LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp20 no. 3 ts. 14-15
  • O ka Nna le Masego a a Tswang Kwa Modimong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ka Nna le Masego a a Tswang Kwa Modimong
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2020
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O ne a Rata Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Dikgakgamatso Tsa ga Jesu—O ka Ithuta Eng mo Go Tsone?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Re Ithuta Eng mo Dikgakgamatsong Tsa ga Jesu?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Keresete—Maatla a Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2020
wp20 no. 3 ts. 14-15
Batho ba ditso tse di farologaneng ba itumelela go nna mmogo mo lefatsheng la paradaise.

“Lefatshe ka bolone ruri le tla ntsha kungo ya lone; Modimo, Modimo wa rona, o tla re segofatsa.”—PESALEMA 67:6

O ka Nna le Masego a a Tswang Kwa Modimong

Modimo o ile a solofetsa moporofeti Aborahame gore ditlogolwana tsa gagwe di ne di tla tlisa masego mo “setšhaba sotlhe sa lefatshe.” (Genesise 22:18) Go ne go buiwa ka mang?

Dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng, Modimo o ile a naya setlogolwana sa ga Aborahame e leng Jesu maatla a go dira dikgakgamatso. Seno se ne se bontsha gore se Modimo a ileng a se solofetsa Aborahame se ne se tla diragadiwa ka Jesu.—Bagalatia 3:14.

Dikgakgamatso tse Jesu a neng a di dira di ne di thusa batho go bona gore ke ene yo Modimo a mo tlhophileng gore a tlisetse batho masego.Gape di ne di bontsha dingwe tsa dinonofo tse a nang le tsone.

Bonolo—Jesu o ne a fodisa ba ba lwalang.

Nako nngwe fa molepero a ne a kopa Jesu gore a mo fodise, Jesu o ile a mo kgoma a bo a mo raya a re: “Ke a batla!” Mme monna yoo o ile a fola.—Mareko 1:40-42.

Bopelotshweu—Jesu o ne a fepa ba ba tshwerweng ke tlala.

Jesu o ne a sa batle gore batho ba bolawe ke tlala. Nako nngwe o ile a fepa batho ba le bantsi. (Mathaio 14:17-21; 15:32-38) Batho ba ne ba ja ba bo ba kgora, mme go ne ga sala dijo tse dingwe gape.

Kutlwelobotlhoko—Jesu o ne a tsosa baswi.

Fa mosadi mongwe wa motlholagadi a ne a tlhokafaletswe ke morwawe, Jesu o ne a mo “tlhomogela pelo” mme a tsosa ngwana wa gagwe.—Luke 7:12-15.

KE MASEGO AFE A RE TLA ITUMELELALANG ONE MO LEFATSHENG?

Jesu o setse a re bontshitse gore Modimo o na le maatla a go re tlisetsa masego a le mantsi. Go ise go ye kae, Modimo o tla boa gape a dirisa Jesu go dira dikgakgamatso tse di fetang tse a ileng a di dira mo nakong e e fetileng!

Re tla bo re tshela jang fa Modimo a diragatsa ditsholofetso tse a ileng a di solofetsa Aborahame. Ba ba reetsang ditaelo tsa Modimo le ba ba mo ratang “ba tla rua lefatshe” mme ba tla nna le “boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.” (Pesalema 37:11) “Loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.”—Tshenolo 21:4.

Tota ke lengwe la masego a magolo go tshelela ruri mo lefatsheng! Go na le masego a mantsi a Bogosi Jwa Modimo bo tlileng go re tlisetsa one. Tsena mo www.jw.org/tn mme o ithute ka mangwe a masego ao.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela