LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp20 no. 3 ts. 13
  • Ba ba Thusang ba ba Tlhokang ba Tla Segofadiwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba ba Thusang ba ba Tlhokang ba Tla Segofadiwa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2020
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • DIKWALO TSE DI BOITSHEPO TSONE TSA RENG?
  • GO THUSA BA BA TLHOKANG GO KAYA ENG?
  • Tswelela Pele o Tshegetsa Bomorwarraagwe Keresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Ithute mo Setshwantshong sa Ditalenta
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • A o Amogela Thuso e e Tswang Kwa go Jehofa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Tharabololo Ya go Se Batle go Itshokela Ditso Tse Dingwe ke Efe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2020
wp20 no. 3 ts. 13
Monna mongwe o dirisa mmapa go bontsha yo mongwe tsela.

A o ka thusa ba bangwe go sa kgathalasege gore ba tswa kae, ke ba bodumedi bofe kgotsa ba na le dingwaga tse kae?

Ba ba Thusang ba ba Tlhokang ba Tla Segofadiwa

Batho ba le bantsi gompieno ba tlhoka dijo e bile ga ba na ko ba ka robalang teng. Batho bangwe ga ba akanye gore go tla tsamaya go nna botoka. Modimo o tla re segofatsa jang fa re thusa batho ba ba tlhokang?

DIKWALO TSE DI BOITSHEPO TSONE TSA RENG?

“Yo o utlwelang motho wa maemo a a kwa tlase botlhoko o adima Jehofa, mme O tla duela tsela e a neng a mo tshwere ka yone.”—DIANE 19:17.

GO THUSA BA BA TLHOKANG GO KAYA ENG?

Jesu o ile a bua ka monna mongwe yo o neng a tlhasetswe ke magodu a bo a mo tlogela gore a swe. (Luke 10:29-37) Monna mongwe o ne a ema, a bo a thusa monna yono yo o neng a gobetse botlhoko. O ile a dira seno le fa gone ba ne ba sa tswe mo lotsong lo lo tshwanang.

Monna yono o ile a mo direla sengwe le sengwe se a neng a se tlhoka, a bo a mo gomotsa le go mo kgothatsa.

Jesu o batla gore re ithute eng mo sekaing seno? O batla gore re dire sotlhe se re ka se kgonang go thusa ba bangwe. (Diane 14:31) Dikwalo Tse di Boitshepo di bontsha gore mo nakong e e sa fediseng pelo, Modimo o tlile go fedisa dilo tsotlhe tse di re utlwisang botlhoko. Mme gone re ka ipotsa gore, Modimo o tlile go dira seo jang le gone leng? Setlhogo se se latelang se tla re bolelela gore ke masego afe a Modimo a tla re nayang one.

“MODIMO GA A ISE A KO A TSAMAYE A NTATLHE”!

Go buile jalo monna mongwe wa kwa Gambia

“Fa ke ne ke goroga mo Yuropa, ke ne ke sa bereke, ke sena madi e bile ke sena ko nka robalang gone. Dikwalo Tse di Boitshepo di nthusitse gore ke se ka ka nna botswa mme ke nne motho yo o berekang ka thata le yo o thusang batho ba bangwe gona le gore ke nne fela ke ntse ke kopa thuso mo bathong. Modimo ga a ise a tsamaye a ntatlhe mme o nna a ntse a nthusa ka metlha!”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela