January 14-20
DITIRO 23-24
Pina 148 le Thapelo
Matseno (3 mets. kgotsa kwa tlase)
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO
“Paulo o Bidiwa Motho yo o Letshwenyo Le yo O Tlhotlheletsang Batho go Tsuologela Puso”: (10 mets.)
Dit 23:12, 16—Leano la Bajuda la go bolaya Paulo ga le a ka la atlega (bt 191 ¶5-6)
Dit 24:2, 5, 6—Teretulo o ile a bolelela molaodi wa Roma gore Paulo o tlhotlheletsa batho go tsuologela puso (bt 192 ¶10)
Dit 24:10-21—Le fa Paulo a ne a sa dumalane le ditatofatso tseo, o ile a araba molaodi ka tlotlo a bo a tswelela a rera ka bopelokgale (bt 193-194 ¶13-14)
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong: (8 mets.)
Dit 23:6—Ke eng fa Paulo a ne a ipitsa Mofarasai? (“ke Mofarasai”—ntlha e e mo go Dit 23:6 mo nwtsty)
Dit 24:24, 27—Durusila e ne e le mang? (“Durusila”—ntlha e e mo go Dit 24:24 mo nwtsty)
Mmalo wa Baebele wa beke eno o go rutile eng ka Jehofa?
Ke matlotlo afe a mangwe a o a boneng mo mmalong wa Baebele wa beke eno?
Mmalo wa Baebele: (4 mets. kgotsa kwa tlase) Dit 23:1-15 (th thuto 5)
TLHAGAFALELA BODIREDI
Bidio ya Loeto Lwa Ntlha: (4 mets.) Tshameka bidio lo bo lo tlotla ka yone.
Loeto Lwa Ntlha: (2 mets. kgotsa kwa tlase) Dirisa karolo ya se re ka se buang mo bodireding. (th thuto 1)
Loeto Lwa Ntlha: (3 mets. kgotsa kwa tlase) Dirisa karolo ya se re ka se buang mo bodireding. Bontsha gore o ka araba jang motho yo o buang sengwe se batho ba ratang go se bua fa ba leka go lo thibela go rera. (th thuto 2)
Loeto Lwa Ntlha: (3 mets. kgotsa kwa tlase) Dirisa karolo ya se re ka se buang mo bodireding. Bontsha gore o ka araba jang motho yo o buang sengwe se batho ba ratang go se bua fa ba leka go lo thibela go rera. (th thuto 3)
BOTSHELO JWA BOKERESETE
Pego ya Ngwaga wa Tirelo: (15 mets.) Puo eno e neelwe ke mogolwane. Bala lekwalo le le tswang kwa ofising ya lekala le le buang ka pego ya ngwaga wa tirelo. Go tswa foo, botsolotsa baboledi ba o ba tlhophileng go sa le gale ka maitemogelo a a kgothatsang a ba nnileng le one mo tshimong mo ngwageng o o fetileng wa tirelo.
Thuto ya Baebele ya Phuthego: (30 mets.) cf kgao. 2, ser. 9-14
Tshobokanyo ya Pokano le go Sekaseka ya Beke e e Tlang (3 mets.)
Pina 128 le Thapelo