Dintlhakgolo Tsa Tirelo ya Tshimo
Pego ya tirelo ya tshimo ya Sedimonthole e bontsha gore baboledi ba ba mo tshimong e e tlhokometsweng ke lekala la rona ba dirile ka natla tota mo bodireding. Afrika Borwa e begile tlhora e ntšha ya diboroutšhara, dibukana le dipampitshana di le 974 302. Botswana e begile dithuto tsa Baebele di le 4 015 fa di bapisiwa le di le 3 597 ka Sedimonthole 2012. Lesotho e begile diura di le 83 567 tse di dirisitsweng mo bodireding fa di bapisiwa le di le 77 042 ka Sedimonthole 2012. Namibia e begile diboroutšhara, dibukana le dipampitshana di le 32 771. St. Helena e begile dithuto tsa Baebele di le 81 mme Swaziland e begile di le 3 876. Re a lo akgola bakaulengwe le bokgaitsadi! Tswelelang fela jalo lo anamisa dikgang tse di molemo mo tshimong e lo e abetsweng!—Dit. 5:28.