LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w11 10/1 ts. 3
  • A o Akeditswe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Akeditswe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Maaka a Ntlha a ga Satane a Tlisitse Ditlamorago Tse di Botlhoko
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2020
  • Petere le Ananiase Ba ne Ba Bua Maaka—Re ka Ithuta Eng mo go Seno?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa go Bua Maaka Go le Bonolo Jaana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Goreng ke Tshwanetse go Ikanyega?
    Basha ba Botsa Jaana
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
w11 10/1 ts. 3

A o Akeditswe?

GO UTLWISA botlhoko tota go itse gore mongwe yo o mo ikanyang o go akeditse. O ka nna wa ikutlwa o tlhabisitswe ditlhong, o tenegile kgotsa e bile o tsieditswe. Maaka a senya botsala e bile a thuba manyalo; a amoga batho dimilionemilione tsa diranta.

Ka jalo, akanya fela gore o ne o tla ikutlwa jang fa o ne o ka lemoga gore o ntse o bolelelwa maaka ka Modimo. Fa o le motho yo o ineetseng mo Modimong, seo se ne se ka go utlwisa botlhoko fela jaaka go diragetse ka batho bano ba ba tsenang kereke:

● “Ke ne ke ikutlwa ke tsieditswe ke kereke.”—DEANNE.

● “Ke ne ke galefile. Ke ne ke ikutlwa ke tsieditswe—dilo tse ke neng ke di solofetse le mekgele ya me e ne ya nna lefela.”—LUIS.

O ka nna wa akanya gore o ka se ka wa bo o boleletswe maaka ka Modimo. Se o se itseng, o ka tswa o se boleletswe ke motho yo o mo ikanyang yo o ka se kang a go utlwisa botlhoko ka boomo—batsadi ba gago, moruti kgotsa tsala nngwe e o atamalaneng le yone. O ka tswa o ile wa dumela thuto nngwe botshelo jotlhe jwa gago. A mme ga o dumalane gore tota le kgopolo e e dumelwang ke batho ba le bantsi e ka nna maaka? Poresidente wa pele wa United States e bong Franklin D. Roosevelt o ne a lemoga ntlha eo ka gonne o ne a re: “Go boaboeletsa maaka ga go dire gore a nne boammaaruri.”

O ka itse jang gore a o akeditswe? Nako nngwe fa Jesu a rapela Modimo o ne a re: “Lefoko la gago ke boammaaruri.” (Johane 17:17) Ee, Lefoko la Modimo e leng Baebele le na le tshedimosetso e e ka re thusang go farologanya boammaaruri le maaka.

Ke eng o sa letle gore Baebele e senole dilo tse tlhano tse go a tleng go buiwe maaka ka Modimo ka tsone? O tla bona kafa boammaaruri bo ka tokafatsang botshelo jwa gago ka gone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela