BOTSHELO JWA BOKERESETE
Jehofa o re Rutile go Godisa Bana ba Rona
Batsadi ba ka ithuta eng mo go Jehofa ka go godisa bana sentle? Lebelela bidio ya Jehofa o re Rutile go Godisa Bana ba Rona lo bo lo araba dipotso tse di latelang:
Tsela e Abilio le Ulla Amorim ba godileng ka yone e ba thusitse jang gore ba godise bana ba bone sentle?
Ke dilo dife tse di itumedisang tse bana ba bone ba di gopolang fa ba ne ba gola?
Abilio le Ulla ba dirisitse mafoko a a mo go Duteronome 6:6, 7 jang?
Goreng ba ne ba tlhalosetsa bana ba bone melao e e beilweng mo lapeng?
Ba ile ba thusa bana ba bone jang gore ba dire ditshwetso tse di siameng mo botshelong?
Le fa ba ne ba kgothaletsa bana ba bone go tsenela tirelo ya nako e e tletseng, ke eng se Abilio le Ulla ba neng ba se eletsa? (bt 178 ¶19)