LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/14 ts. 1
  • Thulaganyo ya Beke ya Phatwe 11

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Beke ya Phatwe 11
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
  • Ditlhogwana
  • BEKE E E SIMOLOLANG KA PHATWE 11
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2014
km 8/14 ts. 1

Thulaganyo ya Beke ya Phatwe 11

BEKE E E SIMOLOLANG KA PHATWE 11

Pina 71 le Thapelo

Thuto ya Baebele ya Phuthego:

cl kgao. 11 ¶9-16 (30 mets.)

Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:

Mmalo wa Baebele: Dipalo 7-9 (10 mets.)

No. 1: Dipalo 9:9-23 (4 mets. kgotsa kwa tlase)

No. 2: Fa Motho a Bolokilwe ga go Kaye Gore o Boloketswe Ruri—rs ts. 332 ¶1-4 (5 mets.)

No. 3: Akane—Go Utswela Modimo go Baka Ditlamorago Tse di Botlhoko—it-1-E ts. 41, kgotsa kgatiso epe fela (5 mets.)

Pokano ya Tirelo:

Pina 107

5 mets: “1914-2014: Dingwaga di le Lekgolo Tsa Bogosi Jwa Modimo!” Motlotlo. Bala serapa se se kwa godimo mo tsebeng eno. Pokano ya Tirelo ya kgwedi eno e tla bua thata ka Bogosi. Boeletsa dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo tsa phuthego ya lona.

10 mets: “Dirisa Pampitshana e Ntšha ya Web Site.” Tlotla ka tshedimosetso ya pampitshana eno. Dira gore go dirwe pontsho e mo go yone mmoledi a tsamaisetsang motho pampitshana a bo a dirisa sedirisiwa sa gagwe sa ileketeroniki go mmontsha Web site ya jw.org.

15 mets: “Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Buelela Bogosi ka Bopelokgale.” Motlotlo. Rulaganya gore baboledi ba babedi ba dire pontsho eno e e latelang: Mmoledi o mo moleng kwa lebenkeleng. Motho yo o bapileng le ene o leba makasine wa dikgang a bo a re: “Lefatshe leno le tlhakatlhakane! Mongwe le mongwe o akanya gore o na le dikarabo, mme dilo di senyegela pele.” Mmoledi o bua a le nosi: ‘Ke tshwanetse go bua sengwe. Ke tshwanetse go ipeta pelo mme ke buelele Bogosi!’ Mmoledi a re: “Ke boammaaruri—dikgang tse di bosula di aname. Mme a nka go naya pampitshana eno? Web site e go buiwang ka yone mono e nthusitse go bona dikarabo tsa dipotso tsa botlhokwa ka botshelo.” Mmoledi o gatelela ntlha e le nngwe mo pampitshaneng eno mme motho yoo o bontsha kgatlhego.

Pina 92 le Thapelo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela