Web Site ya Rona ya Semolao —E Dirise go Thusa ba ba Buang Puo e Sele
Mmontshe Saete ya Rona: Mmontshe kafa a ka dirisang lenaane la “Puo ya Saete” go bona saete ka puo ya gagwe. (Dipuo dingwe di na le karolo e e rileng fela ya saete.)
Mmontshe Tsebe ya Ntlha ya Saete ka Puo ya Gagwe: Mmontshe dikgatiso tsa rona tse di mo tsebeng ya ntlha tse di jaaka buka ya Baebele e Ruta Eng? kgotsa pampitshana ya Go Itse Boammaaruri. Tlhopha puo ya mong wa ntlo mo lenaaneng la “Bala ka.”
Dira Gore a Reetse Setlhogo Sengwe: Batla setlhogo se se nang le kgatiso e e rekotilweng ka puo ya gagwe o bo o mo tshamekela sone. Fa o ithuta puo e nngwe, tokafatsa bokgoni jwa gago ka go reetsa kgatiso e e rekotilweng ka puo eo fa o ntse o bala.—Ya kwa go “Dikgatiso/Dibuka le Diboroutšhara” kgotsa “Dikgatiso/Dimakasine.”
Rerela Motho Yo o Sa Utlweng mo Ditsebeng: Fa o kopana le motho yo o sa utlweng mo ditsebeng, mo tshamekele bidio ya puo ya diatla ya kgaolo nngwe ya Baebele, buka, boroutšhara kgotsa pampitshana.—Ya kwa go “Dikgatiso/Puo ya Diatla.”
[Diagram on page 6]
(For fully formatted text, see publication)
Leka go e Dirisa
1 Tobetsa ▸ go tshameka kgatiso e e rekotilweng e o e tlhophileng (fa e le teng ka puo ya gago) kgotsa tobetsa nngwe ya dikonopo tsa “Tse o ka di Itseelang” gore o itseele kgatiso eo.
2 Tlhopha puo e nngwe mo lenaaneng la “Bala ka” go bona tsebe eno ka puo eo.
3 Tobetsa “E e Latelang” kgotsa link ya “Diteng” go bala setlhogo kgotsa kgaolo e nngwe.