LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb19 June ts. 7
  • Tlhopha Boitlosobodutu jo bo Siameng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tlhopha Boitlosobodutu jo bo Siameng
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tlhopha Boitlosobodutu jo bo Itumedisang Jehofa
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Kafa o ka Tlhophang Boitlosobodutu jo bo Siameng ka Gone
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Boitlosobodutu jo bo Molemo bo Teng
    Tsogang!—1997
  • O Tla Tlhopha Boitlosobodutu Bofe?
    Tsogang!—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
mwb19 June ts. 7

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Tlhopha Boitlosobodutu jo bo Siameng

Goreng re tshwanetse go tlhopha boitlosobodutu jo bo siameng? Ka gonne fa re tlhopha gore re a go lebelela movie ofe, re a go reetsa pina efe, re a go tsena mo website efe, re a go bala buka efe kgotsa gore re a go tshameka motshameko ofe, re a bo re tlhopha gore re tsenya eng mo megopolong ya rona. Tsela e re itshwarang ka yone e ikaegile ka ditshwetso tse re di dirang. Se se utlwisang botlhoko ke gore, bontsi jwa dilo tse batho ba itlosang bodutu ka tsone di na le dilo tse Jehofa a sa di rateng. (Pes 11:5; Bag 5:19-21) Ke sone se Baebele e re kgothaletsang gore re tswelele re akanya ka dilo tse di tla galaletsang Jehofa.—Baf 4:8.

LEBANG BIDIO YA KE TSHWANETSE GO ITLOSA BODUTU KA DILO TSE DI NTSENG JANG? LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Motshameko wa bogologolo wa kwa Roma

    Metshameko ya bogologolo ya kwa Roma e tshwana jang le metshameko e mengwe ya gone jaanong?

  • Mokaulengwe wa mmulatsela o tsamaya tshimo le mokaulengwe yo mosha

    Baboledi mo phuthegong ba ka thusa bana le basha jang go tlhopha boitlosobodutu jo bo siameng?

  • Lesole

    Baroma 12:9 e ka re thusa jang fa re tlhopha se re tla itlosang bodutu ka sone?

  • Basha ba Basupi ba tshameka bolo

    Ke dilo dife tse di siameng tse o ka itlosang bodutu ka tsone kwa o nnang teng?

O ITLOSA BODUTU KA ENG?

Gone jaanong boitlosobodutu jo bontsi bo ruta batho gore ba bale kgotsa ba lebelele batho ba bangwe mo thelebisheneng, go na le gore bone ka bobone ba itirele dilo dingwe. Fa o bala buka kgotsa o lebelela movie kgotsa mananeo a thelebishene, o a bo o lebeletse ditiro le dikakanyo tsa motho yo mongwe e seng tsa gago. Gone ga go phoso go itlosa bodutu ka dilo tseno, mme batho ba le bantsi ba bone go le mosola go itlosa bodutu ka dilo tsa ba di itirelang. Ka sekai, ba bangwe ba rata go tshameka diletswa tsa mmino kgotsa go torowa ditshwantsho. Ba bangwe ba rata go itapolosa kwa ntle ka go tshameka le ba bangwe kgotsa ka go bina le go opela. Sengwe le sengwe se re itlosang bodutu ka sone, a re direng “dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo.”—1Bak 10:31.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela