LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwbr19 March ts. 1-10
  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi
  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi—2019
  • Ditlhogwana
  • MARCH 4-10
  • MARCH 11-17
  • MARCH 18-24
  • MARCH 25-31
Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi—2019
mwbr19 March ts. 1-10

Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi

MARCH 4-10

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | BAROMA 12-14

“Rata Bakeresete ba Bangwe”

(Baroma 12:10) Mo loratong lwa bokaulengwe bontshanang lorato lwa bopelonomi. Mo go bontshaneng tlotlo etelelang pele.

it-1-E 55

Lorato

Ka Segerika lefoko, phi·la·del·phiʹa le kaya go rata monnao kgotsa mogoloo mme Bakeresete botlhe mo phuthegong ba tshwanetse go ratana ka tsela eno. (Bar 12:10; Bah 13:1 le 1Pe 3:8.) Seno se raya gore Bakeresete ba tshwanetse go ratana jaaka batho mo lelapeng ba ratana. Le fa gone Bakeresete ba ratana ka tsela eno, Baebele e ba kgothaletsa gore ba dire jalo le go feta.—1Bath 4:9, 10.

Ka Segerika lefoko, phi·loʹstor·gos le kaya “go rata motho yo mongwe.” Lefoko leno le tlhalosa batho ba babedi ba ba atamalaneng thata. Lefoko leno la Segerika le tswa mo lefokong sterʹgo mme gantsi le dirisediwa go tlhalosa tsela e batho mo lelapeng ba ratanang ka yone. Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete gore ba ratane jalo. (Bar 12:10) Gape Paulo o ne a re mo metlheng ya bofelo, batho ga ba na go ratana ka tsela eno kgotsa ga ba na go nna le “lorato lwa tlholego” (ka Segerika ke aʹstor·goi). Gape o ne a re batho ba ba ntseng jalo ba tshwanelwa ke go atlholelwa loso.—2Ti 3:3; Bar 1:31, 32.

(Baroma 12:17-19) Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula. Nayang dilo tse di molemo mo ponong ya batho botlhe. 18 Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe. 19 Lo se ka lwa ipusolosetsa, baratwa, mme thibogelang tšhakgalo; gonne go kwadilwe ga twe: “Pusoloso ke ya me; ke tla duela, go bua Jehofa.”

w09 10/15 8 ¶3

“Agisanang le Batho Botlhe”

3 Bala Baroma 12:17. Paulo o ne a tlhalosa gore fa re tlhoiwa ga re a tshwanela go ipusolosetsa. Go reetsa kgakololo ya gagwe go botlhokwa bogolo jang mo malapeng a mo go one maloko a lelapa a sa obameleng Jehofa otlhe. Molekane yo e leng Mokeresete ga a ineele go raelesega gore a ipusolosetse ka bosula fa molekane wa gagwe a buile mafoko a a seng pelonomi kgotsa a dirile sengwe se se sa bontsheng bopelonomi. Go ‘busetsa bosula ka bosula’ ga go na molemo ope. Go na le moo, go ka senyetsa dilo pele.

w07 7/1 24-25 ¶12-13

“Lo se Ka Lwa Busetsa Ope Bosula ka Bosula”

12 Kgakololo e e latelang ya ga Paulo malebana le kafa re tshwanetseng go tshwara ka teng badumedi le batho ba e seng badumedi ya re: “Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula.” Mafoko ao a golagana sentle le se a se buileng pelenyana a re: “Tlhoang se se boikepo.” Aitsane, motho a ka bolela jang gore ruri o tlhoile se se boikepo, kgotsa se se bosula, mme a busolosetsa ba bangwe ka jone? Go dira jalo e tla bo e se go nna le lorato “lo lo se nang boitimokanyo.” Go tswa foo Paulo a re: “Nayang dilo tse di molemo mo ponong ya batho botlhe.” (Baroma 12:9, 17) Re ka dirisa mafoko ao jang?

13 Pelenyana, mo lekwalong le Paulo a neng a le kwalela Bakorintha, o ne a kwala kaga pogiso e baaposetoloi ba neng ba lebane le yone. O ne a re: “Re fetogile selo sa go bogelwa ke lefatshe, le ke baengele, le ke batho. . . . Fa re gobololwa, re a segofatsa; fa re bogisiwa, re a itshoka; fa re senngwa leina, re a rapela.” (1 Bakorintha 4:9-13) Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba lebeletswe ke batho ba lefatshe leno. Fa batho ba ba re dikologileng ba bona dilo tse di molemo tse re di dirang le fa re sa tshwarwe sentle, ba ka nna ba kgatlhegela molaetsa wa rona wa Bokeresete.—1 Petere 2:12.

(Baroma 12:20, 21) Mme, “fa mmaba wa gago a tshwerwe ke tlala, mo fepe; fa a nyorilwe, mo neye sengwe gore a nwe; gonne ka go dira seno o tla bo o koelela magala a a tukang mo tlhogong ya gagwe.” 21 Lo se ka lwa itetla gore lo fenngwe ke bosula, mme nnang lo fenye bosula ka molemo.

w12 11/15 29 ¶13

Itshwarelaneng lo Gololesegile

13 Fa go direga gore mongwe a go direle phoso, o ka nna wa kgona go mo thusa gore a anaanele melao ya Bokeresete. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “‘Fa mmaba wa gago a tshwerwe ke tlala, mo fepe; fa a nyorilwe, mo neye sengwe gore a nwe; gonne ka go dira seno o tla bo o koelela magala a a tukang mo tlhogong ya gagwe.’ Lo se ka lwa itetla gore lo fenngwe ke bosula, mme nnang lo fenye bosula ka molemo.” (Bar. 12:20, 21) Fa o bontsha go nna pelontle fa o sa tshwarwa sentle, o ka nna wa fetola tsela e ba bangwe ba ikutlwang ka yone mme wa dira gore e nne batho ba ba molemo. Fa o bontsha motho yo o go diretseng phoso gore o a mo tlhaloganya, o akanyetsa maikutlo a gagwe—tota le e leng go mo utlwela botlhoko—o ka nna wa mo thusa gore a ithute boammaaruri jwa Baebele. Le fa boemo e ka tswa e le bofe, karabo e e bonolo e thusa motho yo mongwe gore a bone gore o na le boitshwaro jo bo siameng.—1 Pet. 2:12; 3:16.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Baroma 12:1) Ka gone ke a lo rapela ka mapelotlhomogi a Modimo, bakaulengwe, gore lo ise mebele ya lona setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo, se se amogelesegang mo Modimong, e leng tirelo e e boitshepo ka maatla a lona a go akanya.

lv 63-64 ¶5-6

Kafa o ka Tlhophang Boitlosobodutu jo bo Siameng ka Gone

5 Sengwe le sengwe se o se dirang mo botshelong se amana le kobamelo ya gago mo go Jehofa. Fa Paulo a ne a kwalela Baroma, o ne a dirisa mafoko a a maatla go gatelela ntlha eno e e boammaaruri mo badumeding ka ene. O ne a ba kgothatsa jaana: “Lo ise mebele ya lona setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo, se se amogelesegang mo Modimong, e leng tirelo e e boitshepo ka maatla a lona a go akanya.” (Baroma 12:1) Mmele wa gago o akaretsa mogopolo wa gago, pelo ya gago le maatla a gago. O dirisa dilo tseno tsotlhe fa o direla Modimo. (Mareko 12:30) Paulo a re tirelo eo e re e dirang ka moya otlhe ke setlhabelo. Ka tsela nngwe lefoko “setlhabelo” le a tlhagisa, mme e se ka tlhamalalo. Mo Molaong wa ga Moshe, Modimo o ne a sa amogele setlhabelo se se golafetseng. (Lefitiko 22:18-20) Ka tsela e e tshwanang, fa setlhabelo sa Mokeresete sa semoya se leswafetse ka tsela nngwe, Modimo ga a kitla a se amogela. Mme seo se ka direga jang?

6 Paulo o ne a gakolola Bakeresete ba kwa Roma jaana: “Lo se ka lwa tswelela lo isa ditokololo tsa lona [“dikarolo tsa lona tsa mmele,” New International Version] boleong.” Gape Paulo o ne a ba raya a re ba ‘bolaye ditlwaelo tsa mmele.’ (Baroma 6:12-14; 8:13) Pelenyana mo lekwalong la gagwe, o ne a umakile dikai dingwe tsa ‘ditlwaelo tseo tsa mmele.’ Re bala jaana ka batho ba ba nang le boleo: “Molomo wa bone o tletse go tlhapatsa.” “Dinao tsa bone di bofefo go tsholola madi.” “Ga go na poifo ya Modimo fa pele ga matlho a bone.” (Baroma 3:13-18) Mokeresete o ne a tla bo a leswafatsa mmele wa gagwe fa a dirisa “ditokololo” tsa gagwe kgotsa dikarolo tsa mmele go dira mekgwa eo ya boleo. Ka sekai, fa Mokeresete gompieno a lebelela ka boomo dilo tse di makgapha tse di jaaka ditshwantsho tse di hepisang kgotsa a lebelela thubakanyo e e setlhogo, o “isa [matlho a gagwe] boleong” mme ka jalo o leswafatsa mmele otlhe wa gagwe. Kobamelo ya gagwe e tla bo e le setlhabelo se se sa tlholeng se le boitshepo e bile Modimo ga a na go se amogela. (Duteronome 15:21; 1 Petere 1:14-16; 2 Petere 3:11) A bo go tlhopha boitlosobodutu jo bo sa siamang go na le matswela a a botlhoko jang ne!

(Baroma 13:1) A moya mongwe le mongwe o nne mo taolong ya balaodi ba bagolo, gonne ga go na taolo epe fa e se ka Modimo; balaodi ba ba leng gone ba eme ba tlhomilwe ke Modimo mo maemong a bone a a lekanyeditsweng.

w08 6/15 31 ¶4

Dintlhakgolo go Tswa mo Lekwalong le le Yang go Baroma

13:1—Balaodi ba bagolo “ba tlhomilwe ke Modimo mo maemong a bone a a lekanyeditsweng” ka tsela efe”? Balaodi ba dipuso ba “eme ba tlhomilwe ke Modimo mo maemong a bone a a lekanyeditsweng” ka tsela ya gore Modimo ke ene a ba letlang go busa, e bile ka dinako dingwe o ne a bonela pele gore ba ne ba tla busa. Seno se bonala sentle mo go se Baebele e se boleletseng pele ka babusi bangwe.

Mmalo wa Baebele

(Baroma 13:1-14) A moya mongwe le mongwe o nne mo taolong ya balaodi ba bagolo, gonne ga go na taolo epe fa e se ka Modimo; balaodi ba ba leng gone ba eme ba tlhomilwe ke Modimo mo maemong a bone a a lekanyeditsweng. 2 Jalo yo o ganetsang taolo o ganetsana le thulaganyo ya Modimo; ba ba ganetsanang le yone ba tla ikamogelela katlholo. 3 Gonne ba ba busang ba tshwanetse go boifiwa, e seng mo tirong e e molemo, mme mo go e e bosula. A jaanong lo batla gore lo se ka lwa boifa bolaodi? Nnang lo dire molemo, mme bo tla lo baka; 4 gonne ke modiredi wa Modimo mo go lona gore lo bone molemo. Mme fa e le gore lo dira se se bosula, boifang: gonne ga bo a tshola tšhaka kwantle ga boikaelelo; gonne ke modiredi wa Modimo, mmusolosi yo o shakgalelang yo o tlwaetseng go dira se se bosula. 5 Jalo go na le lebaka le le patelelang gore lona lo nne mo taolong, e seng fela ka ntlha ya tšhakgalo eo mme le ka ntlha ya segakolodi sa lona. 6 Gonne ke gone ka moo gape lo duelang makgetho; gonne ke batlhanka ba Modimo mo setšhabeng ba ba direlang boikaelelo jone jono ka metlha. 7 Nayang botlhe ditshwanelo tsa bone, yo o tshwanetsweng ke lekgetho, lekgetho; yo o tshwanetsweng ke sehuba, sehuba; yo o tshwanetsweng ke poifo, poifo e e ntseng jalo; yo o tshwanetsweng ke tlotlo, tlotlo e e ntseng jalo. 8 Lona lo se ka lwa kolota ope le fa e le sepe, fa e se go ratana; gonne yo o ratang mogagabo o diragaditse molao. 9 Gonne melao e e reng, “O se ka wa dira boaka, O se ka wa bolaya motho, O se ka wa utswa, O se ka wa eletsa ka bopelotshetlha,” mme le fa e le taelo efe e nngwe e e leng teng, e sobokantswe mo lefokong leno, le le reng, “O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.” 10 Lorato ga lo direle moagelani bosula; jalo lorato ke tiragatso ya molao. 11 Gape, dirang seno ka gonne lo itse paka, gore e setse e le nako ya gore lo thanye mo borokong, gonne jaanong poloko ya rona e gautshwane go na le ka nako e re neng re nna badumedi ka yone. 12 Bosigo bo tloga bo sa; motshegare o atametse. Jalo a re apoleng ditiro tsa lefifi mme a re apareng dibetsa tsa lesedi. 13 Jaaka mo nakong ya motshegare a re tsamayeng ka mokgwa o montle, e seng mo medirong ya ditlhapelo le mo medirong ya botagwa, e seng mo tlhakanelodikobong e e seng ya kafa molaong le boitshwaro jo bo repileng, e seng mo kgogakgoganong le mo lefufeng. 14 Mme aparang Morena Jesu Keresete, mme lo se ka lwa bo lo rulaganyetsa dikeletso tsa nama go sa le pele.

MARCH 11-17

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | BAROMA 15-16

“Letla Jehofa Gore a go Thuse go Itshoka Le go Go Gomotsa”

(Baroma 15:4) Gonne dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya, gore ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo.

w17.07 14 ¶11

“Lelang le Batho ba ba Lelang”

11 Pego e e tlhalosang kafa Jesu a ileng a utlwa botlhoko ka gone ka nako ya loso lwa ga Lasaro, ke nngwe ya dipego tse dintsi tsa Baebele tse di gomotsang. Mme seo ga se gakgamatse “gonne dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya, gore ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo.” (Bar. 15:4) Fa e le gore o tlhokafaletswe ke mongwe yo o mo ratang, o ka kgona go gomodiwa ke ditemana tse di tshwanang le tseno:

▪ “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.”—Pes. 34:18, 19.

▪ “Fa dikakanyo tsa me tse di tlhobaetsang di ne di ntsifala mo teng ga me, dikgomotso tsa gago [Jehofa] di ne tsa simolola go tshwara moya wa me ka tlekeetso.”—Pes. 94:19.

▪ “E kete Morena wa rona Jesu Keresete ka boene le Modimo Rraarona, yo o neng a re rata a ba a naya kgomotso e e sa khutleng le tsholofelo e e molemo ka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang, a ka gomotsa dipelo tsa lona a ba a lo nitamisa.”—2 Bathes. 2:16, 17.

(Baroma 15:5) Jaanong e kete Modimo yo o fang boitshoko le kgomotso a ka dira gore mo gare ga lona lo nne le boikutlo jwa mogopolo jo bo tshwanang le jo Keresete Jesu a neng a na le jone,

w16.04 10 ¶5

“Letlang Boitshoko bo Feleletse Tiro ya Jone”

5 Kopa Jehofa gore a go neye maatla. Jehofa ke “Modimo yo o fang boitshoko le kgomotso.” (Baroma 15:5) Ke ene fela a tlhaloganyang ka botlalo maemo a rona, maikutlo a rona le tsela e re godileng ka yone. Ka jalo, o itse se re se tlhokang gore re kgone go itshoka. Baebele ya re: “O tla diragatsa keletso ya ba ba mmoifang, e bile o tla utlwa go goa ga bone ba kopa thuso, mme o tla ba boloka.” (Pesalema 145:19) Modimo o tla araba jang dithapelo tsa rona fa re mo kopa gore a re neye maatla a go itshoka?

(Baroma 15:13) E kete Modimo yo o nayang tsholofelo a ka lo tlatsa ka boipelo jotlhe le kagiso ka go dumela ga lona, gore lo tote mo tsholofelong ka maatla a moya o o boitshepo.

w14 6/15 14 ¶11

“O Rate Jehofa Modimo wa Gago”

11 Jehofa o re ‘naya tsholofelo e e re tlatsang ka boipelo le kagiso.’ E re ka re na le tsholofelo e e tswang kwa Modimong, re kgona go itshoka fa tumelo ya rona e lekiwa. Batlodiwa ba ba itshupileng ba ‘ikanyega go ya losong ba tla newa serwalo sa botshelo.’ (Tshen. 2:10) Bathokgami ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba tla itumelela masego a Paradaise ya lefatshe lotlhe e e solofeditsweng. (Luke 23:43) Re ikutlwa jang ka ditsholofetso tse di ntseng jalo? A ga re ikutlwe re na le boipelo le kagiso e bile re rata Monei wa “mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng”?—Jak. 1:17.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Baroma 15:27) Ke boammaaruri, ba itumeletse go dira jalo, mme le fa go ntse jalo ba ne ba le molato mo go bone; gonne fa ditšhaba di ne di tlhakanetse mo dilong tsa bone tsa semoya, le bone ba tshwanetse go direla bano phatlalatsa ka dilo tsa mmele wa senama.

w89 12/1 24 ¶3

‘Go Lekiwa ga Bopeloephepa jwa Lorato lwa Lona’

Eleruri, bakaulengwe ba bone ba Baditšhaba ba tshwanetse ba bo ba ile ba tlhotlheletsega go ba thusa mo go tlhokeng ga bone. Mo godimo ga moo, ba ne ba na le “molato” o o kgethegileng go Bakeresete ba kwa Jerusalema. A mafoko a a molemo a ne a sa phatlaladiwa go tswa kwa Jerusalema go ya go Baditšhaba? Paulo o ne a akanya jaana: “Gonne ha Badichaba ba dihilwe baabedwi ba dilō tsa bōnè tsa semōea, le bōnè ba chwanetse go ba dihèla ka dilō tsa bōnè tsa senama.”—Baroma 15:27.

(Baroma 16:25) Jaanong go yo o ka lo nitamisang tumalanong le dikgang tse di molemo tse ke di bolelang le go rera ka Jesu Keresete, go ya ka tshenolo ya sephiri se se boitshepo se se nnileng sa bolokiwa ka tidimalo ka dinako tse di nnetseng ruri

it-1-E 858 ¶5

Go Itse se se Tla Diragalang mo Nakong e e Tlang

Losika lo go neng go twe lo tla tla e ne e le Mesia kgotsa Keresete mme batho botlhe ba ba siameng ba ne ba tla segofadiwa ka ntlha ya gagwe. (Bag 3:8, 14) Modimo o ne a umaka “losika” lono lekgetlo la ntlha fa Adame le Efa ba sena go mo leofela kwa tshingwaneng ya Edene, mme ka nako eo Abele o ne a ise a tsholwe. (Ge 3:15) Seno se diragetse dingwaga di ka nna 4 000 pele ga “sephiri se se boitshepo” se senoga. Sephiri seno se ile sa senoga fa Mesia a goroga. Ka jalo, se ile sa “bolokiwa ka tidimalo ka dinako tse di nnetseng ruri” kgotsa ka lobaka lo loleele.—Bar 16:25-27; Bae 1:8-10; 3:4-11.

Mmalo wa Baebele

(Baroma 15:1-16) Mme rona ba ba nonofileng re tshwanetse go sikara makoa a ba ba sa nonofang, mme re sa iitumedise. 2 A mongwe le mongwe wa rona a itumedise moagelani wa gagwe ka se se molemo go mo aga. 3 Gonne le Keresete tota o ne a se ka a iitumedisa; mme fela jaaka go kwadilwe: “Dikgobo tsa ba ba neng ba go kgoba di nkwetse.” 4 Gonne dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya, gore ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo. 5 Jaanong e kete Modimo yo o fang boitshoko le kgomotso a ka dira gore mo gare ga lona lo nne le boikutlo jwa mogopolo jo bo tshwanang le jo Keresete Jesu a neng a na le jone, 6 gore ka tumalano e le nngwe lo galaletse Modimo le Rara wa Morena wa rona Jesu Keresete ka molomo o le mongwe. 7 Jalo amogelanang, fela jaaka Keresete le ene a ne a re amogela, ka tebelelo ya go galaletsa Modimo. 8 Gonne ka re Keresete o ne a nna modiredi wa ba ba rupileng mo boemong jwa boammaaruri jwa Modimo, gore a tlhomamise ditsholofetso tse A neng a di dira mo go borraabonemogologolwane, 9 le gore ditšhaba di tle di galaletse Modimo ka ntlha ya kutlwelobotlhoko ya gagwe. Fela jaaka go kwadilwe go twe: “Ke gone ka moo ke tla bolelang ka tshosologo mo ditšhabeng fa ke dumela mo go wena mme ke tla leletsa leina la gago pina.” 10 Mme gape a re: “Itumeleng, lona ditšhaba, le batho ba gagwe.” 11 Gape a re: “Bakang Jehofa, lona ditšhaba tsotlhe, mme a batho botlhe ba mmake.” 12 Mme gape Isaia a re: “Go tla nna le modi wa ga Jese, mme go tla nna le yo o emang gore a buse ditšhaba; ditšhaba di tla solofela mo go ene.” 13 E kete Modimo yo o nayang tsholofelo a ka lo tlatsa ka boipelo jotlhe le kagiso ka go dumela ga lona, gore lo tote mo tsholofelong ka maatla a moya o o boitshepo. 14 Jaanong le nna ka bonna ke tlhomamisega ka lona, bakaulengwe ba me, gore le lona ka bolona lo tletse ka se se molemo, e re ka lo tladitswe ka kitso yotlhe, le gore gape lo kgona go tlhagisana. 15 Le fa go ntse jalo, ke lo kwalela ka tlhamalalo segolo ka dintlha dingwe, jaaka e kete ke lo gakolola gape, ka ntlha ya bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jo ke bo neilweng jo bo tswang kwa Modimong 16 gore ke nne motlhanka wa ga Keresete Jesu mo ditšhabeng, ke tshwarege mo tirong e e boitshepo ya dikgang tse di molemo tsa Modimo, gore tshupelo, e leng, ditšhaba tseno, e nne tse di amogelesegang, e re ka di itshepisiwa ka moya o o boitshepo.

MARCH 18-24

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 1 BAKORINTHA 1-3

“A o Na le Tumelo e e Nonofileng?”

(1 Bakorintha 2:14) Mme motho wa senama ga a amogele dilo tsa moya wa Modimo, gonne ke boeleele mo go ene; mme ga a ka ke a di itse, ka gonne di sekasekwa ka tsela ya semoya.

w18.02 19 ¶4-5

Go Nna le Tumelo e e Nonofileng go Kaya Eng?

4 Ela tlhoko tsela e motho wa senama a akanyang ka yone. Lefatshe le kgothaletsa batho gore ba tlhome mogopolo mo dilong tsa senama. Paulo o tlhalosa boikutlo jono e le “moya o jaanong o dirang mo baneng ba botlhokakutlo.” (Baef. 2:2) Boikutlo jono bo dira gore batho ba le bantsi ba tlwaele go dira se batho ba bangwe botlhe ba se dirang. Ka ntlha ya seo, batho ba le bantsi ba dira se bone ba akanyang gore se siame e bile ga ba dire maiteko ape gore ba tshele go dumalana le melao ya Modimo. Motho wa senama o tsaya gore maemo, madi kgotsa ditshwanelo tse a nang le tsone di botlhokwa go feta sengwe le sengwe.

5 O ka lemoga motho wa senama kgotsa motho yo o se nang tumelo ka eng gape? Batho ba ba se nang tumelo ba dira “ditiro tsa nama.” (Bagal. 5:19-21) Lekwalo la ntlha le Paulo a le kwaletseng Bakorintha le bua ka mekgwa e mengwe ya batho ba senama. Mengwe ya mekgwa eno ke: go baka dikgaogano, go tsaya letlhakore, go isana kwa kgotlatshekelong, go se tlotle botlhogo, go ja le go nwa bobe. Fa motho wa senama a lebana le diteko, o ineela motlhofo fela. (Dia. 7:21, 22) Jude o ne a bua ka bangwe ba tumelo ya bone e neng e tla koafala mo ba neng ba tla nna “ba ba se nang bomoya.”—Jude 18, 19.

(1 Bakorintha 2:15, 16) Le fa go ntse jalo, eleruri motho wa semoya o sekaseka dilo tsotlhe, mme ene ka boene ga a sekasekwe ke motho ope. 16 Gonne “ke mang yo o itseng mogopolo wa ga Jehofa, gore a tle a mo laye?” Mme rona re na le mogopolo wa ga Keresete.

w18.02 19 ¶6

Go Nna le Tumelo e e Nonofileng go Kaya Eng?

6 Ka jalo, go kaya eng go nna motho yo o nang le tumelo e e nonofileng? Motho yo o nang le tumelo e e nonofileng o amegile thata ka kamano ya gagwe le Modimo go farologana le motho yo o se nang tumelo. Motho yono o leka ka natla go ‘etsa Modimo.’ (Baef. 5:1) Seno se raya gore o leka ka natla go leba dilo jaaka Jehofa a di leba. Modimo ke motho wa mmatota mo go ene. Go farologana le motho yo o se nang tumelo, o leka ka natla go tshela go dumalana le melao ya ga Jehofa. (Pes. 119:33; 143:10) Motho yo o nang le tumelo e e nonofileng ga a tlhome mogopolo mo ditirong tsa nama, go na le moo, o leka go bontsha “maungo a moya.”—Bagal. 5:22, 23.

w18.02 22 ¶15

Go Nna le Tumelo e e Nonofileng go Kaya Eng?

15 Re ka etsa Keresete jang? Mo go 1 Bakorintha 2:16, Baebele e bua ka go nna le “mogopolo wa ga Keresete.” Baroma 15:5 e bua ka go nna le “boikutlo jwa mogopolo jo bo tshwanang le jo Keresete Jesu a neng a na le jone.” Ka jalo, fa re batla go tshwana le Keresete, re tshwanetse go ithuta tsela e a neng a akanya ka yone le go itse gore e ne e le motho yo o ntseng jang. Go tswa foo, re tshwanetse go etsa sekao sa gagwe. Jesu o ne a tlhomile mogopolo mo kamanong ya gagwe le Modimo. Ka jalo, fa re tshwana le Jesu, seo se tla dira gore re atamalane le Jehofa. Dintlha tseno di re bontsha gore go botlhokwa gore re ithute go akanya jaaka Jesu a ne a akanya.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(1 Bakorintha 1:20) Motho yo o botlhale o kae? Mokwadi o kae? Moganetsanyi wa tsamaiso eno ya dilo o kae? A Modimo o ne a se ka a dira gore botlhale jwa lefatshe e nne boeleele?

it-2-E 1193 ¶1

Botlhale

Batho mo lefatsheng ba ile ba bona ba le botlhale go feta Modimo ba bo ba re go bo Keresete a tlile mo lefatsheng ke boeleele. Seno se ile sa dira gore babusi ba bapole Jesu le fa ba ne ba na le dithata tsa go dira gore “Morena yo o galalelang” a se ka a bapolwa. (1Bak 1:18; 2:7, 8) Le fa go ntse jalo, Modimo o ile a bontsha gore botlhale jwa lefatshe ke boeleele ka go dira gore batho ba go tsewang gore ba botlhale ba tlhabiwe ke ditlhong. O ile a dira seno ka go dirisa batho ba go tsewang gore ke dieleele, ba bokoa le ba ba sa tlotlegeng go diragatsa boikaelelo jwa gagwe. (1Bak 1:19-28) Paulo o ile a gakolola Bakeresete ba kwa Korintha gore “botlhale jwa tsamaiso eno ya dilo le . . . jwa babusi ba tsamaiso eno ya dilo” ga bo na go felela gope; ke ka moo, a neng a se ka a bua ka botlhale jwa batho fa a ne a ba kwalela. (1Bak 2:6, 13) O ile a tlhagisa Bakeresete ba kwa Kolosa gore ba se ka ba latlhwa ke “botlhajana le tsietso e e lolea” ya batho.—Bak 2:8; bala le temana 20-23.

(1 Bakorintha 2:3-5) Mme ke ne ka tla mo go lona ka bokoa le ka poifo le ka go roroma thata; 4 mme puo ya me le se ke neng ka se rera di ne di se ka mafoko a a tlhotlheletsang a botlhale mme di ne di le ka pontsho ya moya le maatla, 5 gore tumelo ya lona e tle e se ka ya nna ka botlhale jwa batho, fa e se ka maatla a Modimo.

w08 7/15 27 ¶6

Dintlhakgolo go Tswa mo Makwalong a a Yang go Bakorintha

2:3-5. Fa Paulo a ne a rera mo Korintha, lefelo le le neng le tletse ka difilosofi le dithuto tsa Segerika, o tshwanetse a bo a ne a tshwenyegile ka gore a o tla kgona go tlhatswa bareetsi ba gagwe pelo. Le fa go ntse jalo, ga a ka a letla bokoa bope kana poifo epe e a ka tswang a ne a na le yone e mo kgoreletsa go dira tiro e a e neilweng ke Modimo. Le rona ga re a tshwanela go letla maemo a a thata a re thibela go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Fela jaaka Paulo, re ka leba kwa go Jehofa re tlhomamisegile gore o tla re thusa.

Mmalo wa Baebele

(1 Bakorintha 1:1-17) Paulo, yo o neng a bilediwa go nna moaposetoloi wa ga Jesu Keresete ka thato ya Modimo, le Sosethenese mokaulengwe wa rona 2 re kwalela phuthego ya Modimo e e mo Korintha, lona ba lo itshepisitsweng ba lo leng seoposengwe le Keresete Jesu, ba lo neng lwa bilediwa go nna baitshepi, mmogo le botlhe ba gongwe le gongwe ba bitsang leina la Morena wa rona, Jesu Keresete, Morena wa bone le wa rona: 3 E kete lo ka nna le bopelonomi jo bo sa re tshwanelang le kagiso tse di tswang kwa Modimong Rraarona le Morena Jesu Keresete. 4 Ka metlha ke leboga Modimo ka ga lona ka ntlha ya bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo jo lo bo neilweng mo go Keresete Jesu; 5 gore mo go sengwe le sengwe lo humisitswe mo go ene, mo bokgoning jo bo feletseng jwa go bua le mo kitsong e e feletseng, 6 fela jaaka bosupi ka ga Keresete bo nitamisitswe mo gare ga lona, 7 mo e leng gore ga lo tlhaele mpho epe ka gope, fa lo ntse lo letetse tshenolo ya Morena wa rona Jesu Keresete ka tlhoafalo. 8 Gape o tla lo nitamisa go ya bokhutlong, gore lo nne ba ba se nang se ba ka latofadiwang ka sone mo letsatsing la Morena wa rona Jesu Keresete. 9 Modimo o a ikanyega, yo lo neng lwa bilediwa ke ene mo go abalaneng le Morwawe Jesu Keresete Morena wa rona. 10 Jaanong ke a lo rotloetsa, bakaulengwe, ka leina la Morena wa rona Jesu Keresete gore lotlhe lo bue ka tumalano, le gore go se nne le dikgaogano mo go lona, fa e se gore lo nne seoposengwe ka tsela e e tshwanetseng mo mogopolong o le mongwe fela le mo tseleng e le nngwe fela ya go akanya. 11 Gonne ba ntlo ya ga Keloe ba ne ba mpolelela ka ga lona, bakaulengwe ba me, gore go na le go tlhoka go utlwana mo gare ga lona. 12 Se ke se rayang ke gore, mongwe le mongwe wa lona a re: “Ke wa ga Paulo,” “Nna ke wa ga Apolose,” “Nna ke wa ga Kefase,” “Nna ke wa ga Keresete.” 13 Keresete o gone a kgaogane. Paulo ga a ka a lo bapolelwa, a ga go jalo? Kgotsa a lo ne lwa kolobediwa mo leineng la ga Paulo? 14 Ke lebogela go bo ke sa kolobetsa ope wa lona fa e se Kiresepo le Gaio fela, 15 mo ope wa lona a se kitlang a re lo ne lwa kolobediwa mo leineng la me. 16 Ee, ke ne ka kolobetsa le ba ntlo ya ga Setefanase. Fa e le ka ba bangwe botlhe, ga ke itse gore a ke ne ka kolobetsa ope o sele. 17 Gonne Keresete o ne a nthomela, e seng gore ke tsamaye ke kolobetsa, mme gore ke tsamaye ke bolela dikgang tse di molemo, e seng ka botlhale jwa puo, gore kota ya tlhokofatso ya ga Keresete e se ka ya dirwa e e se nang mosola.

MARCH 25-31

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 1 BAKORINTHA 4-6

“Sebediso se Sennye se Bedisa Bupi Jotlhe jo bo Dubilweng”

(1 Bakorintha 5:1, 2) Tota e bile go begwa kgokafalo mo gare ga lona, e bile e le kgokafalo e tota e seyong le mo gare ga ditšhaba, gore monna mongwe o tsere mosadi wa ga rraagwe. 2 Mme a lo ikgogomositse, e bile go na le moo a lo ne lwa se ka lwa hutsafala, gore monna yo o neng a dira tiro eno a tle a tlosiwe mo gare ga lona?

(1 Bakorintha 5:5-8) lo neele monna yo o ntseng jalo Satane gore nama e senngwe, gore moya o tle o bolokwe mo letsatsing la Morena. 6 Lebaka la lona la go ipelafatsa ga le molemo. A ga lo itse gore sebediso se sennye se bedisa bupi jotlhe jo bo dubilweng? 7 Tlosang sebediso se segologolo, gore lo tle lo nne bupi jo bo dubilweng jo bosha, fela jaaka lo sa bela. Gonne, eleruri, Keresete tlolaganyo ya rona o ntshitswe setlhabelo. 8 Ka gone a re bolokeng moletlo, e seng ka sebediso se segologolo, le fa e le ka sebediso sa bosula le boikepo, mme ka dikuku tse di sa bedisiwang tsa bopeloephepa le boammaaruri.

(1 Bakorintha 5:13) ntswa Modimo a atlhola ba ba kwa ntle? “Tlosang motho yo o boikepo mo gare ga lona.”

it-2-E 230

Sebediso

Moaposetoloi Paulo o ne a dirisa sekai se se tshwanang fa a ne a raya Bakeresete ba kwa Korintha a re ba tlose monna yo o neng a dira boitsholo jo bo sa siamang mo phuthegong. O ne a re: “A ga lo itse gore sebediso se sennye se bedisa bupi jotlhe jo bo dubilweng? Tlosang sebediso se segologolo, gore lo tle lo nne bupi jo bo dubilweng jo bosha, fela jaaka lo sa bela. Gonne, eleruri, Keresete tlolaganyo ya rona o ntshitswe setlhabelo. Ka gone a re bolokeng moletlo, e seng ka sebediso se segologolo, le fa e le ka sebediso sa bosula le boikepo, mme ka dikuku tse di sa bedisiwang tsa bopeloephepa le boammaaruri.” (1Bak 5:6-8) Mo temaneng eno, Paulo o ne a tlhalosa gore fa a bua ka “sebediso” o ne a bua ka eng, ka go dirisa sekai sa Moletlo wa Dikuku Tse di sa Bedisiwang o o neng o tla morago ga Tlolaganyo. Sebediso se le sennye fela se dira gore bupi jotlhe bo bele ka jalo, fa phuthego e sa tlose monna yo o dirang boitsholo jo bo sa siamang, o ne a tla tshwaetsa maloko a phuthego e bile seo se ne se tla dira gore phuthego yotlhe e se ka ya amogelwa ke Jehofa. Ba ne ba tlhoka go ntsha monna yono mo phuthegong fela jaaka Baiseraele ba ne ba sa dirise sebediso mo matlong a bone ka nako ya Moletlo wa Dikuku Tse di sa Bedisiwang.

it-2-E 869-870

Satane

Mafoko a a reng, ‘go neela monna yo o ntseng jalo Satane gore nama e senngwe’ a raya jang?

Fa Paulo a ne a bua le Bakeresete ba kwa Korintha ka monna yo o neng a dirile boaka le mosadi wa ga rraagwe, o ne a ba raya a re: “[Neelang] monna yo o ntseng jalo Satane gore nama e senngwe.” (1Bak 5:5) Seno se ne se raya gore ba ne ba tshwanetse go mo tlosa mo phuthegong le gore ope a se ka a dirisana le ene. (1Bak 5:13) Fa Paulo a ne a re ba neele monna yoo Satane, go raya gore monna yoo e ne e tla bo e sa tlhole e le leloko la phuthego. Monna yoo yo o dirileng boleo o ne a tshwantshanngwa le “sebediso se sennye” se se tsentsweng mo “[buping] jotlhe jo bo dubilweng.” Ka jalo, fa a tlosiwa mo phuthegong, seno se tla dira gore a se ka a tlhotlheletsa Bakeresete ba bangwe ka tsela e e sa siamang. (1Bak 5:6, 7) Paulo o ile a dira ka tsela e e tshwanang ka Himenaeo le Alekesandere fa a ne a ba neela Satane ka gonne ba ne ba tlogetse go dira thato ya Modimo.—1Ti 1:20.

(1 Bakorintha 5:9-11) Mo lekwalong la me ke ne ka lo kwalela gore lo tlogele go ikopanya le bagokafadi, 10 ke sa reye gotlhelele le bagokafadi ba lefatshe leno kgotsa batho ba ba bogagaru le ba ba tsayang ka dikgoka kgotsa baobamedi ba medingwana. Go seng jalo, tota lo ne lo tla tshwanela go tswa mo lefatsheng. 11 Mme jaanong ke lo kwalela gore lo tlogele go ikopanya le motho yo o bidiwang mokaulengwe yo e leng mogokafadi kgotsa motho yo o bogagaru kgotsa moobamedi wa medingwana kgotsa mogobolodi kgotsa letagwa kgotsa yo o tsayang ka dikgoka, le gone lo se ka lwa ja le motho yo o ntseng jalo.

lv 34 ¶19

Rata ba Modimo a ba Ratang

19 Ka dinako tse dingwe, re kopiwa go kgaotsa go tsalana le mongwe yo e neng e le leloko la phuthego. Boemo jono bo nna gone fa motho yo o sa ikwatlhayeng yo o tlolang molao wa Modimo a kgaolwa kgotsa a itatola tumelo ka go ruta dithuto tsa maaka kgotsa a itomolola mo phuthegong. Lefoko la Modimo le re bolelela ka tlhamalalo gore re “tlogele go ikopanya” le batho ba ba ntseng jalo. (Bala 1 Bakorintha 5:11-13; 2 Johane 9-11) Gone go ka nna boima go tlogela go dirisana le motho yo gongwe e neng e le tsala ya rona kgotsa e le wa losika. A re tla ema re nitame, ka jalo re bontsha gore re ikanya Jehofa le melao ya gagwe e e siameng mo dilong tsotlhe? Gakologelwa gore Jehofa o batla gore re mo ikanye le go mo utlwa.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(1 Bakorintha 4:9) Gonne mo go nna go bonala e kete Modimo o beile rona baaposetoloi kwa bofelong mo pontsheng jaaka banna ba ba laoletsweng loso, ka gonne re fetogile selo sa go bogelwa ke lefatshe, le ke baengele, le ke batho.

w09 5/15 24 ¶16

Baengele—“Meya e e Direlang Botlhe”

16 Bakeresete ba ba mo tekong ke ‘selo sa go bogelwa ke baengele.’ (1 Bakor. 4:9) Baengele ba kgotsofadiwa thata ke go bona ditiro tse re di dirang ka boikanyegi e bile ba a itumela fa ba bona moleofi a ikwatlhaya. (Luke 15:10) Baengele ba bona boitshwaro jo bo siameng jwa basadi ba Bakeresete. Baebele e bontsha gore “mosadi [o tshwanetse] go nna le sesupo sa taolo mo tlhogong ya gagwe ka ntlha ya baengele.” (1 Bakor. 11:3, 10) Ee, baengele ba itumelela go bona basadi ba Bakeresete le batlhanka ba bangwe botlhe ba Modimo ba ba mo lefatsheng ba ikobela thulaganyo ya puso ya Modimo le thulaganyo ya botlhogo. Go nna kutlo jalo ke segopotso se se molemo mo barweng bano ba Modimo ba ba kwa legodimong.

(1 Bakorintha 6:3) A ga lo itse gore re tlile go atlhola baengele? Ke ka ntlha yang fa re ka se ka ra atlhola dikgang tsa botshelo jono?

it-2-E 211

Molao

Molao o o Nelwang Baengele. Le fa baengele ba sa tshwane le batho e bile ba nna kwa legodimong, ba sa ntse ba tlhoka go ikobela melao ya Modimo. (Bah 1:7, 14; Pes 104:4) Jehofa o ile a kgalemela Satane a bo a mmolelela fa a tshwanetseng go felela teng. (Job 1:12; 2:6) Moengele yo mogolo e bong Mikaele o ne a itse gore Jehofa ke Moatlhodi yo Mogolo. Gape o ile a bontsha gore o tlotla maemo a ga Jehofa fa a ne a raya Satane a re: “A Jehofa a go kgaleme.” (Jude 9; Bapisa Sek 3:2.) Fa Jesu Keresete a sena go boela kwa legodimong, Jehofa Modimo o ne a dira gore baengele botlhe ba ikobele Jesu. (Bah 1:6; 1Pe 3:22; Mat 13:41; 25:31; Baf 2:9-11) Ke ka moo Jesu a ileng a roma moengele kwa go Johane. (Tsh 1:1) Mo go 1 Bakorintha 6:3, Paulo o ne a tlhalosa gore Jesu Keresete le Bakeresete ba ba tloditsweng ba tlile go atlhola baengele, bogolo jang baengele ba ba bosula.

Mmalo wa Baebele

(1 Bakorintha 6:1-14) A mongwe wa lona yo o nnang le kgang le yo mongwe o nna pelokgale go ya kgotlatshekelong fa pele ga batho ba ba sa siamang, mme e seng fa pele ga baitshepi? 2 Kgotsa a ga lo itse gore baitshepi ba tla atlhola lefatshe? Mme fa e le gore lefatshe ruri le tla atlholwa ke lona, a ga lo a tshwanela go sekisa dilo tse e seng tsa sepe gotlhelele? 3 A ga lo itse gore re tlile go atlhola baengele? Ke ka ntlha yang fa re ka se ka ra atlhola dikgang tsa botshelo jono? 4 Jaanong, fa e le gore lo na le dikgang tsa botshelo jono tse di tshwanetseng go sekwa, a lo tlhoma banna ba ba lebelwang kwa tlase mo phuthegong go nna baatlhodi? 5 Ke bua gore ke lo tlhabise ditlhong. A ke boammaaruri gore ga go na le fa e le motho a le mongwe yo o botlhale mo gare ga lona yo o tla kgonang go atlhola mo gare ga bakaulengwe ba gagwe, 6 mme mokaulengwe o ya kgotlatshekelong le mokaulengwe, le gone a dira jalo fa pele ga ba ba sa dumeleng? 7 Tota go raya go fenngwa ga lona gotlhelele go bo lo sekisana kwa dikgotlatshekelong. Ke ka ntlha yang fa bogolo lo sa iteseletse go fosediwa? Ke ka ntlha yang fa bogolo lo sa iteseletse go tsiediwa? 8 Go na le moo, lo a fosetsa e bile lo a tsietsa, le gone lo dira jalo bakaulengwe ba lona. 9 Ebu! A ga lo itse gore batho ba ba sa siamang ga ba na go rua bogosi jwa Modimo? Lo se ka lwa tsiediwa. Go le bagokafadi, le fa e le baobamedi ba medingwana, le fa e le baakafadi, le fa e le banna ba ba beetsweng maikaelelo a e seng a tlholego, le fa e le banna ba ba robalang le banna, 10 le fa e le magodu, le fa e le batho ba ba bogagaru, le fa e le matagwa, le fa e le bagobolodi, le fa e le ba ba tsayang ka dikgoka ga ba na go rua bogosi jwa Modimo. 11 Mme le fa go ntse jalo bangwe ba lona ba ne ba ntse jalo. Mme lo tlhapisitswe lwa nna phepa, lo itshepisitswe, lo boletswe lo le ba ba siameng mo leineng la Morena wa rona Jesu Keresete le ka moya wa Modimo wa rona. 12 Dilo tsotlhe di kafa molaong mo go nna; mme ga se dilo tsotlhe tse di solegelang molemo. Dilo tsotlhe di kafa molaong mo go nna; mme ga ke na go itetlelela go tlisiwa kafa tlase ga taolo ke sepe. 13 Dijo ke tsa mpa, le mpa ke ya dijo; mme Modimo o tla di nyeletsa tsoopedi yone le tsone. Jaanong mmele ga se wa kgokafalo, mme ke wa Morena; le Morena ke wa mmele. 14 Modimo o ne a tsosa Morena e bile o tla re tsosa mo losong ka maatla a gagwe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela