Dirisa jw.org mo Bodireding
Web site ya rona ke sedirisiwa sa botlhokwa se se re thusang go anamisa dikgang tse di molemo “go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Dit. 1:8) Ga go motlhofo gore bontsi jwa beng ba matlo ba bone jw.org ka bobone. Go na le moo, ba simolola go itse ka yone fela fa mmoledi a sena go ba bontsha yone. Le fa go ntse jalo, pele o dirisa sedirisiwa sa gago sa ileketeroniki mo bodireding sekaseka gore a ga go kotsi go dira jalo. Nna kelotlhoko mo mafelong a a tletseng bokebekwa. Fa o se na sedirisiwa sa ileketeroniki, o ka kopa mong wa ntlo ka botlhale gore o mmontshe jw.org mo sedirisiweng sa gagwe.
Molebedi yo o etang o tsentse bidio ya Ke Eng fa o Tshwanetse go Ithuta Baebele? mo founong ya gagwe gore a e bontshe batho fa tshono e tlhaga. Ka sekai, fa a rera ka ntlo le ntlo, o bua jaana: “Ke etela batho ka bokhutshwane go ba bontsha dikarabo tsa dipotso tse tharo tsa botlhokwa: Goreng go na le mathata a kana kana mo lefatsheng? Modimo o tla a rarabolola jang? Le gore re ka lebana le one jang gompieno? Bidio eno e khutshwane e tlotla ka dipotso tseno.” Go tswa foo o tshameka bidio a bo a leba gore mong wa ntlo o tsiboga jang. Bidio eno e ngoka thata jaana mo batho ba le bantsi ba e lebang go fitlha kwa bokhutlong. Go tswa foo molebedi yo o etang a re: “O sa tswa go utlwa gore o ka kopa thuto ya Baebele mo Internet. Mme e re ka ke le fano, nka go bontsha gore e tshwarwa jang.” Fa mong wa ntlo a dumela, o mmontsha gore thuto e tshwarwa jang a dirisa boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo. Fa mong wa ntlo a tshwaregile, o rulaganya go dira jalo fa a boela kwa go ene. Fa a ikhutsa go se kae kwa lebenkeleng la kofi, o bolelela motho yo a bapileng le ene se se tshwanang fa a sena go simolola motlotlo o o botsalano. A o dirisa jw.org mo bodireding?