LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/15 ts. 4
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2015
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2015
km 12/15 ts. 4

Dikitsiso

◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka December: Totatota Baebele e Ruta Eng? kgotsa nngwe ya dipampitshana tseno tse di latelang: A Tota Baswi ba ka Tshela Gape?, O Leba Baebele Jang?, O Leba Isagwe Jang?, Ke Eng se se Dirang Gore Botshelo Jwa Lelapa bo Itumedise?, Bogosi Jwa Modimo ke Eng?, Ke Mang Tota yo o Laolang Lefatshe? le A Pogo e Tla Fela? January le February 2016: Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! kgotsa Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri. March le April: Makasine wa Tora ya Tebelo le Tsogang!

◼ Segopotso sa ngwaga wa 2017 se tla nna ka Labobedi, April 11, 2017.

◼ Re itumelela go lo itsise gore baithuti ba tlelase ya bobedi ya Sekolo sa Baboledi ba Bogosi ba alogile ka Sontaga, July 26, 2015. Go tla go fitlha ga jaana, go alogile baithuti ba le 48 go akaretsa le bokgaitsadi ba ba sa nyalwang ba le banè ba ba neng ba le mo tlelaseng ya bobedi. Mo baithuting bao ba ba 48, ba le 24 ba direla e le babulatsela ba ba kgethegileng, ba le 20 ke babulatsela ba ba kgethegileng ba nakwana, ba le babedi ke babulatsela ba ka metlha, ba bangwe ba babedi ke maloko a legae la Bethele. Re lebile pele go nna le baithuti ba ba oketsegileng mo sekolong seno se se rutang batho ka Modimo.

◼ Re itumelela go lo itsise ka Diholo Tsa Bogosi tse thataro tse disha tse di neetsweng. Eastern Cape: Flagstaff. Gauteng: Jabavu. Mpumalanga: Mangweni le Masibekela. Swaziland: Big Bend le Phuzumoya.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela