LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/15 ts. 3
  • Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2015
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2015
km 12/15 ts. 3

Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo

Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka December 28, 2015. Letlha le ntlha nngwe le nngwe e sekasekilweng ka lone le akareditswe e le gore go dirwe patlisiso fa go baakanyediwa sekolo beke nngwe le nngwe.

  1. A Dafide o ne a tshwara magolegwa a gagwe setlhogo, jaaka bangwe ba dumela jalo go ya ka 1 Ditiragalo 20:3? [Nov. 2, w05 2/15 ts. 27]

  2. Ke eng se se neng sa dira gore Dafide a nne pelotshweu mme ke eng se se ka re thusang gore le rona re mo etse? (1 Ditir. 22:5) [Nov. 9, w05 10/1 ts. 11 ser. 7]

  3. Dafide o ne a kaya eng fa a ne a raya Solomone a re: “Itse Modimo wa ga rrago”? (1 Ditir. 28:9) [Nov. 16, w10 11/1 ts. 30 ser. 3, 7]

  4. Kopo ya ga Solomone e e mo go 2 Ditiragalo 1:10 e senola eng ka ene, mme re tla lemoga eng fa re sekaseka dithapelo tsa rona? (2 Ditir. 1:11, 12) [Nov. 23, w05 12/1 ts. 19 ser. 5]

  5. Go ya ka 2 Ditiragalo 6:29, 30, ke bokgoni bofe jo bo kgethegileng jo Jehofa a nang le jone, mme ke eng fa re tshwanetse go mmulela mafatlha fa re mo rapela? (Pes. 55:22) [Nov. 30, w10 12/1 ts. 11 ser. 7]

  6. Ke eng fa Asa a ile a rapela Jehofa gore a mo thuse go fenya masole a mantsintsi, mme rona re ka tlhomamisega ka eng mo ntweng e re e lwang kgatlhanong le Satane le batho ba gagwe? (2 Ditir. 14:11) [Dec. 7, w12 8/15 ts. 8 ser. 6–ts. 9 ser. 1]

  7. Tsela e Jehofa a ileng a dirisana le Kgosi Jehoshafate ka yone fa a sena go leofa, e re tlhomamisetsa eng ka lorato lwa Modimo, mme seno se tshwanetse go ama jang tsela e re dirisanang le ba bangwe ka yone? (2 Ditir. 19:3) [Dec. 14, w03 7/1 ts. 17 ser. 13; cl ts. 244 ser. 12]

  8. Ke eng fa re tshwanetse go ‘ema mo maemong a rona’ mme re ka dira seo jang gompieno? (2 Ditir. 20:17) [Dec. 21, w05 12/1 ts. 21 ser. 2; w03 6/1 ts. 21 ser. 15-16]

  9. Ke ntlha efe e e masisi e re e lemogang mo go 2 Ditiragalo 21:20 malebana le loso lwa ga Jehorame? [Dec. 21, w98 11/15 ts. 32 ser. 4]

  10. Go ya ka 2 Ditiragalo 26:5, ke mang yo o thusitseng Usia fa a ne a le mosha mme Bakeresete ba ba godileng ba ka thusa jang basha mo diphuthegong gompieno? [Dec. 28, w07 12/15 ts. 10 ser. 2, 4]

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela