Web Site ya Rona ya Semolao—E Diretswe go Solegela Rona le ba Bangwe Molemo
Jesu o laetse gore re rere dikgang tse di molemo tsa Bogosi “mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.” (Math. 24:14) Go re thusa go ‘wetsa bodiredi jwa rona ka botlalo,’ watchtower.org, jw-media.org le jw.org di kopantswe mme tsa tsenngwa mo atereseng e e dirilweng bosha ya Internet ya jw.org/tn.—2 Tim. 4:5.
‘Lefatshe Lotlhe le le Nang le Banni’: Mo e batlang e le nngwetharong ya baagi ba lefatshe e dirisa Internet. E setse e le selo se se dirisiwang thata ke batho ba le bantsi go bona tshedimosetso, segolobogolo basha. Saete ya rona e naya batho ba ba dirisang Internet dikarabo tse di boammaaruri tsa dipotso tsa Baebele. E dira gore batho ba itse phuthego ya ga Jehofa e bile e dira gore go nne motlhofo gore ba kope thuto ya legae ya Baebele. E dira gore dikgang tse di molemo di fitlhe kwa mafelong mangwe mo lefatsheng a kwa go one batho ba se nang ditshono tse dintsi tsa go utlwa molaetsa wa Bogosi.
‘Ditšhaba Tsotlhe’: E le gore re neele bosupi mo “ditšhabeng tsotlhe,” re tshwanetse go rera boammaaruri jwa Baebele ka dipuo tse di farologaneng. Go motlhofo gore batho ba ba tsenang mo go jw.org/tn ba bone tshedimosetso ka dipuo di ka nna 400, go feta mo saeteng epe fela e nngwe.
E Dirise ka Botlalo: Saete e e dirilweng bosha ya jw.org/tn ga e a direlwa fela go neela bosupi mo bathong ba e seng badumedi. Gape e diretswe go dirisiwa ke Basupi ba ga Jehofa. Fa o kgona go tsena mo Internet, re go kgothaletsa gore o itlwaetse go dirisa jw.org/tn. Dikakantsho tse di latelang di bontsha kafa re ka e dirisang ka gone.
[Diagram on page 3]
(For fully formatted text, see publication)
Leka go e Dirisa
1 Tsenya www.pr418.com/tn mo phatlheng ya aterese ya Internet browser mo khomputareng ya gago.
2 Tobetsa karolo ya ditlhogo, menu le di-link go bona saete.
3 Leka go dirisa jw.org/tn mo sedirisiweng sepe fela se o nang le sone sa ileketeroniki se se nang le Internet. Tsebe ya saete e dirilwe ka tsela e e ka kgonang go lekana le mo sekerineng se sennye, mme tshedimosetso e a tshwana.