tsone le gone ope ga a tshwanela go di tshwaya. Go ka nna ga bewa letshwao le le lebegang sentle go gakolola ba bangwe gore dibuka tseno ga di a tshwanela go ntshiwa mo Holong ya Bogosi.
E re ka go nna go ntse go tlhongwa diphuthego tse disha ka metlha, go ka direga gore dilaeborari dingwe di tlhoke dibuka dingwe. Baboledi bangwe ba ba nang le dikgatiso tsa rona tsa kgalenyana ba ka nna ba akanyetsa go di ntshetsa phuthego e le moneelo. Bagolwane ba ka nna ba batla go otora dibolumo tse di ileng tsa gatisiwa gape tsa Mokgatlho tsa Tora ya Tebelo. Ka go dira jalo, laeborari ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo e tla kgona go thusa botlhe go iponela dikhumo tse di fitlhegileng tsa Lefoko la Modimo tse di nayang motho kitso, botlhale le tlhaloganyo.—Dia. 2:4-6.