MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JOHANE 5-6
Sala Jesu Morago ka Pelo Yotlhe
Nako nngwe fa Jesu a ruta o ile a dirisa sekai sengwe se se neng sa kgopisa bangwe ba barutwa ba gagwe ka gonne ba ne ba sa se tlhaloganye mme ba tlogela go mo sala morago. Pele ga moo, fa Jesu a ne a ba fepa ka kgakgamatso o ne a ba bontsha gore o dira jalo ka maatla a Modimo. Jaanong ke eng se se neng se ba kgopisitse? Go lebega ba ne ba sala Jesu morago ka gonne ba lebeletse gore a ba neye sengwe.
Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go ipotsa jaana: ‘Goreng ke sala Jesu morago? A ke dira jaana ka ntlha ya go bo Jehofa a ntshegofatsa le ka ntlha ya masego a a larileng kwa pele? Kgotsa ke dira jaana ka gonne ke rata Jehofa e bile ke batla go mo itumedisa?’
Ke eng fa go ka nna motlhofo gore o kgotswe fa o direla Jehofa ka mabaka ano fela?
O rata go fetsa nako e ntsi le batho ba Modimo
O batla go tshela kwa Paradaiseng