Dikitsiso
◼ Kgatiso e e tsamaisiwang ka December: Totatota Baebele e Ruta Eng? kgotsa A o Ka Rata go Itse Boammaaruri? Fa motho a bontsha kgatlhego, mmontshe kafa thuto ya Baebele e tshwarwang ka teng o dirisa buka ya Baebele e Ruta Eng? kgotsa boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! January le February 2014: Tsamaisa boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! kgotsa boroutšhara bope fela jo bo tsamaisiwang mo tshimong jo bo ka tswang bo le teng mo setokong sa phuthego. Fa o dira maeto a go boela, tsamaisa buka ya Baebele e Ruta Eng? kgotsa fa o bona go tshwanela go ya ka se motho a se tlhokang, o ka mo naya boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! kgotsa jwa Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri o bo o leka go simolola thuto ya Baebele. March le April 2014: Makasine wa Tora ya Tebelo le wa Tsogang! Fa o dira maeto a go boela, tsamaisa buka ya Baebele e Ruta Eng? kgotsa fa o bona go tshwanela go ya ka se motho a se tlhokang, o ka mo naya boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! kgotsa jwa Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri o bo o leka go simolola thuto ya Baebele.
◼ Segopotso sa 2015 se tla tshwarwa ka Labotlhano, April 3, 2015.
◼ Re itumelela go bega gore diphuthego di le pedi di ne tsa itumelela go neelwa ga Diholo Tsa Bogosi tse disha. Limpopo: Bakenberg. Mpumalanga: Nu-Ermelo.
◼ Letsholo la tshimo e e sa abiwang la 2014 le tla nna ka kgwedi ya March, April le May. Bagolwane ba kgothalediwa gore ba dire dithulaganyo tsa bofelo go sa le gale le go tlhomamisa gore baboledi ba bolelelwa gore tiro ya tshimo e e sa abiwang e tla simololwa leng le gore e tla dirwa kae.
◼ Batsadi ba kgothalediwa go dirisa dikakantsho tse di mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya July 2013, tsebe 4, ka nako ya kobamelo ya lelapa go thusa bana ba bone go ipaakanyetsa dikgwetlho tse ba tla lebanang le tsone mo ngwageng o mosha wa sekolo.