MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | GENESISE 3-5
Maaka a Ntlha a ga Satane a Tlisitse Ditlamorago Tse di Botlhoko
Fa e sa le Satane a aketsa Efa, o ntse a tsietsa batho. (Tsh 12:9) Maaka a a latelang a a rotloediwang ke Satane a thibela batho jang go atamalana le Jehofa?
Ga go na Modimo
Modimo ke Tharonngwe
Modimo ga a na leina
Modimo o fisa batho mo diheleng go ya go ile
Sengwe le sengwe se se diragalang ke thato ya Modimo
Modimo ga a kgathalele batho
O ikutlwa jang ka maaka ano a Satane a a buang ka Jehofa?
O ka dira eng go bontsha gore dikgopolo tse Satane a di buang ka Modimo ke maaka?