Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi
NOVEMBER 5-11
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JOHANE 20-21
“A o Nthata go Feta Tseno?”
(Johane 21:1-3) Morago ga dilo tseno Jesu a iponatsha gape kwa barutweng kwa lewatleng la Tiberia; me a bonala ka tsela eno. 2 Simone Petere le Thomase, yo o neng a bidiwa Lewelana, le Nathanaele yo o tswang kwa Kana wa Galalea le bomorwa Sebede le ba bangwe ba babedi ba barutwa ba gagwe ba ne ba le mmogo. 3 Simone Petere a ba raya a re: “Ke ya go tshwara ditlhapi.” Ba mo raya ba re: “Le rona re ya le wena.” Ba tswa mme ba palama mokoro, mme mo bosigong joo ba se ka ba tshwara sepe.
(Johane 21:4-14) Le fa go ntse jalo, fela fa go ne go nna moso, Jesu a ema fa lotshitshing, mme legale, barutwa ba se ka ba lemoga gore e ne e le Jesu. 5 Mme Jesu a ba raya a re: “Bana ba ba botlana, ga lo na sepe se se jewang, ga ke re?” Ba mo araba ba re: “Nnyaa!” 6 A ba raya a re: “Latlhelang letlowa kafa mojeng wa mokoro mme lo tla bona dingwe.” Foo ba le latlhela, mme ba se ka ba tlhola ba kgona go le gogela mo teng ka ntlha ya ditlhapi tse dintsi. 7 Jalo morutwa yole yo Jesu a kileng a bo a mo rata a raya Petere a re: “Ke Morena!” Ka gone Simone Petere, fa a utlwa gore e ne e le Morena, a ikgatlha ka seaparo sa gagwe sa fa godimo, gonne o ne a sa ikatega, mme a thabuela mo lewatleng. 8 Mme barutwa ba bangwe ba tla ba le mo mokorwaneng, gonne ba ne ba se kgakala le lefatshe, e le fela mo e ka nnang dimitara di le masome a le robongwe go tloga foo, ba goga letlowa la ditlhapi. 9 Le fa go ntse jalo, e rile ba fologela mo lefatsheng ba tswa mo mokorong ba bona fa fatshe foo molelo wa malatlha le tlhapi e le mo godimo ga one le senkgwe. 10 Jesu a ba raya a re: “Tlisang dingwe tsa ditlhapi tse lo sa tswang go di tshwara gone fela jaanong.” 11 Jalo, Simone Petere a palama mme a gogela letlowa kwa lefatsheng le tletse ditlhapi tse dikgolo, di le lekgolo le masome a matlhano le boraro. Mme le mororo di ne di le dintsi thata jalo letlowa la se ka la gagoga. 12 Jesu a ba raya a re: “Tlang, jang sefitlholo sa lona.” Go ne go se le fa e le a le mongwe wa barutwa yo o neng a na le bopelokgale jwa go mmotsa a re: “O mang?” ka gonne ba ne ba itse gore e ne e le Morena. 13 Jesu a tla mme a tsaya senkgwe a ba a se ba naya, le tlhapi ka tsela e e tshwanang. 14 Leno jaanong e ne e le lekgetlo la boraro le Jesu a neng a bonala mo barutweng morago ga go tsosiwa ga gagwe mo baswing.
(Johane 21:15-19) E rile, jaanong, ba sena go fitlhola, Jesu a raya Simone Petere a re: “Simone morwa Johane, a o nthata go feta tseno?” A mo raya a re: “Ee, Morena, o a itse gore ke a go rata.” A mo raya a re: “Fudisa dikwanyana tsa me.” 16 Gape a mo raya lekgetlo la bobedi a re: “Simone morwa Johane, a o a nthata?” A mo raya a re: “Ee, Morena, o a itse gore ke a go rata.” A mo raya a re: “Disa dinkunyana tsa me.” 17 A mo raya lekgetlo la boraro a re: “Simone morwa Johane, a o a nthata?” Petere a hutsafala ka go bo a ne a mo raya lekgetlo la boraro a re: “A o a nthata?” Jalo a mo raya a re: “Morena, o itse dilo tsotlhe; o a lemoga gore ke a go rata.” Jesu a mo raya a re: “Fepa dinku tsa me tse dinnye. 18 Ammaaruri ammaaruri ke a go raya, fa o ne o le mmotlana, o ne o tle o ikgatlhe o bo o tsamayatsamaya fa o neng o batla gone. Mme fa o tsofala o tla otlolola diatla tsa gago mme motho yo mongwe o tla go gatlha mme a go tsholele kwa o sa go eletseng.” 19 Seno o ne a se bua go kaya gore o ne a tla galaletsa Modimo ka loso lwa mofuta ofe. Jalo, e rile a sena go bua seno, a mo raya a re: “Tswelela o ntshale morago.”
dintlha tse di mo go Joh 21:15, 17 mo nwtsty
Jesu a raya Simone Petere a re: Jesu le Petere ba ile ba tlotla morago ga gore Petere a itatole Jesu makgetlo a le mararo. Jesu o ne a botsa Petere dipotso di le tharo tse di neng tsa dira gore ‘Petere a hutsafale.’ (Joh 21:17) Pego ya ga Johane e e mo go Joh 21:15-17 e dirisa mafoko a mabedi a Segerika e leng, a·ga·paʹo le phi·leʹo. Ka Setswana a ranotswe e le, go rata. Jesu o ne a botsa Petere jaana makgetlo a le mararo: “A o a nthata?” Petere o ne a araba Jesu ka go mmolelela gore o a mo rata. Fa Petere a sena go bolelela Jesu gore o a mo rata, Jesu o ne a mmolela gore lorato lo a nang le lone, lo tshwanetse go mo tlhotlheletsa gore a fepe le go “disa” “dinkunyana” kgotsa barutwa ba ga Jesu ka go ba ruta Lefoko la Modimo. (Joh 21:16, 17; 1Pe 5:1-3) Jesu o ne a letla Petere gore a mmolelele makgetlo a le mararo gore o a mo rata, morago ga moo, a bo a mo naya maikarabelo a go tlhokomela dinku tseno. Ka go dira jaana, Jesu o ne a bontsha gore o itshwaretse Petere ka pelo yotlhe.
a o nthata go feta tseno?: Polelwana e e reng, “go feta tseno” e ka tlhaloganngwa ka ditsela tse di farologaneng. Baithuti bangwe ba Baebele ba dumela gore mafoko ano a kaya, “a o nthata go feta kafa o ratang barutwa bano ka gone?” kgotsa “a o nthata go feta tsela e barutwa bano ba nthatang ka yone?” Mme gone, mafoko ano a ka tswa a kaya, “a o nthata go feta dilo tseno.” Fa go buiwa ka “dilo tseno” go tewa ditlhapi tse ba neng ba di tshwara kgotsa dilo tse di neng di amana le kgwebo ya go tshwara ditlhapi. Ka jalo, go lebega mafoko a temana eno a kaya: ‘A o nthata go feta dikhumo? Fa go le jalo, fepa dikwanyana tsa me.’ Le fa gone Petere e ne e le mongwe wa barutwa bantlha ba ga Jesu (Joh 1:35-42), o ne a nna a boela kwa tirong ya gagwe ya go tshwara ditlhapi. Morago ga dikgwedi di le mmalwa, Jesu o ne a raya Petere a re a tlogele kgwebo ya gagwe e kgolo ya go nna motshwari wa ditlhapi ka gonne e ne e mo jela nako mme a mo sale morago gore e nne ‘motshwari wa batho.’ (Mat 4:18-20; Luk 5:1-11) Gape, fa Jesu a sena go swa, Petere o ne a bolelela baaposetoloi ba bangwe gore o ya go tshwara ditlhapi mme ba ne ba tsamaya le ene. (Joh 21:2, 3) Ka jalo, go bonala Jesu a ne a batla gore Petere a dire tshwetso ya gore: A kgwebo ya gagwe ya go tshwara ditlhapi e ne e tla nna yone e tlang pele mo botshelong jwa gagwe kgotsa a o ne a tla dira gore go ruta balatedi ba ga Jesu e nne selo se se tlang pele mo botshelong jwa gagwe?—Joh 21:4-8.
lekgetlo la boraro: Petere o ile a itatola Morena wa gagwe makgetlo a le mararo mme fa ba le mmogo, Jesu o ile a mo naya tshono ya gore a mmolelele gararo gore o ikutlwa jang ka ene. Fa Petere a ntse a bolelela Jesu gore o a mo rata, Jesu o ne a mmolelela gore a bontshe lorato loo ka go dira gore tirelo ya Modimo e nne yone e tlang pele ga dilo tsotlhe mo botshelong jwa gagwe. Jesu o ne a neile Petere mmogo le bakaulengwe ba bangwe maikarabelo a go disa balatedi ba ba ikanyegang ba ga Keresete, go ba nonotsha mo tumelong le go ba fepa. Le fa bakaulengwe bano ba ne ba tloditswe, le bone ba ne ba sa ntse ba tlhoka go fepiwa.—Luk 22:32.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Johane 20:17) Jesu a mo raya a re: “Tlogela go ntlamparela. Gonne ga ke ise ke tlhatlogele kwa go Rara. Mme tsamaya o ye kwa go bomorwarre o ba reye o re, ‘Ke tlhatlogela kwa go Rre le Rraalona le kwa Modimong wa me le Modimo wa lona.’”
ntlha e e mo go Joh 20:17 mo nwtsty
Tlogela go ntlamparela: Lefoko la Segerika haʹpto·mai le ka kaya “go tshwara” kgotsa “go ngaparela.” Dithanolo tse dingwe tsa Baebele di ranola mafoko ano a ga Jesu ka go re: “O se ka wa ntshwara.” Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a sa kgalemelele Marea Magadalena go mo tshwara, ka gonne fa a sena go tsosiwa, ga a a ka a kgalemela basadi bangwe fa ba ne “ba mo tshwara mo dinaong.” (Mat 28:9) Go lebega Marea Magadalena a ne a tshaba gore Jesu o tloga a tlhatlogela kwa legodimong ka yone nako eo. Mme seno se ne sa dira gore a tlamparele Morena wa gagwe. Jesu o ne a mo tlhomamisetsa gore nako ya gagwe ya go ya legodimong ga e ise e tle ka go mo roma gore a ye go bolelela barutwa ba bangwe gore o tsositswe.
(Johane 20:28) Fa Thomase a araba a mo raya a re: “Morena wa me le Modimo wa me!”
ntlha e e mo go Joh 20:28 mo nwtsty
Morena wa me le Modimo wa me!: Baithuti bangwe ba re mafoko ano a ga Thomase a supa gore o ne a gakgametse le gore o ne a bua le Jesu mme tota mafoko ano o ne a a lebisitse kwa Modimong. Ba bangwe bone ba re, ka puo ya Segerika mafoko ano a lebisitswe kwa go Jesu. Le fa go ntse jalo, bokao jwa mafoko a a reng “Morena wa me le Modimo wa me,” a ka tlhaloganngwa botoka fa a bapisiwa le ditemana tse dingwe mo Baebeleng. Pelenyana mo go Joh 20:17, Jesu o ne a romeletse barutwa ba gagwe molaetsa o o reng, “Ke tlhatlogela kwa go Rre le Rraalona le kwa Modimong wa me le Modimo wa lona,” ka jalo, ga go na mabaka a a dirileng gore Thomase a dumele gore Jesu ke Modimo Mothatayotlhe. (Bona ntlha e e mo go Joh 20:17.) Thomase o kile a utlwa Jesu a rapela Rraagwe a mmitsa “Modimo yo o esi wa boammaaruri.” (Joh 17:1-3) Thomase a ka tswa a ne a bitsa Jesu a re “Modimo wa me” ka ntlha ya mabaka a a latelang: O ne a tsaya Jesu e le “modimo” e seng Modimo mothatayotlhe. Kgotsa a ka tswa a ne a bitsa Jesu ka tsela e batlhanka ba Modimo mo Dikwalong Tsa Sehebera ba neng ba bitsa baengele ba ba rometsweng ke Modimo ka yone. Thomase a ka tswa a ne a itse gore batho bangwe ba go kwadilweng ka bone mo Baebeleng ba ne ba bua le baengele jaaka e kete ba bua le Jehofa Modimo. (Bapisa Ge 16:7-11, 13; 18:1-5, 22-33; 32:24-30; Baatl 6:11-15; 13:20-22.) Ka jalo, ke se gongwe Thomase a neng a se dira fa a ne a bitsa Jesu “Modimo wa me.” Seno se bontsha gore o ne a tsaya Jesu e le moemedi le mmueledi wa Modimo wa boammaaruri.
Mmalo wa Baebele
(Johane 20:1-18) Mo letsatsing la ntlha la beke Marea Magadalena a tla kwa lebitleng la kgakologelo go le phakela, go sa ntse go le lefifi, mme a bona leje le setse le tlositswe mo lebitleng la kgakologelo. 2 Jalo a taboga mme a tla kwa go Simone Petere le kwa morutweng yo mongwe, yo Jesu a neng a mo rata, mme a ba raya a re: “Ba tsere Morena mo lebitleng la kgakologelo, mme ga re itse kwa ba mo laditseng gone.” 3 Foo Petere le morutwa yo mongwe ba tswa mme ba tsamaela kwa lebitleng la kgakologelo. 4 Ee, ba babedi bano mmogo ba simolola go taboga; mme morutwa yo mongwe a tabogela kwa pele ga ga Petere ka lobelo lo logolo mme a fitlha pele kwa lebitleng la kgakologelo. 5 Mme, fa a okomela, a bona dihapo di le fa fatshe, le fa go ntse jalo a se ka a tsena. 6 Go tswa foo Simone Petere le ene a tla a mo setse morago, mme a tsena mo lebitleng la kgakologelo. Mme a bona dihapo di le fa fatshe, 7 le letsela le le neng le le mo tlhogong ya gagwe le se fa fatshe le dihapo mme le phuthetswe fa thoko kwa lefelong le lengwe. 8 Jalo, ka nako eo, morutwa yo mongwe yo o neng a fitlhile pele kwa lebitleng la kgakologelo le ene a tsena, mme a bona a ba a dumela. 9 Gonne ba ne ba ise ba lemoge lokwalo lo lo reng o tshwanetse go tsoga mo baswing. 10 Mme jalo barutwa ba boela kwa magaeng a bone. 11 Le fa go ntse jalo, Marea a nna a eme kwa ntle gaufi le lebitla la kgakologelo, a lela. Fa a ntse a lela, a okomela go leba mo lebitleng la kgakologelo 12 mme a bona baengele ba babedi ba apere bosweu ba ntse mongwe kwa tlhogong mme yo mongwe kwa dinaong fa mmele wa ga Jesu o neng o letse gone. 13 Mme ba mo raya ba re: “Mosadi, o lelelang?” A ba raya a re: “Ba tsere Morena wa me, mme ga ke itse kwa ba mo laditseng gone.” 14 Morago ga go bua dilo tseno, a leba kwa morago a bona Jesu a eme, mme a se ka a lemoga gore e ne e le Jesu. 15 Jesu a mo raya a re: “Mosadi, o lelelang? O batla mang?” Ene, e re ka a ithaya a re e ne e le motlhokomedi wa tshingwana, a mo raya a re: “Rra, fa o mo tsere, mpolelela kwa o mo laditseng gone, mme ke tla mo tsaya.” 16 Jesu a mo raya a re: “Marea!” Fa a retologa, a mo raya, ka Sehebera, a re: “Raboni!” (mo go rayang “Moruti!”) 17 Jesu a mo raya a re: “Tlogela go ntlamparela. Gonne ga ke ise ke tlhatlogele kwa go Rara. Mme tsamaya o ye kwa go bomorwarre o ba reye o re, ‘Ke tlhatlogela kwa go Rre le Rraalona le kwa Modimong wa me le Modimo wa lona.’” 18 Marea Magadalena a tla mme a tlisetsa barutwa dikgang tseno: “Ke bone Morena!” le gore o ne a bua dilo tseno le ene.
NOVEMBER 12-18
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DITIRO 1-3
“Moya o o Boitshepo o Tshololelwa mo Phuthegong ya Bokeresete”
(Ditiro 2:1-8) Jaanong fa letsatsi la moletlo wa Pentekosete le ntse le tsweletse ba ne ba le mmogo botlhe mo lefelong le le lengwe fela, 2 mme ka tshoganyetso ga utlwala modumo o o tswang legodimong o tshwana fela le wa phefonyana e e maatla e e tsubutlang, mme wa tlala ka ntlo yotlhe e ba neng ba ntse mo go yone. 3 Mme ba bona diteme tse e keteng tsa molelo mme tsa gasanngwa, e le nngwe ya nna mo go mongwe le mongwe wa bone, 4 botlhe ba tlala moya o o boitshepo mme ba simolola go bua ka diteme tse di farologaneng, fela jaaka moya o ne o ba naya gore ba bue. 5 Kafa go neng go ntse ka gone, go ne go na le Bajuda ba ba neng ba nna mo Jerusalema, batho ba ba nang le poifo ya bomodimo, ba ba tswang mo setšhabeng sengwe le sengwe sa tse di kafa tlase ga legodimo. 6 Jalo, e rile modumo ono o utlwala, batho ba le bantsi ba phuthega mme ba akabala, ka gonne mongwe le mongwe o ne a ba utlwa ba bua ka puo ya gagwe. 7 Eleruri, ba ne ba akabala ba bo ba gakgamala ba re: “Bonang fano, botlhe bano ba ba buang ke Bagalalea, a ga go jalo? 8 Mme le fa go ntse jalo go tla jang gore mongwe le mongwe wa rona a bo a utlwa puo ya gagwe e re neng ra tsalwa ka yone?
(Ditiro 2:14) Mme Petere a ema ka dinao a na le ba ba lesome le bongwe mme a tlhatlosa lentswe a ba a bua jaana le bone: “Banna ba Judea le lona lotlhe banni ba Jerusalema, itseng seno lo bo lo tlhwaele mafoko a me tsebe.
(Ditiro 2:37, 38) Jaanong e rile ba utlwa seno ba tlhabega mo pelong, mme ba raya Petere le baaposetoloi ba bangwe botlhe ba re: “Banna, bakaulengwe, re tla dirang?” 38 Petere a ba raya a re: “Ikwatlhayeng, mme a mongwe le mongwe wa lona a kolobediwe mo leineng la ga Jesu Keresete gore lo itshwarelwe maleo a lona, mme lo tla amogela mpho ya mahala ya moya o o boitshepo.
(Ditiro 2:41) Jalo ba ba neng ba amogela lefoko la gagwe ka pelo yotlhe ba kolobediwa, mme mo letsatsing leo go ne ga okediwa ka meya e ka nna dikete di le tharo.
(Ditiro 2:42-47) Mme ba ne ba tswelela ba ineela mo thutong ya baaposetoloi le mo go abalaneng, mo go jeng dijo le mo dithapelong. 43 Eleruri, poifo e ne ya simolola go wela moya mongwe le mongwe, mme baaposetoloi ba simolola go dira dikgakgamatso di le dintsi le ditshupo. 44 Botlhe ba ba neng ba nna badumedi ba ne ba le mmogo mo go tlhakaneleng dilo tsotlhe, 45 mme ba simolola go rekisa dithuo tsa bone le dithoto le go abela botlhe dipoelo, go ya fela kafa motho a neng a tlhoka ka gone. 46 Mme malatsi ka go latelana ba ne ba le mo tempeleng ka metlha ba le seoposengwe, mme ba ne ba jela dijo tsa bone mo magaeng a bone e bile ba ja dijo ka go ipela mo gogolo le ka bopeloephepa jwa pelo, 47 ba baka Modimo e bile ba bona kamogelo ya batho botlhe. Mo godimo ga moo Jehofa a tswelela a ba oketsa letsatsi le letsatsi ka ba ba bolokwang.
w86 12/1 29 ¶4-5, 7
Meneelo E e Itumedisang Pelo
Mo letsatsing lantlha la go simologa ga phuthego ya Bokeresete ka ngwaga wa 33 C.E., ‘go abalana dijo le merapelo’ go ne ga dirwa ke batho ba le 3 000 ba ba kolobeditsweng ba ba neng ba le basha go sokologa. E le ka lebaka lefe le le utlwalang? Go ba kgonisa go tiisa tumelo ya bone e e santseng e le nnye thata ka go “tswelela ba ineela mo thutong ya baaposetoloi.”—Ditiro 2:41, 42.
Bajuda le basokologi ba ne ba tlile mo Jerusalema ka maikaelelo a go tsenelela Moletlo wa Pentekosete fela. Mme ba ba neng ba nna Bakeresete ba ne ba eletsa go nna lobaka lo loleelenyana le go ithuta go le gontsi go nonotsha tumelo ya bone e ntšha. Se se ne sa tsosa mathata a tshoganyetso a dijo le borobalo. Bangwe ba baeti ba ne ba sa tshola madi a a lekaneng, mme ba bangwe ba ne ba na le a a fa thoko. Ka jalo go ne a kgobokanngwa dithuso ka nakwana mme tsa tloga tsa abelwa ba ba tlhokang.—Ditiro 2:43-47.
Go rekisiwa ga dithoto le kabalano ya dilo tsotlhe e ne e le ga boithaopo. Go ne go sa patelediwe ope go rekisa kana go ntsha moneelo; le gone se e ne e se go rotloetsa lehuma. Kakantsho e e ntshitsweng ga se ya gore maloko a a humileng a ne a rekisa dithoto tsotlhe tsa bone mme ba bo ba humanega. Boammaaruri ke gore, ka ntlha ya go amega ga bone ka badumedi-ka-bone ba ba neng ba le kafa tlase ga seemo seo ka nako eo, ba ne ba rekisa dithoto mme ba neelana ka dipoelo gore go tle go batliwe se se neng se tlhokafala mabapi le dikgatlhego tsa Bogosi. —Bapisa 2 Bakorintha 8:12-15.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Ditiro 3:15) mme lo ne lwa bolaya Moemedi yo Mogolo wa botshelo. Mme Modimo o ne a mo tsosa mo baswing, tiragalo e re leng basupi ba yone.
it-2-E 61 ¶1
Jesu Keresete
“Moemedi yo Mogolo wa botshelo.” Fa Jesu Keresete a ne a intsha setlhabelo, o ne a bontsha bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa ga Rraagwe. Seno se dirile gore balatedi bangwe ba ga Jesu ba nne le tsholofelo ya go busa le ene kwa legodimong mme ba bangwe ba nne le tsholofelo ya go busiwa ke Bogosi joo mo lefatsheng. (Mat 6:10; Joh 3:16; Bae 1:7; Bah 2:5) Ka jalo, Jesu o ile a nna “Moemedi yo Mogolo [“Kgosana,” Baebele e e Boitshepo] wa botshelo” wa batho botlhe. (Dit 3:15) Polelwana eno ka Segerika e kaya “moeteledipele,” mme lefoko leno le batlile le tshwana le le Moshe (Dit 7:27, 35) a neng a bidiwa ka lone fa ba ne ba mmitsa “mmusi” kwa Iseraele.
(Ditiro 3:19) “Jalo, ikwatlhayeng, lo bo lo sokologe gore maleo a lona a phimolwe, gore dipaka tse di lapolosang di tle di tswa mo go Jehofa
Modimo yo o ‘Iketleeleditseng go Itshwarela’
14 Tsela e Jehofa a itshwarelang ka yone e tlhalosiwa go ya pele mo go Ditiro 3:19: “Ikwatlhayeng, lo bo lo sokologe gore maleo a lona a phimolwe.” Lefoko leo la bofelo le ranola lediri la Segerika le le ka rayang “go sutlha, . . . go phimola kana go senya.” Go ya ka bakanoki bangwe, se se buiwang fano se naya kgopolo ya go phimola mokwalo o o kwadilweng ka letsogo. Seo se ne se ka direga jang? Enke e e neng e dirisiwa thata mo metlheng ya bogologolo e ne e dirilwe ka motswako o o akaretsang khabone, boroku le metsi. Ka bonako fela fa motho a sena go kwala ka enke eo, o ne a ka tsaya sepontšhe mme a phimole se a se kwadileng. Seno ke setshwantsho se se bontshang sentle kafa Jehofa a leng kutlwelobotlhoko ka teng. Fa a re itshwarela maleo, go ntse jaaka e kete o tsaya sepontšhe a bo a a phimola.
Mmalo wa Baebele
(Ditiro 2:1-21) Jaanong fa letsatsi la moletlo wa Pentekosete le ntse le tsweletse ba ne ba le mmogo botlhe mo lefelong le le lengwe fela, 2 mme ka tshoganyetso ga utlwala modumo o o tswang legodimong o tshwana fela le wa phefonyana e e maatla e e tsubutlang, mme wa tlala ka ntlo yotlhe e ba neng ba ntse mo go yone. 3 Mme ba bona diteme tse e keteng tsa molelo mme tsa gasanngwa, e le nngwe ya nna mo go mongwe le mongwe wa bone, 4 botlhe ba tlala moya o o boitshepo mme ba simolola go bua ka diteme tse di farologaneng, fela jaaka moya o ne o ba naya gore ba bue. 5 Kafa go neng go ntse ka gone, go ne go na le Bajuda ba ba neng ba nna mo Jerusalema, batho ba ba nang le poifo ya bomodimo, ba ba tswang mo setšhabeng sengwe le sengwe sa tse di kafa tlase ga legodimo. 6 Jalo, e rile modumo ono o utlwala, batho ba le bantsi ba phuthega mme ba akabala, ka gonne mongwe le mongwe o ne a ba utlwa ba bua ka puo ya gagwe. 7 Eleruri, ba ne ba akabala ba bo ba gakgamala ba re: “Bonang fano, botlhe bano ba ba buang ke Bagalalea, a ga go jalo? 8 Mme le fa go ntse jalo go tla jang gore mongwe le mongwe wa rona a bo a utlwa puo ya gagwe e re neng ra tsalwa ka yone? 9 Baparathia le Bameda le Baelama, le banni ba Mesopotamia, le Judea le Kapadokia, Ponto le kgaolo ya Asia, 10 le Feregia le Pamfilia, Egepeto le dikarolo tsa Libia, e e ntlheng ya Kurene, le bajaki ba ba tswang kwa Roma, Bajuda le basokologi, 11 Bakereta le Baarabia, re ba utlwa ba bua ka diteme tsa rona kaga dilo tse dikgolo tsa Modimo.” 12 Ee, ba ne ba akabetse botlhe e bile ba tseane, ba raana ba re: “Selo seno se kayang?” 13 Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba ba sotla mme ba simolola go re: “Ba kgotshe beine e e botshe.” 14 Mme Petere a ema ka dinao a na le ba ba lesome le bongwe mme a tlhatlosa lentswe a ba a bua jaana le bone: “Banna ba Judea le lona lotlhe banni ba Jerusalema, itseng seno lo bo lo tlhwaele mafoko a me tsebe. 15 Totatota, batho bano, ga baa tagwa, jaaka lo tsaya gore ba tagilwe, gonne ke ura ya boraro ya letsatsi. 16 Go na le moo, seno ke se se neng sa buiwa ka moporofeti Joele, 17 ‘Modimo a re: “Mme mo metlheng ya bofelo ke tla tshololela mongwe wa moya wa me mo nameng ya mofuta mongwe le mongwe, mme bomorwaalona le bomorwadialona ba tla porofeta le makau a lona a tla bona diponatshegelo le bannabagolo ba lona ba tla lora ditoro; 18 le e leng mo batlhankeng ba me le mo malateng a me ke tla tshololela mongwe wa moya wa me mo metlheng eo, mme ba tla porofeta. 19 Mme ke tla naya dikgakgamatso mo legodimong kwa godimo le ditshupo mo lefatsheng kwa tlase, madi le molelo le mouwane wa mosi; 20 letsatsi le tla fetolwa lefifi le ngwedi madi pele ga letsatsi le legolo le le le tlhomologileng thata la ga Jehofa le goroga. 21 Mme mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa.”’
TLHAGAFALELA BODIREDI
it-1-E 129 ¶2-3
Ke Eng fa go Ile ga Tlhophiwa Moaposetoloi yo Mongwe mo Maemong a ga Judase Mme Ga se Ka ga Dirwa Jalo ka Baaposetoloi ba ba Tlhokafetseng?
Judase o sule a sa ikanyege ka jalo go ne ga sala baaposetoloi ba le 11. Fa Jesu a sena go tsosiwa le pele a tlhatlogela kwa legodimong, ga a bua sepe ka go tlhomiwa ga moaposetoloi yo mongwe mo boemong jwa ga Judase. Malatsinyana pele ga Pentekosete le morago ga gore Jesu a tlhatlogele kwa legodimong, Petere o ne a tlhalosa gore Dikwalo di bontsha botlhokwa jwa gore go tlhomiwe moaposetoloi yo mongwe mo boemong jwa ga Judase, e seng ka gonne a sule mme ka gonne a ne a sa ikanyege. (Dit 1:15-22; Pes 69:25; 109:8; Tsh 3:11.) Go farologana le boemo jwa ga Judase, fa moaposetoloi Jakobe a sena go swa a ikanyega, ga go na pego e e bontshang gore go ile ga akanyediwa gore go tlhomiwe moaposetoloi yo mongwe mo boemong jwa gagwe.—Dit 12:2.
Mafoko a ga Petere a re bontsha sentle gore moaposetoloi yo o neng a tshwanelega go tlhophiwa e ne e tshwanetse go nna motho yo o ileng a fetsa nako e ntsi le Jesu, yo o ileng a bona ditiro le dikgakgamatso tsa gagwe le fa a ne a tsosiwa. Seno se raya gore fa nako e ntse e ya, go ne go se kitla go nna le baaposetoloi bape ba ba tlhophiwang mo boemong jwa ba bangwe ntle le fa Modimo e ne e nna ene yo o tlhophang. Le fa go ntse jalo, pele ga Pentekosete, go ne go na le banna ba ba neng ba tshwanelega, mme go ne ga tlhophiwa banna ba babedi gore go bonwe gore ke mang mo go bone yo o neng a ka tsena mo boemong jwa ga Judase. Baaposetoloi ba ne ba kaelwa ke molaomotheo o o mo go Diane 16:33 wa go latlhela bola, go tswa foo, bola bo ne jwa wela Mathiase mme o ile “a balelwa mmogo le baaposetoloi ba ba lesome le bongwe.” (Dit 1:23-26) Seno se raya gore Mathiase o ne a balelwa mo baaposetoloing ba le lesome le bobedi ba ba neng ba rarabolola bothata jwa barutwa ba ba neng ba bua Segerika. (Dit 6:1, 2) Gape mo go 1 Bakorintha 15:4-8, Paulo o ne a mo balela mo baaposetoloing ba ba lesome le bobedi ba Jesu a ileng a iponatsha mo go bone fa a sena go tsosiwa. Ka jalo, ka Pentekosete, baaposetoloi ba ne ba feletse ba le 12 fa moya o o boitshepo o ne o tshololelwa mo go ba ba neng ba tla busa le Jesu kwa legodimong.
NOVEMBER 19-25
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DITIRO 4-5
“Ba ne Ba Rera Lefoko la Modimo ba le Pelokgale”
(Ditiro 4: 5-13) Letsatsi le le latelang ga diragala mo Jerusalema gore babusi ba bone le banna ba bagolwane le bakwadi ba phuthege mmogo 6 (le Anase moperesiti yo mogolo le Kaiafase le Johane le Alekesandere le ba losika lwa moperesiti yo mogolo botlhe fela), 7 ba ba emisa mo gare ga bone ba bo ba simolola go botsa ba re: “Lo dirile selo seno ka maatla afe kgotsa mo leineng la ga mang?” 8 Foo Petere, a tletse moya o o boitshepo, a ba raya a re: “Babusi ba batho le banna ba bagolwane, 9 fa e le gore mo letsatsing leno re botsolotswa ka ntlha ya tiro e e molemo e e diretsweng monna yo o bobolang yono, gore monna yono o fodisitswe ka mang, 10 a go itsiwe ke lona lotlhe le ke batho botlhe ba Iseraele, gore mo leineng la ga Jesu Keresete Monasaretha, yo lo neng lwa mmapola mme yo Modimo a neng a mo tsosa mo baswing, ke ka yono go bo monna yono a eme fano fa pele ga lona a itekanetse sentle. 11 Leno ke ‘leje le le neng la tshwarwa ke lona baagi jaaka le e seng la sepe le jaanong le leng tlhogo ya sekhutlo.’ 12 Mo godimo ga moo, ga go na poloko mo go ope o sele, gonne ga go na leina le lengwe kafa tlase ga legodimo le batho ba le neilweng le re tshwanetseng go bolokwa ka lone.” 13 Jaanong e rile ba bona go bua ka bopelokgale ga ga Petere le Johane, e bile ba lemoga gore e ne e le banna ba ba sa rutegang e bile e le batho fela, ba gakgamala. Mme ba lemoga gore ba kile ba bo ba na le Jesu;
w08 9/1 15, lebokoso
Go Tswa go Mafoko a a Neng a Buiwa—Go ya Go Mekwalo e e Boitshepo
A Totatota Baaposetoloi Ba ne Ba sa Itse go Bala le go Kwala?
Fa babusi le banna ba bagolwane ba Jerusalema “ba bona go bua ka bopelokgale ga ga Petere le Johane, e bile ba lemoga gore e ne e le banna ba ba sa rutegang e bile e le batho fela, ba gakgamala.” (Ditiro 4:13) A tota baaposetoloi ba ne ba sa itse go bala le go kwala? The New Interpreter’s Bible e akgela jaana malebana le kgang eno: “Gongwe ga re a tshwanela go tsaya mafoko ano jaaka a ntse, jaaka e kete Petere [le Johane] ba ne ba sa tsena sekolo le gore ba ne ba sa kgone go kwala kgotsa go bala. Mafoko ao a re bontsha fela gore baaposetoloi le batho ba ba neng ba ba atlhola ba ne ba sena maemo a a tshwanang mo setšhabeng.”
Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Ditiro
4:13—A Petere le Johane ba ne ba sa itse go bala le go kwala kgotsa ba sa rutega? Nnyaa, ga go a nna jalo. Go ne go twe ke “banna ba ba sa rutegang e bile e le batho fela” ka gonne ba ne ba sa tsena dikolo tsa bodumedi tsa boruti.
(Ditiro 4:18-20) Foo ba ba bitsa mme ba ba laya, gore ba se ka ba bua sepe gope kgotsa go ruta ka leina la ga Jesu. 19 Mme fa Petere le Johane ba araba ba ba raya ba re: “Gore a go siame mo ponong ya Modimo go reetsa lona go na le go reetsa Modimo, ikatlholeleng. 20 Mme rona, ga re ka ke ra tlogela go bua ka dilo tse re di boneng le tse re di utlwileng.”
(Ditiro 4:23-31) Fa ba sena go gololwa ba ya kwa bathong ba gagabo mme ba bega dilo tse baperesiti ba bagolo le banna ba bagolwane ba neng ba di ba boleletse. 24 Fa ba utlwa seno ba tlhatlosetsa mantswe a bone ka nako e le nngwe fela kwa Modimong ba re: “Morena Molaodimogolo, ke Wena yo o neng wa dira legodimo le lefatshe le lewatle le dilo tsotlhe tse di mo go tsone, 25 le yo ka moya o o boitshepo o neng wa bua ka molomo wa ga rraaronamogologolwane Dafide, motlhanka wa gago wa re, ‘Ke ka ntlha yang fa ditšhaba di ne tsa fuduega le batho ba ne ba tlhatlhanya ka dilo tse di lolea? 26 Dikgosi tsa lefatshe di ne tsa ema le babusi ba phuthega go nna seoposengwe kgatlhanong le Jehofa le motlodiwa wa gagwe.’ 27 Fela jalo, Herode le Ponto Pilato ba na le banna ba ditšhaba le batho ba Iseraele, ba ne totatota ba phuthegile mmogo mo motseng ono kgatlhanong le motlhanka wa gago yo o boitshepo e bong Jesu, yo o neng wa mo tlotsa, 28 gore ba dire dilo le fa e le dife tse seatla sa gago le boikaelelo bo di laoletseng e sale pele gore di diragale. 29 Mme jaanong, Jehofa, tlhokomela matshosetsi a bone, mme o dire gore batlhanka ba gago ba nne ba bue lefoko la gago ka bopelokgale jotlhe, 30 fa o ntse o otlolola seatla sa gago go fodisa le fa ditshupo le dikgakgamatso di ntse di dirwa ka leina la motlhanka yo o boitshepo wa gago e bong Jesu.” 31 Mme e rile ba sena go dira mokokotlelo, lefelo le ba neng ba phuthegetse mo go lone la reketla; mme botlhe fela ba tladiwa moya o o boitshepo e bile ba bua lefoko la Modimo ka bopelokgale.
it-1-E 128 ¶3
Moaposetoloi
Bakeresete Ba ne Ba Tlhagafetse mo Phuthegong. Baaposetoloi ba ile ba nonofa fela thata fa Modimo a ne a ba tshololela moya o o boitshepo ka Pentekosete. Dikgaolo tsa ntlha tse tlhano tsa buka ya Ditiro di tlhalosa kafa ba neng ba se na letshogo ka gone e bile ba ikaeletse go rera dikgang tse di molemo le go bolelela batho gore Jesu o tsositswe. Ba ne ba dira jalo le fa baeteledipele ba ne ba ba tsenya mo dikgolegelong, ba ba itaya e bile ba ba tshosetsa ka gore ba tla ba bolaya. Moya o o boitshepo o ile wa thusa baaposetoloi gore ba tlhagafalele go etelela phuthego pele le go dira gore e gole ka tsela e e gakgamatsang. (Dit 2:41; 4:4) Bodiredi jwa bone bo simolotse kwa Jerusalema, go ela kwa Samarea le go ya kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe.—Dit 5:42; 6:7; 8:5-17, 25; 1:8.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Ditiro 4:11) Leno ke ‘leje le le neng la tshwarwa ke lona baagi jaaka le e seng la sepe le jaanong le leng tlhogo ya sekhutlo.’
it-1-E 514 ¶4
Leje la Sekhutlo
Pesalema 118:22 e bontsha gore leje le le gannweng ke baagi le ne le tla nna “tlhogo ya sekhutlo” (Sehebera, roʼsh pin·nahʹ). Jesu o ne a lebisa boporofeti jono kwa go ene fa a ne a re ke “leje la sekhutlo le legolo” (Segerika, ke·pha·leʹ go·niʹas, tlhogo ya sekhutlo). (Mat 21:42; Mar 12:10, 11; Luk 20:17) Ka dinako tse dingwe fa go agiwa, go ne go bewa leje kwa godimo fa mabota a kopanelang teng. Leje leno le ne le le botlhokwa ka gonne le ne le kopanya mabota a mabedi a ntlo. Phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng e tshwantshanngwa le mabota a ntlo e e dirilweng ke Modimo mme Jesu Keresete o tshwantshanngwa le leje la sekhutlo le le emelang tlhogo ya phuthego. Petere le ene one a nopola mafoko a a mo go Pesalema 118:22 a tlhalosa gore Jesu ke “leje” le le gannweng ke batho mme la amogelwa ke Modimo go nna “tlhogo ya sekhutlo.”—Dit 4:8-12; bona le 1Pe 2:4-7.
(Ditiro 5:1) Le fa go ntse jalo, monna mongwe, yo leina la gagwe e neng e le Ananiase, mmogo le Safira mosadi wa gagwe, ba rekisa thuo nngwe
Petere le Ananiase Ba ne Ba Bua Maaka—Re ka Ithuta Eng mo go Seno?
Ananiase le mosadi wa gagwe ba ne ba rekisa setsha sa bone go bona madi gore ba thuse batho ba ba neng ba sa tswa go kolobediwa. Fa Ananiase a tlisa madi mo baaposetoloing, o ba bolelela gore ke one madi otlhe a setsha se ba se rekisitseng. Mme ga se boammaaruri! O ipolokela madi a mangwe! Modimo o dira gore Petere a itse seno mme Petere o raya Ananiase a re: “O tsieditse Modimo, e seng batho.” Ka ntlha ya seo, Ananiase o wela fa fatshe a bo a swa! Mo e ka nnang diura di le tharo morago ga foo, go tsena mosadi wa gagwe. E re ka a sa itse se se diragaletseng monna wa gagwe le ene o bua maaka mme o wela fa fatshe a bo a swa.
Mmalo wa Baebele
(Ditiro 5:27-42) Jalo ba ba tlisa mme ba ba emisa mo holong ya Sanehederine. Mme moperesiti yo mogolo a ba botsolotsa 28 morago ga moo a re: “Re ne ra lo laela thata gore lo se ka lwa nnela go ruta ka leina leno, mme le fa go ntse jalo, bonang! lo tladitse Jerusalema ka thuto ya lona, e bile lo ikemiseditse go tlisa madi a monna yono mo go rona.” 29 Fa Petere le baaposetoloi ba bangwe ba araba ba re: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho. 30 Modimo wa borraaronamogologolwane o ne a tsosa Jesu, yo lo neng lwa mmolaya, lo mo pega mo koteng. 31 Modimo o ne a mo godisetsa kwa seatleng sa gagwe sa moja e le Moemedi yo Mogolo le Mmoloki, gore a neye Iseraele boikwatlhao le boitshwarelo jwa maleo. 32 Mme re basupi ba dikgang tseno, le moya o o boitshepo o supa jalo, o Modimo a o neileng ba ba mo utlwang jaaka mmusi.” 33 E rile ba utlwa seno, ba utlwa ba tlhabega fela thata mme ba batla go mmolaya. 34 Mme monna mongwe a ema mo Sanehederineng eno, e bong Mofarasai yo o bidiwang Gamaliele, yo o rutang Molao yo o tseelwang kwa godimo ke batho botlhe, mme a ntsha taelo ya gore banna bano ba ntshediwe kwa ntle ka lobakanyana. 35 Mme a ba raya a re: “Banna ba Iseraele, itlhokomeleng ka ga se lo ikaelelang go se dira mabapi le banna bano. 36 Ka sekai, pele ga malatsi ano go ne ga tsoga Theudase, a re ene ka boene o ne a le motho mongwe, mme banna ba le bantsi, ba ba makgolo a ka nna manè, ba ne ba inaakanya le lekoko la gagwe. Mme o ne a bolawa, le botlhe ba ba neng ba mo utlwa ba ne ba phatlaladiwa mme ba nna lefela. 37 Morago ga gagwe go ne ga tsoga Judase wa Mogalalea mo malatsing a go kwadisiwa, mme a goga batho kafa morago ga gagwe. Mme le fa go ntse jalo monna yoo o ne a nyelela, le botlhe ba ba neng ba mo utlwa ba ne ba gasamisediwa kgakala. 38 Mme jalo, mo maemong a jaanong, ke lo raya ke re, Lo se ka lwa tshwenyana le banna bano, mme ba leseng; (ka gonne, fa leano leno kgotsa tiro eno e tswa mo bathong, e tla senngwa; 39 mme fa e tswa mo Modimong, ga lo na lo kgona go ba fenya;) go seng jalo, gongwe lo tla fitlhelwa lo le ba ba tlhabantshanang le Modimo.” 40 Foo ba mo tsaya tsia, mme ba bitsa baaposetoloi, ba ba kgwathisa, ba bo ba ba laela gore ba tlogele go bua ka leina la ga Jesu, mme ba ba lesa ba tsamaya. 41 Jalo, bano ba tswa fa pele ga Sanehederine ba tsamaya, ba ipela ka gonne ba ne ba kailwe ba tshwanela go tlontlololelwa leina la gagwe. 42 Mme letsatsi lengwe le lengwe mo tempeleng le ka ntlo le ntlo ba tswelela ba sa kgaotse ba ruta e bile ba bolela dikgang tse di molemo kaga Keresete, e bong Jesu.
NOVEMBER 26–DECEMBER 2
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DITIRO 6-8
“Maloko a Phuthego e Ntšha ya Bokeresete a Lebana le Diteko”
(Ditiro 6:1) Jaanong mo malatsing ano, fa barutwa ba ne ba oketsega, ga tsoga ngongorego mo Bajudeng ba ba buang Segerika ka Bajuda ba ba buang Sehebera, ka gonne batlholagadi ba bone ba ne ba tlodisiwa matlho mo kabong ya letsatsi le letsatsi.
“Re Tshwanetse go Utlwa Modimo e le Mmusi”
17 Jaanong phuthego e nnye eno e ne ya lebana le kotsi e e bofitlha e e neng e runtse mo teng. E ne e le efe? Bontsi jwa barutwa ba ba neng ba kolobeditswe e ne e le baeng mo Jerusalema, mme ba ne ba batla go oketsa kitso ya bone ka Keresete pele ba boela magaeng a bone. Barutwa ba ba nnang mo Jerusalema ba ne ba ntsha meneelo ka go rata gore ba kgone go reka dijo le dilo dingwe tse di tlhokegang. (Dit. 2:44-46; 4:34-37) Mo nakong eno, go ne ga tsoga boemo bongwe jo bo masisi. “Mo kabong ya letsatsi le letsatsi” ya dijo, batlholagadi ba ba buang Segerika “ba ne ba tlodisiwa matlho.” (Dit. 6:1) Le fa go ntse jalo, batlholagadi ba ba buang Sehebera bone ba ne ba sa tlodisiwe matlho. Ka jalo, go bonala bothata e ne e le tlhaolele. Tlhaolele ke nngwe ya dilo tse dikgolo tse di ka bakang dikgaogano.
(Ditiro 6:2-7) Jalo ba ba lesome le bobedi ba biletsa barutwa ba le bantsi kwa go bone mme ba re: “Ga go itumedise gore re tlogele lefoko la Modimo gore re abe dijo mo ditafoleng. 3 Jalo, bakaulengwe, itshenkeleng banna ba le supa mo gare ga lona ba ba tlhomamisitsweng, ba ba tletseng moya le botlhale, gore re tle re ba tlhome go okamela tiro e e botlhokwa eno; 4 mme rona re tla ineela mo thapelong le mo bodireding jwa lefoko.” 5 Mme selo se se builweng se ne se ba itumedisa botlhe, mme ba tlhopha Setefane, monna yo o tletseng tumelo le moya o o boitshepo, le Filipo le Porokoro le Nikanore le Timone le Paramenase le Nikolase, mosokologi wa kwa Antioka; 6 mme ba ba baya fa pele ga baaposetoloi, mme, fa ba sena go rapela, ba ba baya diatla. 7 Ka gone lefoko la Modimo la tswelela le gola, le palo ya barutwa ya nna ya ntsifala fela thata mo Jerusalema; mme boidiidi jo bogolo jwa baperesiti jwa simolola go utlwa tumelo.
“Re Tshwanetse go Utlwa Modimo e le Mmusi”
18 Baaposetoloi, ba ba neng ba direla e le setlhopha se se laolang sa phuthego eo e e golang, ba ne ba lemoga gore go ne go ka se nne botlhale gore ba “tlogele lefoko la Modimo gore [ba] abe dijo.” (Dit. 6:2) Ka jalo, go baakanya bothata jono, ba ne ba laela barutwa gore ba senke banna ba le supa “ba ba tletseng moya le botlhale,” ba baaposetoloi ba neng ba ka ba tlhoma go okamela “tiro e e botlhokwa eno.” (Dit. 6:3) Go ne go tlhokega banna ba ba tshwanelegang ka gonne tiro eo e ka tswa e ne e sa akaretse fela go aba dijo, mme gape e ka tswa e ne e akaretsa le go bereka ka madi, go reka dilwana le go boloka direkoto ka kelotlhoko. Banna botlhe ba ba neng ba tlhophiwa ba ne ba na le maina a Segerika, se gongwe se neng sa dira gore batlholagadi ba ba kgopisegileng bano ba ba amogele. Fa baaposetoloi ba sena go rapela ka kgang eno, ba ne ba tlhoma banna ba le supa gore ba okamele “tiro e e botlhokwa eno.”
(Ditiro 7:58–8:1) Mme fa ba sena go mo latlhela kwa ntle ga motse, ba simolola go mo konopa ka maje. Mme basupi ba baya diaparo tsa bone tsa kafa ntle fa fatshe fa dinaong tsa lekau le le neng le bidiwa Saulo. 59 Mme ba tswelela go konopa Setefane ka maje fa a ne a dira boikuelo a re: “Morena Jesu, amogela moya wa me.” 60 Go tswa foo, ya re a oba mangole, a goa ka lentswe le le nonofileng a re: “Jehofa, o se ka wa ba balela boleo jono.” Mme fa a sena go bua jalo a robala mo losong.
8 Mme Saulo, o ne a dumelela go bolawa ga gagwe. Mo letsatsing leo pogiso e kgolo ya tsogela phuthego e e mo Jerusalema; botlhe kwantle ga baaposetoloi ba ne ba gasamela mo dikgaolong tsotlhe tsa Judea le Samarea.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Ditiro 6:15) Mme ya re botlhe ba ba neng ba ntse mo Sanehederineng ba mo tlhomile matlho, ba fitlhela sefatlhego sa gagwe se tshwana le sefatlhego sa moengele.
Setefane—O ne “A Tletse Bopelontle le Maatla”
2 Go na le sengwe se se gakgamatsang ka tsela e sefatlhego sa ga Setefane se lebegang ka yone ka nako eno. Baatlhodi ba mo tlhoma matlho mme ba fitlhela sefatlhego sa gagwe se “tshwana le sefatlhego sa moengele.” (Dit. 6:15) E re ka baengele ba tshola melaetsa e e tswang kwa go Jehofa Modimo, ga ba boife sepe, ba ritibetse e bile ba mo kagisong. Go ntse fela jalo le ka Setefane—tota le baatlhodi bano ba ba tletseng letlhoo ba kgona go lemoga seo. Go tla jang gore a bo a ritibetse jaana?
(Ditiro 8:26-30) Le fa go ntse jalo, moengele wa ga Jehofa a bua le Filipo, a re: “Nanoga o ye kwa borwa kwa tseleng e e fologang go tswa Jerusalema e ya Gasa.” (Eno ke tsela ya sekaka.) 27 Foo a nanoga a tsamaya, mme, bona! moopafadiwa wa Moethiopia, monna yo o nang le taolo tlase ga Kandase kgosigadi ya Baethiopia, le yo o neng a okametse letlotlo lotlhe la gagwe. O ne a ile Jerusalema go ya go obamela, 28 mme o ne a boa a ntse mo kareng ya gagwe a balela moporofeti Isaia kwa godimo. 29 Jalo moya wa raya Filipo wa re: “Atamela mme o ikopanye le kara eno.” 30 Filipo a taboga go bapa le yone mme a mo utlwa a balela moporofeti Isaia kwa godimo, mme a re: “A tota o itse se o se balang?”
Go Bolela “Dikgang Tse di Molemo Kaga Jesu”
16 Gompieno Bakeresete ba na le tshiamelo ya go nna le seabe mo tirong e e neng e dirwa ke Filipo. Gantsi le fa ba se mo bodireding, jaaka fa ba tsere loeto, ba bolelela batho ba ba kopanang le bone molaetsa wa Bogosi. Mo makgetlong a le mantsi, go bonala sentle gore ga go a itiragalela fela gore ba kopane le motho yo o kgatlhegang. Re ka lebelela gore seno se direge ka gonne Baebele e bontsha sentle gore baengele ba kaela tiro ya go rera gore molaetsa o kgone go fitlha kwa “setšhabeng sengwe le sengwe le lotso le teme le batho.” (Tshen. 14:6) Jesu o ne a bolelela pele gore baengele ba tla kaela tiro ya go rera. Mo setshwantshong sa gagwe sa korong le mofero, Jesu o ne a re mo nakong ya thobo—bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo—“barobi ke baengele.” O ne a oketsa ka gore dibopiwa tseno tsa semoya di ne di tla “phutha go tswa mo bogosing jwa gagwe dilo tsotlhe tse di kgopang le batho ba ba sa direng kafa molaong.” (Math. 13:37-41) Mo go yone nako eo, baengele ba ne ba tla phutha ba e neng e tla nna baruaboswa ba Bogosi jwa kwa legodimong—mme morago ba phuthe ba “boidiidi jo bogolo” jwa “dinku tse dingwe”—ba Jehofa a batlang go ba gogela mo phuthegong ya gagwe.—Tshen. 7:9; Joh. 6:44, 65; 10:16.
Mmalo wa Baebele
(Ditiro 6:1-15) Jaanong mo malatsing ano, fa barutwa ba ne ba oketsega, ga tsoga ngongorego mo Bajudeng ba ba buang Segerika ka Bajuda ba ba buang Sehebera, ka gonne batlholagadi ba bone ba ne ba tlodisiwa matlho mo kabong ya letsatsi le letsatsi. 2 Jalo ba ba lesome le bobedi ba biletsa barutwa ba le bantsi kwa go bone mme ba re: “Ga go itumedise gore re tlogele lefoko la Modimo gore re abe dijo mo ditafoleng. 3 Jalo, bakaulengwe, itshenkeleng banna ba le supa mo gare ga lona ba ba tlhomamisitsweng, ba ba tletseng moya le botlhale, gore re tle re ba tlhome go okamela tiro e e botlhokwa eno; 4 mme rona re tla ineela mo thapelong le mo bodireding jwa lefoko.” 5 Mme selo se se builweng se ne se ba itumedisa botlhe, mme ba tlhopha Setefane, monna yo o tletseng tumelo le moya o o boitshepo, le Filipo le Porokoro le Nikanore le Timone le Paramenase le Nikolase, mosokologi wa kwa Antioka; 6 mme ba ba baya fa pele ga baaposetoloi, mme, fa ba sena go rapela, ba ba baya diatla. 7 Ka gone lefoko la Modimo la tswelela le gola, le palo ya barutwa ya nna ya ntsifala fela thata mo Jerusalema; mme boidiidi jo bogolo jwa baperesiti jwa simolola go utlwa tumelo. 8 Jaanong Setefane, a tletse bopelontle le maatla, o ne a dira dikgakgamatso tse dikgolo le ditshupo mo gare ga batho. 9 Mme banna bangwe ba bao ba tswang kwa go se go tweng Sinagoge ya Bagololesegi ba ema, le ba Bakurene le Baalekesanderia le ba bao ba tswang Kilikia le Asia, go tla go ganetsana le Setefane; 10 mme le fa go ntse jalo ba ne ba sa kgone go itsetsepela kgatlhanong le botlhale le moya tse a neng a bua ka tsone. 11 Go tswa foo ba tlhotlheletsa batho mo sephiring gore ba re: “Re mo utlwile a bua mafoko a a tlhapatsang ka Moshe le Modimo.” 12 Mme ba fudua batho le banna ba bagolwane le bakwadi, mme, ya re ba tla mo go ene ka tshoganyetso, ba mo tsaya ka dikgoka mme ba mo isa kwa Sanehederineng. 13 Mme ba tlisa basupi ba maaka, ba ba neng ba re: “Monna yono ga a tlogele go bua dilo kgatlhanong le lefelo le le boitshepo leno le Molao. 14 Ka sekai, re mo utlwile a re Jesu yono Monasaretha o tla digela lefelo leno fa fatshe a ba a fetola mekgwa e Moshe a neng a e fetisetsa mo go rona.” 15 Mme ya re botlhe ba ba neng ba ntse mo Sanehederineng ba mo tlhomile matlho, ba fitlhela sefatlhego sa gagwe se tshwana le sefatlhego sa moengele.