January 13-19
GENESISE 3-5
Pina 72 le Thapelo
Matseno (1 mots.)
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO
“Maaka a Ntlha a ga Satane a Tlisitse Ditlamorago Tse di Botlhoko”: (10 mets.)
Ge 3:1-5—Diabolo o ne a senya Modimo leina (w17.02 5 ¶9)
Ge 3:6—Adame le Efa ba ne ba se ka ba ikobela Modimo (w00 11/15 25-26)
Ge 3:15-19—Modimo o ne a atlhola batsuolodi bao (w12 9/1 4 ¶2; w04 1/1 29 ¶2; it-2-E 186)
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong: (10 mets.)
Ge 4:23, 24—Goreng Lameke a ile a tlhama leboko leno? (it-2-E 192 ¶5)
Ge 4:26—Batho ba motlha wa ga Enoshe ba ile ba ‘simolola go bitsa leina la ga Jehofa’ ka tsela efe? (it-1-E 338 ¶2)
Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke matlotlo afe a o ka ratang go tlotla ka one ka Jehofa Modimo, a o ka a dirisang mo tshimong, kgotsa matlotlo a mangwe a o a ithutileng?
Mmalo wa Baebele: (4 mets. kgotsa kwa tlase) Ge 4:17–5:8 (th thuto 5)
TLHAGAFALELA BODIREDI
Bidio ya Loeto Lwa Ntlha: (4 mets.) Motlotlo. Tshameka bidio, go tswa foo o bo o botsa bareetsi dipotso tse di latelang: Ke eng se o se ratileng ka matseno? Re ithuta eng mo baboleding bano fa ba ne ba rulaganya loeto lwa go boela?
Loeto Lwa Ntlha: (2 mets. kgotsa kwa tlase) Dirisa karolo ya se re ka se buang mo bodireding. (th thuto 1)
Loeto Lwa Ntlha: (3 mets. kgotsa kwa tlase) Dirisa karolo ya se re ka se buang mo bodireding. Bontsha gore o ka araba jang motho yo o buang sengwe go lo thibela go rera. (th thuto 3)
Loeto Lwa Ntlha: (3 mets. kgotsa kwa tlase) Dirisa karolo ya se re ka se buang mo bodireding. Go tswa foo, naya mong wa ntlo makasine wa bosheng o o buang ka kgang e mong wa ntlo a neng a bua ka yone kgotsa potso e a e boditseng. (th thuto 2)
BOTSHELO JWA BOKERESETE
“Go Simolola Motlotlo o Dirisa Dipampitshana”: (15 mets.) Motlotlo. Tshameka bidio e e bontshang gore re ka simolola motlotlo jang re dirisa dipampitshana lo bo lo tlotla ka yone.
Thuto ya Baebele ya Phuthego: (30 mets.) ia kgao. 1, ser. 14-27 le dipotso tsa poeletso mo setlhogong se se reng “Dintlha Tse O ka Di Akanyetsang . . .”
Dintlha Tse di Konelang (3 mets. kgotsa kwa tlase)
Pina 119 le Thapelo