January 7-13
DITIRO 21-22
Pina 55 le Thapelo
Matseno (3 mets. kgotsa kwa tlase)
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO
“A Thato ya ga Jehofa e Diragale”: (10 mets.)
Dit 21:8-12—Bakeresete bangwe ba ile ba kopa Paulo gore a se ka a ya Jerusalema ka gonne go le kotsi (bt 177-178 ¶15-16)
Dit 21:13—Paulo o ne a ikemiseditse go dira thato ya ga Jehofa (bt 178 ¶17)
Dit 21:14—Fa bakaulengwe ba lemoga gore Paulo o ikemiseditse go tsamaya, ga ba a ka ba tlhola ba mo thibela (bt 178 ¶18)
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong: (8 mets.)
Dit 21:23, 24—E re ka Bakeresete ba ne ba sa tlhole ba latela Molao wa ga Moshe, ke eng fa bagolwane ba kwa Jerusalema ba ile ba naya Paulo taelo eno? (bt 184-185 ¶10-12)
Dit 22:16—Maleo a ga Paulo a ne a ka tlhatswega jang? (“O tlhatswe maleo a gago ka go bitsa leina la gagwe”—ntlha e e mo go Dit 22:16 mo nwtsty)
Mmalo wa Baebele wa beke eno o go rutile eng ka Jehofa?
Ke matlotlo afe a mangwe a o a boneng mo mmalong wa Baebele wa beke eno?
Mmalo wa Baebele: (4 mets. kgotsa kwa tlase) Dit 21:1-19 (th thuto 5)a
TLHAGAFALELA BODIREDI
Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta: (10 mets.) Motlotlo. Tshameka bidio ya Matseno a a Tsosang Kgatlhego, lo bo lo tlotla ka thuto 1 ya boroutšhara jwa Go Bala le go Ruta.
Puo: (5 mets. kgotsa kwa tlase) w10 2/1 13 ¶2–14 ¶2—Setlhogo: A Bakeresete ba Tshwanetse go Boloka Sabata Beke le Beke? (th thuto 1)b
BOTSHELO JWA BOKERESETE
“Jehofa o re Rutile go Godisa Bana ba Rona”: (15 mets.) Motlotlo. Tshameka bidio eno.
Thuto ya Baebele ya Phuthego: (30 mets.) cf kgao. 2, ser. 1-8
Tshobokanyo ya Pokano le go Sekaseka ya Beke e e Tlang (3 mets.)
Pina 70 le Thapelo
a b Ela Tlhoko: Go simologa ka kgwedi eno, go tla nna le nomoro fa thoko ga puo nngwe le nngwe e e tla neelwang mo sekolong. Dinomoro tseno di thusa baithuti go itse gore ba tla berekela mo ntlheng efe e bile di tsamaisana le dinomoro tse di mo boroutšhareng jwa Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta (th).