Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka December 30, 2013. Letlha le ntlha nngwe le nngwe e sekasekilweng ka lone le akareditswe e le gore go dirwe patlisiso fa go baakanyediwa sekolo beke nngwe le nngwe.
1. Ke eng se se tla re thusang go bontsha bonolo fa re dirisana le balaodi ba puso? (Tito 3:2) [Nov. 4, w03 4/1 ts. 25 ser. 18-19]
2. Re ka ithuta eng mo mafokong a Paulo a neng a a bolelela Filemone jaaka a kwadilwe mo go Filemone 4, 5 le 7? [Nov. 4, w08 10/15 ts. 31 ser. 1, 2; w92 4/15 ts. 25 ser. 2]
3. Re tsena jang mo boikhutsong jwa Modimo? (Baheb. 4:9-11) [Nov. 11, w11 7/15 ts. 27-28 ser. 16, 17]
4. Re ka ithuta eng mo go Samuele le baatlhodi le baporofeti ba ba ikanyegang ba ba neng ba diragatsa “tshiamo”? (Baheb. 11:32, 33) [Nov. 18, w11 1/1 ts. 25 ser. 5, 6]
5. Ke eng fa Jakobe a ile a re “botlhale jo bo tswang kwa godimo sa ntlhantlha bo itshekile, go tswa foo bo na le kagiso”? (Jak. 3:17) [Nov. 25, w11 8/15 ts. 30-31 ser. 15]
6. “Baswi” ba ba neng ‘ba bolelelwa dikgang tse di molemo’ e ne e le bomang? (1 Pet. 4:6) [Dec. 2, w08 11/15 ts. 21 ser. 7]
7. Go ya ka 1 Johane 2:7, 8, Johane o bua ka taelo efe a re e “kgologolo” gape e “ntšha”? [Dec. 9, w08 12/15 ts. 27 ser. 6]
8. Leina la “Alefa le Omega” le la “wa Ntlha le wa Bofelo” a kaya bomang? (Tshen. 1:8, 17) [Dec. 16, w09 1/15 ts. 30 ser. 6]
9. Bakeresete ba ba tloditsweng ba ‘tshwaiwa’ ka ditsela dife tse pedi? (Tshen. 7:3) [Dec. 23, w07 1/1 ts. 31 ser. 1]
10. Ke eng fa re ka tlhomamisega fela thata gore masego a a boleletsweng pele a puso ya Bogosi a tla diragala, mme go itse seno go tshwanetse ga re ama jang? (Tshen. 21:5, 6) [Dec. 30, re ts. 303 ser. 9]