Thulaganyo ya Beke ya Motsheganong 5
BEKE E E SIMOLOLANG KA MOTSHEGANONG 5
Pina 33 le Thapelo
Thuto ya Baebele ya Phuthego:
cl kgao. 6 ¶16-21, lebokose le le mo ts. 65 (30 mets.)
Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Ekesodo 23-26 (10 mets.)
No. 1: Ekesodo 25:1-22 (4 mets. kgotsa kwa tlase)
No. 2: Ga go Na Pego Epe ya Baebele e e Bontshang Gore Adame O ne A Boloka Letsatsi la Sabata—rs ts. 340 ¶4–ts. 341 ¶2 (5 mets.)
No. 3: Aborahame—Botshelo Jwa ga Aborahame Jwa Kwa Tshimologong ke Sekao sa Tumelo—it-1 ts. 28-29 ¶3, kgotsa kgatiso epe fela (5 mets.)
Pokano ya Tirelo:
10 mets: Go Tsamaisa Dimakasine ka Motsheganong. Motlotlo. Simolola ka go dira gore go dirwe pontsho ya kafa dimakasine di ka tsamaisiwang ka teng, go dirisiwa dikai tsa puisano tse pedi tse di mo tsebeng eno. Go tswa foo, sekaseka dikai tsa puisano go tswa kwa tshimologong go fitlha kwa bofelong. Konela ka go kgothatsa botlhe ka bokhutshwane gore ba itlwaelanye le dimakasine le go nna le seabe ka matlhagatlhaga go di tsamaisa.
10 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.
10 mets: Re Dirile Jang? Motlotlo. Kopa bareetsi gore ba akgele malebana le gore ba ile ba solegelwa molemo jang ke karolo e e reng “Go Tokafatsa Bokgoni jwa Rona mo Bodireding—Go Thusa Motho yo o Tsamayang le Ene.” Kopa bareetsi gore ba anele maitemogelo a a molemo.
Pina 103 le Thapelo