Kgaitsadi o rera a se mo bodireding kwa South Korea
Se re Ka se Buang mo Bodireding
●○○ LOETO LWA NTLHA
Potso: Modimo o ikutlwa jang ka batho ba batlang go mo itse?
Temana: 1Pe 5:6, 7
Potso e lo ka tlotlang ka yone fa o boa: A Modimo o re tsaya re le botlhokwa?
○●○ FA O BOA LEKGETLO LA NTLHA
Potso: A Modimo o re tsaya re le botlhokwa?
Temana: Mat 10:29-31
Potso e lo ka tlotlang ka yone fa o boa: Re itse jang gore Modimo o a re kgathalela?
○○● FA O BOA LEKGETLO LA BOBEDI
Potso: Re itse jang gore Modimo o a re kgathalela?
Temana: Pes 139:1, 2, 4
Potso e lo ka tlotlang ka yone fa o boa: Lorato lwa Modimo lo ka re thusa jang?