LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb17 March ts. 7
  • Baiseraele ba Ile ba Lebala Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baiseraele ba Ile ba Lebala Jehofa
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ela Tlhoko Gore o se Nne le Pelo e e Boferefere
    Modimo o Bua le Rona ka Jeremia
  • Jeremia—Moperofeti yo o sa Rategeng wa Dikatlholo tsa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Buka ya Bibela ya bo 24—Yeremia
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • “Ke Tsentse Mafoko A me Mo Molomong wa Gago”
    Modimo o Bua le Rona ka Jeremia
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
mwb17 March ts. 7

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JEREMIA 12-16

Baiseraele ba Ile ba Lebala Jehofa

Jehofa o ne a naya Jeremia kabelo e e thata go mmontsha tsela e ka yone a neng a ikemiseditse go kgaogana le batho ba ba tlhogoethata ba kwa Juda le Jerusalema.

Jeremia a tsaya loeto go tswa kwa Jerusalema go ya kwa Nokeng ya Euferatese a bo a boa

Jeremia o ne a ya go ipatlela moitlamo wa leloba

13:1, 2

  • Moitlamo o o bofeletsweng mo lethekeng o ne o tshwantshetsa kamano e Baiseraele ba neng ba ka nna le yone le Jehofa

Jeremia o ne a isa moitlamo kwa Nokeng ya Euferatese

13:3-5

  • O ne a ya go o fitlha mo lefikeng a bo a boela kwa Jerusalema

Jeremia o ne a boela kwa Nokeng ya Euferatese go ya go tsaya moitlamo

13:6, 7

  • Moitlamo o ne o le makgasa

Fa Jeremia a sena go diragatsa kabelo ya gagwe, Jehofa o ne a mo tlhalosetsa lebaka la go bo a mo e neile

13:8-11

  • Jehofa o ile a kgona go fitlhelela dipelo tsa batho ba gagwe ka gonne Jeremia a ile a ikobela Modimo le fa kabelo e a neng a e neilwe e ne e lebega e se botlhokwa go le kalo

A O NE O ITSE?

Go tswa Jerusalema go ya Nokeng ya Euferatese e ne e le sekgala sa dikilometara di ka nna 500. Seo se raya gore loeto lotlhe lo Jeremia a lo tsamaileng ka maoto ke sekgala sa dikilometara di ka nna 2 000, mme loeto loo lo ka tswa lo mo tsere dikgwedi.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela