Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka Seetebosigo: Totatota Baebele e Ruta Eng? kgotsa nngwe ya dipampitshana tse di latelang: O Leba Baebele Jang?, O Leba Isagwe Jang?, Ke Eng se se Dirang Gore Botshelo Jwa Lelapa bo Itumedise?, Ke Mang Tota yo o Laolang Lefatshe?, kgotsa A Pogo e Tla Fela? Phukwi: Tsamaisa boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! kgotsa boroutšhara bope fela jo bo tsamaisiwang mo tshimong jo bo ka tswang bo le teng mo setokong sa phuthego. Phatwe: Pampitshana ya Re ka Bona Kae Dikarabo Tsa Dipotso Tse di Botlhokwa ka Botshelo?
◼ Go simolola ka ditlelase tse di tla tshwarwang go ela kwa bofelong jwa ngwaga wa tirelo wa 2014, Sekolo sa Tirelo ya Bobulatsela se tla tsaya malatsi a le marataro, Mantaga go fitlha Matlhatso.
◼ Re itumelela go bega gore go neetswe Diholo Tsa Bogosi tse disha di le supa. Eastern Cape: Butterworth Central, Nqamakwe. Gauteng: Cosmo English, Simunye-Westonaria. Limpopo: Schoonoord. Mpumalanga: Nhlazatshe. Western Cape: Zwelihle.