Thulaganyo e Ntšha ya Dilaeborari Tsa Diholo Tsa Bogosi
Ka dingwaga di le dintsi jaanong, diphuthego lefatshe ka bophara di ile tsa solegelwa molemo thata ke go dirisa laeborari ya Holo ya Bogosi, e pele e neng e bidiwa laeborari ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Mo nakong e e fetileng, go ne go tsewa go tlhokega gore phuthego nngwe le nngwe e nne le laeborari ya yone. Le fa go ntse jalo, e re ka Diholo di le dintsi Tsa Bogosi jaanong di dirisiwa ke diphuthego tse di fetang e le nngwe, tse dingwe tsa tsone e leng diphuthego tse di buang dipuo di sele, go bonala go le molemo gore go nne le laeborari e le nngwe fela ya Holo ya Bogosi, laeborari e e nang le dibuka tsotlhe tse di tlhokegang, le tse disha, tsa puo nngwe le nngwe e e dirisiwang mo Holong eo ya Bogosi. Mo Diholong Tsa Bogosi tse di nang le diholo tse di fetang e le nngwe, holo nngwe le nngwe e tshwanetse go nna le laeborari ya puo ya setlhopha se se dirisang holo eo.
Go lebeletswe gore thulaganyo eno e tla thusa go dira gore go nne le sebaka se se oketsegileng e bile e tla boloka madi. Mo godimo ga moo, go bonala go kopanya dilaeborari tsa diphuthego tse pedi kgotsa go feta go ka dira gore dilaeborari tseno e nne tse di tokafaditsweng. Fa go kopanngwa dilaeborari tseno, dikhopi tse di oketsegileng tsa dibuka di ka nna tsa bewa mme tsa dirisiwa moragonyana fa go agiwa Diholo Tsa Bogosi tse disha. Fa Holo ya Bogosi e na le khomputara e e nang le Watchtower Library ka CD-ROM, bangwe ba ka nna ba fitlhela sedirisiwa seno se le molemo thata.
Mo laeboraring nngwe le nngwe ya Holo ya Bogosi, mokaulengwe a le mongwe, go ka nna molemo fa e le mongwe wa balebedi ba Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, o tla abelwa go e tlhokomela. O tshwanetse go nna a tsenya dibuka tse disha tse di tshwanetseng go tsenngwa mo laeboraring eno, di tshwailwe ka tsela e e bonalang sentle mo teng gore ke tsa laeborari ya Holo ya Bogosi. Bobotlana gangwe ka ngwaga o tshwanetse go tlhatlhoba laeborari eno go bona gore a e sa ntse e na le dibuka tsotlhe le go tlhomamisa gore dibuka tseno di mo maemong a a siameng. Dibuka tse di tsewang mo dilaeboraring tseno ga di a tshwanela go tswa ka Holo ya Bogosi.
Botlhe ba ba mo phuthegong ba sa ntse ba itumelela go dirisa laeborari ya Holo ya Bogosi. E kete rona ka borona re ka bontsha gore re anaanela thulaganyo eno ka go e tlhokomela le ka go e dirisa go batla “e e leng kitso ya Modimo.”—Dia. 2:5.