Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi
JANUARY 3-9
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | BAATLHODI 15-16
“Go Tlhanoga go Tlhabisa Ditlhong!”
Bosaikanyegeng—Sesupo sa Metlha ya Bofelo!
4 Sa ntlha, akanya ka Delila yo o boferefere, yo Moatlhodi Samesone a neng a mo rata. Samesone o ne a ikaeletse go bolotsa ntwa kgatlhanong le Bafilisitia mo boemong jwa batho ba Modimo. Gongwe ka gonne barena ba Bafilisitia ba le batlhano ba ne ba itse gore Delila o ne a sa ikanyege mo go Samesone, ba ne ba mo naya madi a mantsi a pipamolomo gore a ntshe sephiri sa gore Samesone o tsaya kae maatla a gagwe a magolo gore ba kgone go mmolaya. Mme Delila yo o megagaru o ne a amogela pipamolomo eo, mme maiteko a gagwe a go itse sephiri sa ga Samesone a ne a itaya sefololetse makgetlho a le mararo. O ne a tswelela a mo tsenya letsatsi “ka mafoko a gagwe ka dinako tsotlhe mme a nna a mo emelela.” Kgabagare “moya wa gagwe o ne wa fela pelo go ya losong.” Ka jalo, o ne a mmolelela gore moriri wa gagwe ga o ise o beolwe le gore fa o ne o ka beolwa o tla felelwa ke maatla. Fa Delila a sena go utlwa seo, o ne a robatsa Samesone mo mangoleng a gagwe mme a dira gore moriri wa gagwe o beolwe, a bo a mo neela baba ba gagwe gore ba dire sengwe le sengwe se ba se ratang ka ene. (Baatlh. 16:4, 5, 15-21) Ruri se a se dirileng se ne se ferosa sebete! Delila o ne a oka mongwe yo a neng a mo rata, fela ka ntlha ya megagaru.
Dintlhakgolo Tsa Buka ya Baatlhodi
14:16, 17; 16:16. Go pateletsa motho yo mongwe ka go lela le go ipetola go ka senya botsala.—Diane 19:13; 21:19.
Bosaikanyegeng—Sesupo sa Metlha ya Bofelo!
15 Batho ba ba nyalaneng ba ka nna jang ba ikanyega mo balekaneng ba bone? Lefoko la Modimo la re: “Ipele le mosadi [kgotsa monna] wa bosha jwa gago” gape la re, “Bona botshelo le mosadi [kgotsa monna] yo o mo ratang.” (Dia. 5:18; Mor. 9:9) Fa banyalani ba ntse ba gola, ba tshwanetse go dira ka natla gore ba atamalane, ka tsela ya mmatota le mo maikutlong. Seno se kaya gore ba tshwanetse go reetsana, go fetsa nako ba le mmogo le go atamalana. Ba tshwanetse go tlhoma mogopolo mo go sireletseng lenyalo la bone le kamano e ba nang le yone le Jehofa. Gore banyalani ba kgone go dira jalo, ba tshwanetse go bala Baebele mmogo, go dira mmogo ka metlha mo bodireding le go rapela Jehofa mmogo gore a ba segofatse.
NNA O IKANYEGA MO GO JEHOFA
16 Go na le bangwe mo phuthegong ba ba dirileng maleo a a masisi mme ba kgalemetswe ka kgalemelo e e ‘gagamaditsweng gore ba itekanele mo tumelong.’ (Tito 1:13) Ba bangwe ba ile ba itshwara ke tsela e e neng e tlhoka gore ba kgaolwe. Kotlhao e ile ya thusa “ba ba thapisitsweng ka yone” gore ba boele mo phuthegong. (Baheb. 12:11) Go tweng fa e le gore re na le mongwe wa losika kgotsa tsala e re atamalaneng thata le yone e e kgaotsweng? Jaanong boikanyegi jwa rona bo mo kotsing, go ikanyega mo Modimong e seng mo mothong yoo. Jehofa o re lebile go bona gore a re tla ikobela taelo ya gagwe ya gore re se ka ra ikamanya ka gope le ope fela yo o kgaotsweng.—Bala 1 Bakorintha 5:11-13.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Samesone o Fenya ka Maatla A a A Newang ke Jehofa!
Ga go na sepe se Samesone a neng a akanya ka sone fa e se go lwantsha Bafilisitia. Go nna ga gagwe kwa ntlong ya seaka sengwe kwa Gasa e ne e le ka boikaelelo jwa go lwantsha baba ba Modimo. Samesone o ne a tlhoka lefelo la borobalo mo motseng wa baba ba gagwe mme o ne a ka le bona fela kwa ntlong ya seaka. Samesone o ne a se na boikaelelo bope jwa go nna le seabe mo boitsholong jo bo sa siamang. O ne a tswa mo ntlong ya mosadi yono bosigogare mme a tshwara ditswalo tsa kgoro ya motse le dikota tse pedi tse di kafa thoko mme a tsamaya a di sikere go ya kwa godimo ga thaba e e fa gaufi le Heberone, e e neng e le dikilometara tse di ka nnang 60. Modimo o ne a mo letla go dira jalo a bo a mo naya maatla.—Baatlhodi 16:1-3.
JANUARY 10-16
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | BAATLHODI 17-19
“Go sa Ikobele Melao ya Modimo go Baka Mathata”
it-2-E 390-391
Mika
1. Monna wa kwa Eferaime. O ile a tlola molao wa borobedi mo Melaong e e Lesome (Ek 20:15) e e neng e tlhomilwe, fa a ne a utswetsa mmaagwe dishekele tsa selefera tse 1 100. Fa a sena go ipolela molato wa gagwe le go busa dishekele tseo, mmaagwe o ne a re: “Ruri ke tla dira selefera eno boitshepo gore e nne ya ga Jehofa. Ke batla gore o itirele setshwantsho se se betlilweng le sefikantswe se se bopilweng ka yone. Jaanong selefera eno e tla nna ya gago.” Go tswa foo, o ile a tsaya selefera di le 200 a bo a di isa kwa mothuding wa selefera yo neng a dira “setshwantsho se se betlilweng le sefikantswe” mme kwa morago se ne sa bewa mo ntlong ya ga Mika. Mika o ne a na le “ntlo ya medimo” mme o ile a dira khiba le terafime a bo a tlhoma mongwe wa bana ba gagwe gore a direle jaaka moperesiti. Le fa thulaganyo eno e ne e diretswe go galaletsa Jehofa, e ne e ferosa sebete ka gonne e ne e tlola molao o o neng o thibela batho go obamela medingwana (Ek 20:4-6) e bile e ne e sa tlotle thulaganyo ya ga Jehofa ya go obamelwa. (Baa 17:1-6; Dut 12:1-14) Moragonyana Mika o ne a tsaya Jonathane morwa Gereshome (Gereshome e ne e le morwa Moshe) a bo a mo laletsa kwa ntlong ya gagwe gore e nne moperesiti e re ka e ne e le Molefi. (Baa 18:4, 30) Mika o ne akanya gore se a se dirileng se siame, ka jalo o ne a re: “Jaanong ke a itse gore Jehofa o tla nna molemo mo go nna.” (Baa 17:7-13) Mme gone, Jonathane o ne a sa tswe mo losikeng lwa ga Arone. Ka jalo o ne a sa tshwanelege gore a direle jaaka moperesiti, mme eo e ne e le phoso e nngwe gape e Mika a neng a e dirile.—Dip 3:10.
it-2-E 391 ¶2
Mika
Moragonyana Mika le banna bangwe ba ile ba lelekisa Badana morago ga gore ba ba utswetse. Fa ba sena go ba tshwara, Badana ba ne ba ba botsa gore ba batla eng, mme Mika o ne a re: “Lo tsere medimo ya me e ke e dirileng e bile lo tsamaile le ka moperesiti wa me. Jaanong nna ke setse ka eng?” Ka jalo, bomorwa Dana ba ne ba tshosetsa Mika ka gore fa a ne a ka tswelela a ba setse morago ba ne ba tla mo tlhasela. Fa Mika a ne a lemoga gore Badana ba na le maatla go mo feta o ile a boela gae. (Baa 18:22-26) Badana ba ne ba fisa motse wa Laishe, ba bo ba aga motse o mosha o ba neng ba o bitsa Dana. Jonathane le bomorwawe ba ile ba direla e le baperesiti ba Badana mme “ba ne ba tlhoma setshwantsho se se betlilweng se Mika a neng a se dirile, mme se ne sa nna foo malatsi otlhe a fa ntlo ya Modimo wa boammaaruri [motlaagana] e ne e le kwa Shilo”—Baa 18:27-31.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Thanolo e e Motlhofo
6 Gone jaanong go na le bosupi bo le bontsi jo bo bontshang gore re tshwanetse go dirisa leina la Modimo. Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya 2013 e dirisa leina la Modimo makgetlo a le 7 216. Seno se raya gore palo ya ditemana tse leina leno le tlhagelelang mo go tsone, e oketsegile ka makgetlo a le marataro go feta thanolo ya pele. Mo makgetlong a le matlhano, leina la Modimo le tsentswe mo ditemaneng dingwe ka gonne le ile la fitlhelwa mo Memenong ya Lewatle le le Suleng e e ileng ya phasaladiwa bosheng jaana. Leina leno le fitlhelwa makgetlo a le matlhano mo go 1 Samuele 2:25; 6:3; 10:26; 23:14, 16. Mme lekgetlo la borataro le mo go Baatlhodi 19:18, le akareditswe ka gonne go ile ga dirwa dipatlisiso tse di oketsegileng go tswa mo mekwalong ya bogologolo ya Baebele.
JANUARY 17-23
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | BAATLHODI 20-21
“Nna o Kope Thuse mo go Jehofa”
A o Ka Tshwana le Finease fa o Lebana le Dikgwetlho?
Morago ga gore mogadingwana wa Molefi mongwe a betelelwe le go bolawa ke banna ba kwa Gibea ba lotso lwa Benjamine, ditso tse dingwe di ne tsa bolotsa ntwa kgatlhanong le Babenjamine. (Baatlh. 20:1-11) Ditso tseo di ne tsa kopa thuso mo go Jehofa ka thapelo pele ba lwa, mme ba ne ba fenngwa gabedi ka phenyo e kgolo. (Baatlh. 20:14-25) A ba ne ba tla swetsa ka gore dithapelo tsa bone di ne di sa utlwale? A ruri Jehofa o ne a itumelela go ba bona ba dira sengwe ka boleo jo bo neng bo dirilwe?
Dintlhakgolo Tsa Buka ya Baatlhodi
20:17-48—Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a letla Babenjamine go fenya ditso tse dingwe gabedi, le fa bone ba ne ba tlhoka go otlhaiwa? Ka go letlelela ditso tse di ikanyegang gore pele di fenngwe gotlhelele, Jehofa o ne a leka go ntsha bosula mo Iseraele.
A o Ka Tshwana le Finease fa o Lebana le Dikgwetlho?
Re ka ithutang eng mo go seno? Mathata mangwe mo phuthegong a ka tswelela a le gone le fa bagolwane ba dira maiteko a magolo e bile ba rapelela thuso ya Modimo. Fa seno se direga go tla bo go le molemo gore bagolwane ba gakologelwe mafoko ano a ga Jesu: “Nnang lo kope [kgotsa lo rapele], mme lo tla newa; nnang lo senke, mme lo tla bona; nnang lo kokote, mme lo tla bulelwa.” (Luke 11:9) Tota le fa go lebega e kete thapelo ya balebedi e diega go arabiwa, ba ka tlhomamisega gore Jehofa o tla ba araba ka nako ya gagwe.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
A o Ne o Itse?
Metsekedi e ne e dirisiwa jang bogologolo mo ntweng?
Motsekedi ke sebetsa se Dafide a neng a se dirisa go bolaya Goliathe wa mokaloba. Go bonala Dafide a ne a ithutile go dirisa sebetsa seno fa e ne e sa ntse e le mosimanyana wa modisa.—1 Samuele 17:40-50.
Mo botaking jwa kwa Egepeto le jwa kwa Asiria go ne go tshwantshitswe motsekedi o o neng o dirisiwa mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele. Sebetsa seno se dirilwe ka kgetsana ya letlalo kgotsa ya letsela e e nang le dikgwage kgotsa megala e mebedi. Motsomi o tla tsenya mo go yone matlapana a a borethe a a kgolokwe a a boleele jwa disentimetara di le 5 go ya go di le 7,5 mme gongwe a le bokete jwa digerama di le 250. O tla dikolosa motsekedi mo godimo ga tlhogo ya gagwe a bo a tlogela mogala o le mongwe, a dira gore letlapa le tswe ka maatla a magolo le ye kwa le kolopelwang teng.
Baribolodi kwa Botlhabagare ba ile ba ribolola matlapa a le mantsi a metsekedi a a neng a dirisiwa mo dintweng tsa bogologolo. Batlhabani ba ba nang le bokgoni ba ne ba kolopa letlapa le le tsamayang ka dikilometara di le 160 go ya go di le 240 ka ura. Bakanoki ga ba dumalane gore a motsekedi o tshwana le bora mme gone motsekedi o itshupile o le kotsi.—Baatlhodi 20:16.
JANUARY 24-30
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | RUTHE 1-2
“Nnang le Lorato Lo lo Sa Kgaotseng”
Etsa Ditsala Tsa ga Jehofa
5 Ba gaabo Ruthe ba ne ba nna kwa Moabe. Fa a ne a batla, o ne a ka boela kwa go bone mme ba ne ba ka nna ba mo tlhokomela. O ne a itse batho ba kwa Moabe, puo le ngwao ya teng. Naomi o ne a ka se solofetse Ruthe sepe sa dilo tseno kwa Bethelehema. Naomi o ne a tlhobaediwa ke gore Ruthe a ka nna a se ka a bona monna yo o tla mo nyalang kgotsa legae. Ka jalo, Naomi o ne a mo kopa gore a boele kwa gaabo kwa Moabe. Orepa ene o ne a setse a “boetse kwa bathong ba gagabo le kwa medimong ya gagwe.” (Ruthe 1:9-15) Ruthe ene o ne a gana go boela kwa bathong ba gaabo le kwa medingwaneng ya bone.
Etsa Ditsala Tsa ga Jehofa
6 Ruthe a ka tswa a ithutile ka Jehofa mo monneng wa gagwe kgotsa mo go matsalaagwe e bong Naomi. O ne a ithutile gore Jehofa ga a tshwane le medimo ya Moabe. O ne a rata Jehofa e bile a batla go mo obamela. Ka jalo, Ruthe o ile a tsaya tshwetso e e siameng. O ne a raya Naomi a re: “Batho ba gaeno e tla nna batho ba gaetsho, le Modimo wa gago e tla nna Modimo wa me.” (Ruthe 1:16) Tsela e Ruthe a neng a rata Naomi ka yone, e ama pelo. Mme se se kgatlhang thata ke gore Ruthe o ne a rata Jehofa. Seno se ne sa kgatlha Boase, ke ka moo a neng a akgola Ruthe go bo a ile a ‘senka botshabelo kafa tlase ga diphuka tsa ga Jehofa.’ (Bala Ruthe 2:12.) Mafoko a ga Boase a re gopotsa lemphorwana le le itshireletsang ka go tshabela ka fa tlase ga diphuka tsa mmaalone. (Pesalema 36:7; 91:1-4) Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o ile a sireletsa Ruthe le mo go mo duela ka ntlha ya tumelo ya gagwe. Ruthe o ne a se na lebaka la go nna pelopedi ka tshwetso e a e dirileng.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Dintlhakgolo Tsa Buka ya Ruthe
1:13, 21—A Jehofa o ne a sulafaletsa Naomi botshelo le go mmakela masetlapelo? Nnyaa, Naomi o ne a sa pege Modimo molato. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya dilo tsotlhe tse di neng di mo diragaletse, o ne a akanya gore Jehofa o ne a le kgatlhanong le ene. O ne a utlwile botlhoko e bile a kgobegile marapo. Mo godimo ga moo, mo malatsing ao, leungo la sebopelo le ne le tsewa e le masego a a tswang kwa Modimong mme go nna moopa e le phutso. E re ka Naomi a ne a se na ditlogolo e bile a swetswe ke barwa, a ka tswa a ile a ikutlwa gore o na le lebaka le le utlwalang la go akanya gore Jehofa ke ene yo o mo kokobeditseng.
JANUARY 31–FEBRUARY 6
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | RUTHE 3-4
“Tswelela o Itsege ka Tsela e e Siameng”
“Mosadi yo o Molemo Thata”
Fa Boase a ne a bua le Ruthe, ga go pelaelo gore Ruthe o ne a kgothadiwa ke tsela e e bonolo e a neng a bua ka yone. O ne a re: “E kete Jehofa a ka go segofatsa, morwadiaka. O bontshitse bopelonomi jwa gago jwa lorato botoka mo lekgetlhong la bofelo go na le mo go la ntlha, ka go sa latele makawana e ka tswa e le a maemo a a kwa tlase kana a a humileng.” (Ruthe 3:10) ‘Lekgetlho la ntlha’ le kaya lorato lo lo ikanyegang lo Ruthe a neng a le bontsha Naomi ka go tsamaya le ene fa a ne a boela kwa Iseraele le go mo tlhokomela. ‘Lekgetlho la bofelo’ ke se a neng a se dira mo nakong eo. Boase o ne a lemoga gore mosadi yo mosha jaaka Ruthe o ne a ka batla go nyalwa ke monna yo mosha, a ka tswa a humile kgotsa a humanegile. Go na le moo, o ne a dira molemo e seng mo go Naomi fela mme le mo monneng yo o tlhokafetseng wa ga Naomi gore a tsweletse leina la monna yo o suleng mo nagagaeng ya gagabo. Ga go gakgamatse go bo Boase a ne a kgatlhiwa ke mosadi yono yo mosha yo o seng pelotshetlha.
“Mosadi yo o Molemo Thata”
Ruthe o tshwanetse a bo a ile a itumela tota fa a akanya ka se Boase a se buileng—gore o ne a itsege mo bathong botlhe e le “mosadi yo o molemo thata”! Ga go pelaelo gore go bo a ile a iketleeletsa go batla go itse Jehofa le go mo direla ke gone go dirileng gore a itsege ka tsela eo. Gape o ne a bontsha Naomi le batho ba gagabo bopelonomi le gore o tshwenyega ka dilo tse ba di tlhokang, a tshela ka melao le dingwao tse a neng a sa di tlwaela. Fa re etsa tumelo ya ga Ruthe, re tla tlotla batho ba bangwe, melao ya bone le dingwao tsa bone fela thata. Fa re dira jalo, le rona re ka itsege ka tsela e e molemo.
“Mosadi yo o Molemo Thata”
Boase o ne a nyala Ruthe. Go tswa foo re bala jaana: “Jehofa a dira gore a ithwale mme a tshola ngwana wa mosimane.” Basadi ba Bethelehema ba ne ba baka Naomi ba bo ba akgolela Ruthe go bo a le botoka mo go Naomi go na le barwa ba le supa. Moragonyana, morwa Ruthe o ne a nna mogologolwane wa ga Kgosi Dafide yo o maatla. (Ruthe 4:11-22) Mme Dafide ene o ne a nna mogologolwane wa ga Jesu Keresete.—Mathaio 1:1.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Dintlhakgolo Tsa Buka ya Ruthe
4:6—Morekolodi o ne a ka “senya” boswa jwa gagwe jang ka go rekolola? Sa ntlha, fa motho yo o wetsweng ke khumanego a ile a rekisa boswa jwa gagwe jwa naga, morekolodi o ne a tshwanelwa ke go ntsha madi go reka naga eo ka tlhwatlhwa e e tsamaelanang le dingwaga tse di setseng pele ga Jubile e e latelang e fitlha. (Lefitiko 25:25-27) Go dira jalo go ne go tla fokotsa boleng jwa dithoto tse a nang le tsone. Mo godimo ga moo, fa go ne go ka direga gore Ruthe a tshole morwa, morwa yoo, e ne e tla nna ene moruaboswa wa naga eo e e rekilweng ke morekolodi yoo, e seng ope fela o sele wa losika lwa morekolodi.
FEBRUARY 7-13
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 1 SAMUELE 1-2
“Rapela Jehofa Mme o Mmolelele Tsela e o Ikutlwang ka Yone”
O ne A Rapela Modimo go Tswa Pelong
12 Ka jalo, Hana o tlhometse batlhanka botlhe ba Modimo sekao mo kgannyeng ya thapelo. Jehofa o kopa batho ba gagwe ka bopelonomi gore ba bue le ene ba gololesegile, ba sa okaoke, ba mmolelele dilo tse di ba tshwenyang fela jaaka ngwana yo o ikanyang motsadi wa gagwe yo a mo ratang. (Bala Pesalema 62:8; 1 Bathesalonika 5:17.) Moaposetoloi Petere o ne a tlhotlhelediwa go kwala mafoko ano a a gomotsang a a malebana le go rapela Jehofa: ‘Latlhelang tlhobaelo yotlhe ya lona mo go ene, ka gonne o a lo kgathalela.’—1 Pet. 5:7.
Kafa Hana a Neng a Bona Kagiso ka Teng
Ke eng se re ka se ithutang mo go seno sotlhe? Fa re rapela Jehofa ka dilo tse di re tshwenyang, re ka mmolelela kafa re ikutlwang ka teng mme ra kopa go tswa pelong. Fa go se na sepe se sengwe se re ka se dirang go rarabolola bothata, re tshwanetse go tlogela kgang mo diatleng tsa ga Jehofa. Seo ke sone se se molemo go se dira.—Diane 3:5, 6.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Dintlhakgolo Tsa Buka ya Samuele wa Ntlha
2:10—Ke ka ntlha yang fa Hana a ile a rapelela gore Jehofa “a neye kgosi ya gagwe nonofo” fa go ne go se na kgosi epe ya motho mo Iseraele? Go ne go boleletswe pele mo Molaong wa ga Moshe gore Baiseraele ba ne ba tla nna le kgosi ya motho. (Duteronome 17:14-18) Mo boporofeting jwa ga Jakobe fa a tloga a swa, o ne a re: “Lore lwa segosi ga lo kitla lo fapoga mo Juda.” (Genesise 49:10) Mo godimo ga moo, malebana le Sara—mmèmogologolwane wa Baiseraele—Jehofa o ne a re: “Dikgosi tsa ditšhaba di tla tswa mo go ene.” (Genesise 17:16) Ka jalo Hana o ne a rapela ka kgosi ya mo isagweng.
FEBRUARY 14-20
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 1 SAMUELE 3-5
“Jehofa o Akanyetsa ba Bangwe”
Jehofa o Akanyetsa Batho ba Gagwe
3 Samuele o ne simolola go “direla Jehofa” a sa ntse a le monnye. (1 Sam. 3:1) Letsatsi lengwe fa Samuele a sena go robala, go ne ga direga sengwe se se sa tlwaelegang. (Bala 1 Samuele 3:2-10.) O ne a utlwa mongwe a mmitsa. O ne a akanya gore o bidiwa ke Moperesiti yo Mogolo e bong Eli, ka jalo, o ne a ya kwa go ene a bo a re: “Ke fano, gonne o mpiditse.” Eli o ne a re ga a ise a mmitse. Samuele o ne a ya kwa go Eli makgetlo a le mararo, mme Eli o ile a lemoga gore Jehofa ke ene a neng a bitsa Samuele. Eli o ne a bolelela Samuele gore a arabe a reng mme o ne a dira jalo. Ke eng fa Jehofa a ne a sa bolelele Samuele gore ke ene a mmitsang? Baebele ga e tlhalose, mme dilo tse di ileng tsa direga di bontsha gore Jehofa o ne a akanyetsa Samuele. Re raya jang?
Jehofa o Akanyetsa Batho ba Gagwe
4 Bala 1 Samuele 3:11-18. Molao wa ga Jehofa o ne o laela bana gore ba tlotle bagolo, segolobogolo kgosana. (Ekes. 22:28; Lefi. 19:32) Ka jalo, go ne go ka se nne motlhofo gore Samuele a bolelele Eli molaetsa wa ga Jehofa wa katlholo. Tota e bile, Baebele ya re Samuele “o ne a boifa go bolelela Eli kaga [ponatshegelo] eo.” Le fa go ntse jalo, Modimo o ile a dira gore Eli a lemoge gore ke ene a bitsang Samuele. Ka jalo, Eli o ne a raya Samuele a re: “[O se ka wa] mphitlhela lefoko lengwe mo lefokong lotlhe le a le buileng le wena.” Ka jalo, Samuele o ne “a mmolelela mafoko otlhe.”
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Dintlhakgolo Tsa Buka ya Samuele wa Ntlha
3:3—A tota Samuele o ne a robala mo Boitshepong jwa Maitshepo? Nnyaa, o ne a sa robale teng. Samuele e ne e le Molefi wa lelapa le e seng la boperesiti la Bakohathe. (1 Ditiragalo 6:33-38) Ka jalo, o ne a sa letlelelwa go “tla go bona dilo tse di boitshepo.” (Dipalo 4:17-20) Karolo e le nosi fela ya lefelo le le boitshepo e Samuele a neng a kgona go tsena mo go yone e ne e le lolwapa lwa motlaagana. O tshwanetse a bo a ne a robala mo go lone. Go bonala Eli le ene a ne a robala felo gongwe mo motlaaganeng. Polelwana e e reng “kwa letlole la Modimo le neng le le teng” go bonala e raya lefelo la motlaagana.
FEBRUARY 21-27
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 1 SAMUELE 6-8
“Kgosi ya Gago ke Mang?”
it-2-E 163 ¶1
Bogosi Jwa Modimo
Ba Kopa go Tlhomelwa Kgosi. Mo e ka nang dingwaga di le 400 Baiseraele ba sena go tswa kwa Egepeto le dingwaga di feta 800 Modimo a sena go dira kgolagano le Aborahame, Baiseraele ba ile ba kopa go tlhomelwa kgosi ya motho e e neng e tla ba etelela pele go tshwana le ditšhaba tse di neng di ba dikologile. Kopo eo e ne e raya gore Baiseraele ba gana gore Jehofa e nne kgosi ya bone. (1Sa 8:4-8) Go ne go utlwala gore batho ba lebelele gore Jehofa a tlhome bogosi go ya ka se a neng a se solofeditse Aborahame le Jakobe. Gape go ne go na le tshedimosetso nngwe e e neng e dira gore ba lebelele seo. Ka sekai, boporofeti jo Jakobe a neng a bo porofeta pele a swa ka ga Juda (Ge 49:8-10), molaetsa o Jehofa a neng a ba naya one fa ba sena go tswa kwa Egepeto (Ek 19:3-6), dilo tse ba neng ba tshwanetse go di ela tlhoko go ya ka kgolagano ya Molao (Dut 17:14, 15) le karolo nngwe ya molaetsa o Jehofa a neng a dira gore moporofeti Balaame a o bue (Dip 24:2-7, 17). Mmaagwe Samuele e bong Hana le ene o ne a bontsha gore o solofetse se se tshwanang fa a ne a rapela. (1Sa 2:7-10) Le fa mabaka e ka tswa e le afe, Jehofa o ne a ise a senole ‘sephiri sa gagwe se se boitshepo’ sa bogosi le gore bo ne bo tla tlhomiwa leng. Gape o ne a ise a senole gore a bogosi joo bo tla nna mo lefatsheng kgotsa kwa legodimong. Ka jalo, batho ba ne ba ipagololela mogodu ka go kopa gore ba tlhomelwe kgosi.
O ne A Itshoka Le fa A ne A Lebane le Maemo a a Kgobang Marapo
Ela tlhoko kafa Jehofa a ileng a araba ka teng fa Samuele a mo rapela ka kgang eno: “Reetsa lentswe la batho malebana le sotlhe se ba se go rayang; gonne ga ba a gana wena, mme ba ganne nna gore ke se ka ka nna kgosi ya bone.” Ruri mafoko ao a ne a gomotsa Samuele, mme a bo batho bao ba ne ba tlhapaditse Modimo Mothatayotlhe jang ne! Jehofa o ne a bolelela moporofeti wa gagwe gore a tlhagise Baiseraele ka ditlamorago tse di botlhoko tse ba neng ba tla lebana le tsone fa ba nna le kgosi ya motho. Fa Samuele a dira jaaka a laetswe ba ne ba tatalala ba re: “Nnyaa, mme re tla okamelwa ke kgosi.” E re ka Samuele a ne a ikobela Modimo wa gagwe, o ne a ya go tlotsa kgosi e Jehofa a neng a e tlhophile.—1 Samuele 8:7-19.
Tsela ya ga Jehofa ya go Busa e Tlotlomaditswe!
9 Dilo tse di neng tsa diragala di ne tsa bontsha gore tlhagiso ya ga Jehofa e ne e le boammaaruri. Go busiwa ke motho go ne ga tlisetsa Baiseraele mathata a a masisi, bogolo jang fa kgosi eo e ne e sa ikanyege. Fa re akanya ka sekai seo sa Baiseraele, ga go gakgamatse gore fa dingwaga di ntse di feta, puso ya batho ba ba sa itseng Jehofa ga e a ka ya nna le matswela a a molemo a a nnelang ruri. Ke boammaaruri gore boradipolotiki bangwe ba kopa masego a Modimo fa ba ntse ba leka go tlisa kagiso le polokesego, mme Modimo a ka segofatsa jang batho ba ba sa ikobeleng tsela ya gagwe ya go busa?—Pes. 2:10-12.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Ke Ka Ntlha Yang Fa o Tshwanetse Go Kolobediwa?
13 Re tshwanetse go sokologa pele re kolobediwa go nna Basupi ba ga Jehofa. Go sokologa ke selo se motho yo o sweditseng ka pelo ya gagwe yotlhe gore o tla sala Keresete Jesu morago a ithaopelang go se dira ka kgololesego. Batho ba ba ntseng jalo ba latlha mokgwa wa bone o o sa siamang wa pele ba bo ba ititaya sehuba gore ba tla dira se se siameng mo matlhong a Modimo. Mo Dikwalong, madiri a Sehebera le a Segerika a a kayang go sokologa a na le kgopolo ya go boela morago, go retologa. Kgato eno e raya go retologela mo Modimong go tswa mo tseleng e e sa siamang. (1 Dikgosi 8:33, 34) Go sokologa go batla gore motho a dire “ditiro tse di tshwanelang boikwatlhao.” (Ditiro 26:20) Go batla gore re tlogele bodumedi jwa maaka, re dire tumalanong le ditaelo tsa Modimo re bo re ineele ka mo go feletseng mo go Jehofa. (Duteronome 30:2, 8-10; 1 Samuele 7:3) Go sokologa go felela ka gore re fetole tsela e re akanyang ka yone, mekgele ya rona le boikutlo jwa rona. (Esekiele 18:31) Re a ‘sokologa’ fa mekgwa e e maswe e tseelwa sebaka ke botho jo bosha.—Ditiro 3:19; Baefeso 4:20-24; Bakolosa 3:5-14.
FEBRUARY 28–MARCH 6
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 1 SAMUELE 9-11
“Kwa Tshimologong Saulo O ne A le Boikokobetso e Bile a sa Itlotlomatse”
Direla Jehofa o le Boikokobetso
11 Akanya ka se se diragaletseng Kgosi Saulo. Fa a simolola go busa, o ne a le boikokobetso. O ne a itse gore a ka se kgone go dira sengwe le sengwe ke ka moo a neng a tshaba go amogela maikarabelo a a oketsegileng. (1 Sam. 9:21; 10:20-22) Mme fa nako e ntse e ya, Saulo o ne a simolola go nna mabela, a bo a dira dilo tse a neng a sa tshwanela go di dira. O ne a simolola go itshwara jaana fela fa a se na go nna kgosi. Nako nngwe fa a ne a emetse moporofeti Samuele o ne a palelwa ke go nna pelotelele. Saulo o ne a palelwa ke go nna pelotelele le go bontsha Jehofa gore o a mo tshepa. O ne a ntsha setlhabelo le fa a ne a sa tshwanela go dira jalo. Seo se ne sa dira gore Jehofa a se ka a tlhola a mo amogela a bo a dira gore a se ka a tlhola a nna kgosi. (1 Sam. 13:8-14) Sekai seno se re ruta gore ga re a tshwanela go dira dilo tse re sa newang maikarabelo a go di dira.
Kafa o ka Bontshang Moya wa go Intsha Setlhabelo ka Teng
8 Kgosi Saulo wa Iseraele ke sekao se se re tlhagisang malebana le kafa bogagapa bo ka senyang moya wa go intsha setlhabelo ka teng. Fa Saulo a ne a nna kgosi o ne a le boingotlo e bile a ikokobeditse. (1 Sam. 9:21) O ne a gana go otlhaya Baiseraele ba ba neng ba bua kgatlhanong le puso ya gagwe, tota le fa a ne a ka ikutlwa a tshwanelwa ke go femela boemo jwa gagwe jo a bo neilweng ke Modimo. (1 Sam. 10:27) Kgosi Saulo o ne a amogela kaelo ya moya wa Modimo fa a ne a etelela Baiseraele pele go fenya ntwa kgatlhanong le Baamona. Morago ga foo, ka boikokobetso o ne a re Jehofa ke ene a fentseng ntwa eo.—1 Sam. 11:6, 11-13.
Baamone—Batho ba ba Neng ba Bosulosetsa Bopelonomi ka Letlhoo
Baamone ba ne ba bosuloseditse bopelonomi jwa ga Jehofa ka letlhoo gape. Jehofa o ne a se ka a tlhokomologa go tshosetsa mono mo go bogale. “Saule a utlwa mafoko ao [a ga Nahashe], mowa wa Modimo wa tlaa ka thata mo go ene, le bogale jwa gagwe jwa tuka thata.” Saulo o ne a kaelwa ke moya wa Modimo gore a phuthe masole a le 330 000 a banna ba ntwa e le gore ba fenye Baamone gotlhelele mo go neng ga “se ka ga tlogelwa bape ba le babedi mmogo.”—1 Samuele 11:6, 11.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Dintlhakgolo Tsa Buka ya Samuele wa Ntlha
9:9—Ke eng se se tlhomologileng ka polelwana e e reng “moporofeti wa gompieno o kile a bo a bidiwa mmoni”? Mafoko ano a ka tswa a supa gore fa baporofeti ba ne ba simolola go itsege thata mo malatsing a ga Samuele le ka motlha wa dikgosi kwa Iseraele, lefoko “mmoni” le ne la tseelwa sebaka ke la “moporofeti.” Samuele o tsewa e le wa ntlha mo losikeng lwa baporofeti.—Ditiro 3:24.