LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 12/15 ts. 21-23
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa go Bua Maaka Go le Bonolo Jaana?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Ka Ntlha Yang Fa go Bua Maaka Go le Bonolo Jaana?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mabaka a go Bua Maaka
  • Akanya ka Ditlamorago tsa One
  • Lebaka la Go Bo Go Le Bonolo go Bua Maaka
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa Re Tshwanetse go Bua Boammaaruri?
  • Go Bua Maaka—A go Ka Tsamaya ga Twe go Siame?
    Tsogang!—2000
  • Boammaaruri Kaga go Aka
    Tsogang!—1997
  • Go Bua Boammaaruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • A Boammaaruri bo sa Ntse bo le Botlhokwa?
    Ditlhogo Tse Dingwe
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 12/15 ts. 21-23

Ke Ka Ntlha Yang Fa go Bua Maaka Go le Bonolo Jaana?

GA GO na motho ope yo o ratang go akediwa. Go ntse go le jalo, batho lefatshe ka bophara ba akelana ka ntlha ya mabaka a a farologaneng. Patlisiso nngwe e e ileng ya tlhagelela mo bukeng ya The Day America Told the Truth, e e kwadilweng ke James Patterson le Peter Kim, e ile ya supa gore 91 lekgolong ya Baamerika e bua maaka ka metlha. Bakwadi bano ba re: “Bontsi jwa rona re go fitlhela go le thata gore re ka fetsa beke ba sa bua maaka. Motho a le mongwe mo go ba batlhano ga a kgone go fetsa letsatsi le le lengwe fela a sa bua maaka—mme re bua ka maaka a motho a itseng sentle gore ke maaka, a a jetse tlhogo.”

Go bua maaka ke selo se se tlwaelegileng mo e ka nnang mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa letsatsi le letsatsi gompieno. Baeteledipele ba dipolotiki ba aketsa batho bao ba ba busang ebile ba aketsana bone ka bobone. Gangwe le gape, ba ile ba tlhagelela mo thelebisheneng ba itatola go nna ga bone le seabe mo go logeng digwenegwene tseo tota ba neng ba na le seabe se segolo mo go tsone. Sissela Bok, mo bukeng ya gagwe ya Lying—Moral Choice in Public and Private Life, o bolela jaana: “Mo go tsa molao le mo go tsa bobegadikgang, mo go tsa puso le mo saenseng ya thutoloago, go tsietsa go lejwa e le selo se se itshiametseng fela fa bao ba buang maaka le bao ba dirang melao ba go leba go siame fela.”

Fa e bua ka go bua maaka mo dipolotiking kwa United States, Common Cause Magazine ya May/June 1989 e ile ya re: “Eleruri Watergate le Vietnam di tshwana fela le fa Iran e ne e newa dibetsa ka sephiri le fa lekoko la contra ba ne ba thusiwa fa go tla mo kgannyeng ya gore mmuso o tsietse batho le gore batho ba se tlhole ba o ikanya. Ka jalo ke eng seo se ileng sa dira gore nako ya fa Reagan a ne a busa e nne nako ya diphetogo tse dikgolo jaana? Ba le bantsi ba ne ba bua maaka, lefa go ntse jalo ke ba sekae fela bao ba neng ba swabela seno.” Ka gone he, ke gone ka moo batho fela ba sa ikanyeng baeteledipele ba bone ba dipolotiki.

Mo dikgolaganong tsa boditšhabatšhaba baeteledipele bano ba go fitlhela go le thata go ikanyana. Motlhalefi wa Mogerika ebong Plato o ile a bolela jaana: “Babusi ba Naga . . . ba ka letliwa go bua maaka e le gore seno se tle se solegele Naga molemo.” Mo dikgolaganong tsa boditšhabatšhaba ke fela jaaka fa boperofeti jwa Bibela mo go Daniele 11:27 bo re: “Di tla bua maaka ha lomatiñ lo le loñwe hèla loa boyèlō.”

Mo go tsa kgwebo, go bua maaka kaga dilo tseo di rekisiwang le kaga ditirelo ke selo se se tlwaelegileng. Bareki ba tshwanelwa ke go tsenela ditumalano tse di saenelwang ba ntshitse matlho dinameng, ba tlhomamisa gore ba bala ditumalano tseno sentle tseo di kwadilweng ka boomo gore di nne thata go tlhaloganngwa. Dinaga dingwe di na le baemedi ba puso bao ba tsamaisang dilo sentle go sireletsa batho go tswa mo go phasaladiweng ga dilo tse di rekisiwang ka tsela ya maaka, go ba sireletsa mo papatsong e e tsietsang eo go tweng e mosola kana ga e gobatse, le go ba sireletsa mo dikgwebong tse di tsietsang. Go sa kgathalesege maiteko a a ntseng jalo, batho ba tswelela ba boga mo go tsa madi e le ka ntlha ya bagwebi bano ba ba maaka.

Mo bathong ba bangwe, go bua maaka ke selo se se bonolo thata mo e leng gore go fetoga tlwaelo ya bone. Ba bangwe bone ka tlwaelo fela ke batho ba ba buang boammaaruri, lefa go le jalo fa ba le mo dipharagobeng ba bua maaka. Ke ba sekae fela bao ba ganang go bua maaka kafa tlase ga maemo ape fela.

Maaka a tlhalosiwa e le “1. pego ya maaka kana tiro ya maaka, segolobogolo eo e dirwang ka maitlhomo a go tsietsa . . . 2. sengwe le sengwe seo se dirwang kana seo maikaelelo a sone e leng go fa batho boikutlo jo e seng jone.” Boikaelelo jwa one ke go dira gore ba bangwe ba dumele seo yo o buang maaka a itseng sentle fela gore ga se boammaaruri. Ka go bua maaka kana boammaaruri jo bo sa felelang, o leka go tsietsa bao ba neng ba tshwanetse go itse boammaaruri.

Mabaka a go Bua Maaka

Go na le mabaka a le mantsi ao a dirang gore batho ba bue maaka. Bangwe ba akanya gore ba patelesega go bua maaka kaga dilo tseo ba di kgonang e le gore ba tle ba atlege mo lefatsheng leno le le tletseng moya wa go gaisana. Ba bangwe ba leka go bipa diphoso kana melato ka go bua maaka. Go ntse go le jalo bangwe bone ba tlatsa dipego tsa maaka e le go dira gore ba bangwe ba akanye gore ba dirile tiro eo tota ba sa e dirang. Gape go na le bao ba buang maaka e le gore ba ke ba senye ba bangwe maina, gore ba ke ba tile go tlhabisiwa ditlhong, go tlhatswa maaka ao a kileng a buiwa, kgotsa gore ba ke ba jele ba bangwe madi.

Seipato se se tlwaelegileng sa go bua maaka ke sa gore a sireletsa motho yo mongwe. Bangwe ba tsaya seno e le maaka a a siameng ka gonne ba akanya gore ga a gobatse ope. A mme one maaka ano a go tweng ke maaka a a siameng ga a ke a lere ditlamorago tse di sa itumediseng?

Akanya ka Ditlamorago tsa One

Maaka a a siameng a ka dira gore motho a tlwaele go bua maaka ao a amang dilo tse di masisi. Sissela Bok o akgela jaana: “Maaka otlhe ao a sirelediwang ka gore ke ‘a a siameng’ ga a kake a tlogelwa fela bonolo jalo. Sa ntlha, gore maaka ga a gobatse ke selo seo se nang le leina le le maswe seo go sa dumalanweng ka sone. Seo yo o buang maaka a se lebang se sa gobatse kana se le mosola se ka nna sa se ka sa nna jalo mo go yo o tsieditsweng.”

Go bua maaka, go sa kgathalesege gore go ka lebega go se phoso go le kana kang, ke selo se se ka senyang dikamano tse dintle tsa batho. Yo o buang maaka a ka intsha seriti, ebile a ka dira gore ba bangwe ba se ka ba tlhola ba mo ikanya goyagoile. Mokwadi wa ditlhamo yo o itsegeng ebong Ralph Waldo Emerson o ile a kwala jaana: “Go se bue boammaaruri ga yo o ratang go bua maaka ga se fela gore go gobatsa ene ka boene, mme gape go ka gobatsa boitekanelo jwa setšhaba sotlhe.”

Ke selo se se bonolo fela ka yo o ratang go bua maaka go bua dipego tsa maaka ka motho yo mongwe. Lefa gone a ka se ka a ntsha bosupi, maaka ano a gagwe a ka lere dipelaelo, mme batho ba le bantsi ba ka mo dumela kwantle ga go sekaseka maiphako ano a gagwe. Ka gone leina la motho yo o seng molato le ka senyega, mme o rwala morwalo wa gore a itshupe gore ga a molato. Ka gone, go bolaisa pelo fa batho ba dumela motho yo o buang maaka go na le gore ba dumele yo o seng molato, ebile seno se ka senya kamano eo yo o seng molato a nang le yone le yo o buang maaka.

Go ka nna bonolo fela ka yo o buang maaka gore a godise tlwaelo eno ya go bua maaka. Gantsi go bua maaka go mo gogela gore a bue maaka mo makgetlong a a latelang. Thomas Jefferson, yo pele e neng e le motlhankedi wa puso ya Amerika, o ne a bolela jaana: “Ga go na tlwaelo epe e e sa siamang, e e sa itumediseng, e e nyatsegang jaaka eno; mme yo o itetlang gore a bue maaka mo lekgetlong la ntlha, o go fitlhela go le bonolo go bua maaka lekgetlo la bobedi le la boraro, go fitlha kwa bofelong e nna tlwaelo ya gagwe.” Ke tsela e e lebisang kwa go weng ga boitshwaro.

Lebaka la Go Bo Go Le Bonolo go Bua Maaka

Go bua maaka go simologile fa moengele mongwe wa motsuolodi a ne a akela mosadi wa ntlha, a mmolelela gore o ne a se kitla a swa fa a ne a ka se utlwe Mmopi wa gagwe. Seno se ne sa felela ka mathata a a seng kana ka sepe mo lotsong lotlhe lwa motho, go go neng ga lere bosaitekanelang, bolwetsi, le loso mo bathong botlhe.—Genesise 3:1-4; Baroma 5:12.

Go tloga ka nako ya ga Adame le Efa ba ba ileng ba se ka ba utlwa, tlhotlheletso ya moaki yono e e boferefere e ile ya dira gore dilo di nne ka tsela e e tlhotlheletsang batho go bua maaka. (Yohane 8:44) Lefatshe leno le maswe mo boammaaruri bo sa buiweng go le kalo. The Saturday Evening Post ya September 1986 e ile ya bolela gore bothata jwa go bua maaka “bo ama tsa kgwebo, puso, thuto, boitlosobodutu, le dikamano tse di tlwaelegileng tsa letsatsi le letsatsi gareng ga baagi ba naga le baagisani. . . . Re ile ra amogela mogopolo wa gore boammaaruri ke selo se se ka buiwang ka selekanyo se se rileng fela eleng maaka a magolo a gore ga go kgonege gore go ka nna le selo se go tweng ke boammaaruri jo bo feletseng.”

Tsela eno ke tsela e batho ba ba itlwaeditseng go bua maaka ba lebang dilo ka yone, bao ba senang moya ope wa go akanyetsa bao ba ba tsietsang. Mo go bone go bua maaka ke selo se se itlelang bonolo fela. Ke tsela ya bone ya botshelo. Lefa go le jalo ba bangwe bone bao e seng batho ba ba itlwaeditseng go bua maaka ba ka bua maaka ba sa okaoke e le ka ntlha ya go boifa—ba boifa gore ba tla senoga, ba boifa gore ba tla otlhaiwa, jalo le jalo. Seno ke bokoa jwa nama e e sa itekanelang. Ke jang motho a ka dirang gore a lese mokgwa ono mme a ikemisetse gore o tla bua boammaaruri?

Ke Ka Ntlha Yang Fa Re Tshwanetse go Bua Boammaaruri?

Go bua boammaaruri ke molao o Mmopi wa rona yo mogolo a o re tlhometseng. Lefoko la gagwe le le kwadilweng, Bibela, le re bolelela mo go Bahebera 6:18 gore ‘go retetse mo Modimong go aka.’ Morwawe ebong Jesu Keresete, yo e neng e le moemedi wa Modimo ka namana mo lefatsheng le ene o ne a tshegetsa molao ono o o tshwanang. Jesu o ile a bua jaana le baeteledipele ba Bajuda ba ba neng ba leka go mmolaya: “Yanoñ lo senka go mpolaea, ke le motho eo ke lo boleletseñ boamarure, yo ke bo utlwileñ mo Modimoñ: . . . Me ha nka bo ke re, ga ke mo itse, nka bo ke chwana le lona, ka nna moaki.” (Yohane 8:40, 55) O ile a re tlhomela sekao ka gonne o ile a nna “eo o se kañ a diha boleo bopè, le boherehere bo se kañ yoa hitlhèlwa mo molomuñ oa gagwè.”—1 Petere 2:21, 22.

Mmopi wa rona, yo leina la gagwe eleng Jehofa, o ila maaka, fela jaaka fa Diane 6:16-19 e bolela jaana ka phepafalo: “Go na le dilō di le thataro tse Yehofa o di ilañ; E, di shupa tse di mo hedisañ pelo: ke tse, Matlhō a a kadileñ, loleme lo lo akañ, le diatla tse di chololañ madi a motho a a senañ molato; Pelo e e logañ ditlhatlhanyō tsa boikèpō, dinaō tse di boheho go sianèla kwa bosenyiñ: Moshupi oa kakō eo o bilolañ maaka, le eo o yalañ kgotlhañ mo baneñ ba monna.”

Modimo ono o o boammaaruri o batla gore re tshele go ya ka melao ya gagwe e le gore a tle a amogele. Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng le re laela jaana: “Se akalaneñ; ka lo apotse motho oa bogologolo le ditihō tsa gagwè.” (Bakolosa 3:9) Ga a amogele batho bao ba ganang go tlogela tlwaelo eno ya go bua maaka; ebile ga ba ne ba bona mpho ya gagwe ya botshelo. Tota ebile Pesalema 5:6 e bua puo phaa gore Modimo “u tla senya ba ba buañ maaka.” Tshenolō 21:8 e tswelela pele go bolela gore kabelo ya “baaki botlhe” ke “losho loa bobedi,” eleng go nyelediwa bosakhutleng. Ka gone go amogela tsela eo Modimo a lebang maaka ka yone go re naya lebaka le le nonofileng la go bua boammaaruri.

Lefa go le jalo ke eng seo se ka dirwang mo maemong ao mo go one go bua boammaaruri go ka tsosang seemo seo se ka tlhabisang motho ditlhong kana go ka lere boikutlo jo bo sa itumediseng? Go bua maaka ga go kitla go rarabolola dilo, lefa go le jalo ka dinako tse dingwe go itidimalela fela go ka thusa. Go thusang go bua maaka ao a ka go senyang leina ebile a ka dirang gore o se ka wa tlhola o amogelwa ke Modimo?

Ka ntlha ya poifo le bosaitekanelang jwa batho, motho a ka nna a raelesega go itshireletsa ka go bua maaka. Selo seno ke selo seo motho a ka se dirang bonolo fela kana go dirisa bopelontle ka tsela e e sa tshwanelang. Moaposetoloi Petere o ile a wela mo tekong eno ka nako ya fa a ne a itatola Jesu Keresete ka makgetlo a le mararo. Morago ga moo, pelo ya gagwe e ne ya utlwa botlhoko ka ntlha ya go bo a ile a bua maaka. (Luke 22:54-62) Go bo eleruri a ile a bontsha go ikwatlhaela sebe seno, go ile ga tlhotlheletsa Modimo gore a mo itshwarele ka jaana re lemoga seno mo ditshiamelong tse dikgolo tsa tirelo tse a ileng a segofadiwa ka tsone moragonyana. Go ikotlhaya mmogo le go ikemisetsa go tlogela go tlhola o bua maaka ke tsela eo e ka dirang gore motho a itshwarelwe ke Modimo mo dilong tseo a di tlhoileng.

Lefa go le jalo go na le gore o bue maaka mme e bo e le gone o kopang gore o itshwarelwe, tswelela pele o kgaratlhela go nna le kamano e e siameng le Mmopi wa gago mme o tswelele pele o na le leina le lentle mo bathong ba bangwe ka go bua boammaaruri. Gakologelwa seo Pesalema 15:1, 2 e se bolelang fa e re: “Yehofa, e mañ eo o tla tlhōla tlhōlañ mo motlaaganeñ oa gago? e mañ eo tla agañ mo thabaneñ ea gago e e boitshèpō? Ke motho eo o tsamaeañ ka thōkgamō, a diha tshiamō, a bile a bua boamarure mo peduñ ea gagwè.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela