Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi
NOVEMBER 7-13
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 DIKGOSI 5-6
“Ba ba Nang le Rona ba Bantsi go Feta ba ba Nang le Bone”
Masole a ga Jehofa a a Tukang Molelo
Baasiria ba ne ba ya kwa Dothane bosigo. Mo mosong, motlhanka wa ga Elisha o ne a tswela kwa ntle mme a lemoga gore motse o ne o dikologilwe ke masole a mantsi. O ne a tshogile thata a bo a goa a re: ‘Elisha, re dire eng?’ Elisha o ne a re: ‘Re bantsi mo go bone.’ Ka yone nako eo, Jehofa o ne a dira gore motlhanka wa ga Elisha a bone gore dithaba tsotlhe mo motseng di tletse dipitse le dikara tsa ntwa tse di nang le molelo.
Elisha O ne A Bona Dikara Tsa Molelo—A le Wena O a Di Bona?
Le fa Elisha a ne a dikaganyeditswe ke baba kwa Dothane, o ne a nna a ritibetse. Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a na le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa. Le rona re tlhoka tumelo e e ntseng jalo. Ka jalo, a re kopeng moya o o boitshepo wa Modimo gore re kgone go bontsha tumelo le dinonofo tse dingwe tse moya o di tlhagisang.—Luke 11:13; Bagal. 5:22, 23.
Masole a ga Jehofa a a Tukang Molelo
E rile masole a Siria a leka go tshwara Elisha, ke fa a rapela a re: ‘Jehofa, tsweetswee ba foufatse.’ Ka tshoganyetso fela, le fa ba ne ba kgona go bona, ba ne ba sa itse gore ba kae. Elisha o ne a raya masole ao a re: ‘Lo mo motseng o sele. Ntshalang morago mme ke tla lo isa kwa monneng yo lo mmatlang.’ Ba ne ba sala Elisha morago go fitlha kwa Samarea, kwa kgosi ya Iseraele e neng e nna gone.
Basiria ba ne ba lemoga gore kwa ba leng teng go setse go le thari. Kgosi ya Iseraele e ne ya raya Elisha e re: ‘A ke ba bolaye?’ A Elisha o ne a bona seno e le tshono ya gore le ene a gobatse batho ba ba neng ba batla go mo gobatsa? Nnyaa. Elisha o ne a re: ‘O se ka wa ba bolaya. Ba neye dijo mme o ba tlogele ba tsamaye.’ Kgosi e ne ya dira moletlo o mogolo wa dijo mme a ba tlogela ba tsamaya.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Dintlhakgolo Tsa Buka ya Dikgosi wa Bobedi
5:15, 16—Ke ka ntlha yang fa Elisha a ile a se ka a amogela mpho ya ga Naamane? Elisha o ne a gana mpho eno ka gonne o ne a lemoga gore kgakgamatso ya go fodisa Naamane e ne e dirilwe ka maatla a ga Jehofa e seng a gagwe. Go ne go tla bo go sa tshwanela gore go tlotlomadiwe ene ka ntlha ya go dira tiro e a neng a e neilwe ke Modimo. Baobamedi ba ga Jehofa gompieno ga ba dire tiro e ba e neilweng ke Modimo gore ba tlotlomadiwe ke batho. Ba reetsa kgakololo ya ga Jesu, e e reng: “Lo amogetse mahala, nayang mahala.”—Mathaio 10:8.
NOVEMBER 14-20
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 DIKGOSI 7-8
“Jehofa O ne A Dira Sengwe se ba Neng Ba sa Se Solofela”
it-1-E 716-717
Elisha
Bene-hadade II, kgosi ya Siria o ne a phutha masole a gagwe a bo a dikologa Samarea ka ponyo ya leitlho, ba sa lebelela. Go ne go le maswe, mo e leng gore kgosi e ne ya begelwa gore go na le mosadi mongwe yo o bolaileng morwawe a bo a mo ja. Kgosi Jehorame ‘morwa wa mmolai’ e bong Ahabe, o ne a ikana gore o tla bolaya Elisha. Mme ga a ka a dira se a neng a ikaeletse gore o tla se dira. Jehorame o ne a fitlha kwa ntlong ya moporofeti a na le mothusi wa modiredimogolo wa masole a bo a bolelela moporofeti gore ga a dumele gore Jehofa a ka ba thusa. Elisha o ne a tlhomamisetsa kgosi gore mo letsatsing le le latelang, dijo e tla mo e le ntletsentletse. Mothusi wa modiredimogolo wa masole o ne a nyatsa se moporofeti Elisha a neng a se bua mme seo se ne sa dira gore moporofeti a mo reye a re: “O tla bona seo ka matlho a gago, mme ga o kitla o ja dijo tsa teng.” Jehofa o ne a dira gore go utlwale modumo o mogolo mo kampeng ya Basiria mme seo se ne sa dira gore Basiria ba akanye gore mophato o mogolo wa masole wa ditšhaba tse di farologaneng o tlile go ba tlhasela. Ba ne ba tshaba ba bo ba tlogela sengwe le sengwe mo kampeng go akaretsa le dijo. Fa kgosi e utlwa gore Basiria ba tlogetse kampa ya bone e ne ya laela mothusi wa modiredimogolo wa masole gore a tlhokomele kgoro ya motse wa Samarea. E re ka batho ba ne ba le mo lobelong la go batla dijo mo kampeng ya Basiria ba ne ba gataka mothusi wa modiredimogolo wa masole yo o neng a tlhokometse kgoro a bo a swa. Fela jaaka go ne go boletswe, o ne a bona dijo mme ga a ka a di ja.—2Dk 6:24–7:20.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
it-2-E 195 ¶7
Lobone
Dikgosi Tsa Losika Lwa ga Dafide. Jehofa Modimo o ne a tlhoma Dafide gore e nne kgosi ya Iseraele. Dafide o ne a nna kgosi e e botlhale le moeteledipele yo o molemo, a kaelwa ke Modimo. Mme ka ntlha ya seo o ne a bidiwa “lobone lwa Iseraele.” (2Sa 21:17) Jehofa o ne a dira kgolagano ya bogosi le Dafide a bo a mo raya a re: “Setulo sa gago sa bogosi se tla tiisiwa thata ka bosakhutleng.” (2Sa 7:11-16) Ka jalo, losika lwa dikgosi lwa ga Dafide e nne e le “lobone” lwa Iseraele go simolola ka morwawe Solomone.—1Dk 11:36; 15:4; 2Dk 8:19; 2Dt 21:7.
NOVEMBER 21-27
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 DIKGOSI 9-10
“Monna yo o Neng a le Pelokgale, a Ititeile Sehuba e Bile a Tlhagafetse”
Jehu o Emela Kobamelo e e Itshekileng ka Tlhagafalo
Jehu o amogetse taelo fa setšhaba sa Iseraele se ne se le mo seemong se se maswe. Jesebele yo e neng e le motlholagadi wa ga Ahabe le mmaagwe kgosi e e neng e busa e bong Jehorame, o ne a tlhotlheletsa naga eo ka tsela e e boikepo. O ne a rotloetsa batho gore ba obamele Baale go na le gore ba obamele Jehofa, a bolaya baporofeti ba Modimo e bile a leswefatsa batho ka “dikgokafalo” le ka “boloi” jwa gagwe. (2 Dikg. 9:22; 1 Dikg. 18:4, 13) Jehofa o ne a laela gore ntlo yotlhe ya ga Ahabe e fedisiwe go akaretsa Jehorame le Jesebele. Jehu e ne e le ene yo o tshwanetseng go etelela tiro eo pele.
Jehu o Emela Kobamelo e e Itshekileng ka Tlhagafalo
Fa Jehu a sena go gana go bua le barongwa ba babedi ba ba neng ba rometswe kwa go ene, o ne a kopana le Kgosi Jehorame le kgosi ya Juda e bong Ahasia ba ba neng ba dirile semphato, mongwe le mongwe wa bone a le mo kareng ya gagwe. Jehorame o ne a mmotsa jaana: “A go na le kagiso, Jehu?” mme a mo araba jaana: “Go ka nna le kagiso efe fa fela go sa ntse go na le dikgokafalo tsa ga Jesebele mmago le boloi jwa gagwe jo bontsi?” E re ka Jehorame a ne a gakgamadiwa ke karabo eno, o ne a retologa gore a tshabe. Le fa go ntse jalo, Jehu o ne a le bonako go mo gaisa! O ne a ntsha bora, a hula Jehorame a bo a mo phunyeletsa pelo, mme kgosi ya wela mo kareng ya yone ya swa. Le fa Ahasia a ne a kgona go tshaba, moragonyana Jehu o ne a mmatla mme a laela gore a bolawe.—2 Dikg. 9:22-24, 27.
Motho yo mongwe mo ntlong ya ga Ahabe yo o neng a tshwanetse go bolawa e ne e le Kgosigadi Jesebele yo o boikepo. Go ne go tshwanela gore Jehu a mo kaye e le “yo o hutsegileng yono.” Fa Jehu a tsena mo Jesereele, o ne a mmona a lebile kwa tlase go tswa mo fensetereng ya ntlo ya segosi. Jehu ga a ka a bua dilo tse dintsi, o ne a laela badiredi ba ntlo ya segosi gore ba latlhele Jesebele kwa tlase ka fensetere. Go tswa foo o ne a dira gore dipitse tsa gagwe di gatake motho yono yo o neng a leswefaditse Iseraele yotlhe. Morago ga foo, Jehu o ne a tswelela go bolaya bontsi jwa maloko a mangwe a ntlo ya ga Ahabe yo o boikepo.—2 Dikg. 9:30-34; 10:1-14.
Jehu o Emela Kobamelo e e Itshekileng ka Tlhagafalo
Gone ke boammaaruri gore Jehu o ne a tsholola madi a mantsi. Le fa go ntse jalo, Dikwalo di mo tlhalosa e le monna yo o pelokgale yo o neng a golola Iseraele mo kgatelelong ya taolo ya ga Jesebele le lelapa la gagwe. Gore moeteledipele ope fela wa Iseraele a atlege go dira seno, o ne a tshwanetse go nna monna yo o pelokgale, yo o ititeileng sehuba le yo o tlhagafetseng. Dikishinare nngwe ya Baebele e tlhalosa jaana: “E ne e le tiro e e thata mme e ne ya dirwa ka manontlhotlho. Fa a ka bo a sa nna setlhogo jalo, gongwe a ka bo a paletswe ke go fedisa kobamelo ya ga Baale gotlhelele mo Iseraele.”
Ga go pelaelo gore re kgona go bona gore maemo a Bakeresete ba lebanang le one gompieno a ba tlhoka gore ba bontshe dinonofo dingwe tse Jehu a neng a na le tsone. Ka sekai, re tshwanetse go itshwara jang fa re raelwa go dira sengwe se Jehofa a se kgalang? Re tshwanetse go nna bonako, re nne pelokgale re bo re tlhagafalele go gana go se dira. Fa go tla mo boineelong jwa rona jwa bomodimo, ga re a tshwanela go letla gore Jehofa a pataganngwe le ope.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Jehu o Emela Kobamelo e e Itshekileng ka Tlhagafalo
Jehu a ka tswa a ne a dumela gore, gore bogosi jwa Iseraele bo ikemele go tswa mo go Juda, magosi ao a mabedi a ne a tshwanetse go kgaogana ka bodumedi. Ka jalo, fela jaaka dikgosi tse di fetileng tsa Iseraele, o ne a leka go a boloka a kgaogane ka go tsweletsa kobamelo ya namane. Mme gone, seno se ne se tla bontsha gore o ne a se na tumelo mo go Jehofa, yo o neng a mo dirile kgosi.
Jehofa o ne a akgola Jehu ka gonne o ne ‘a dirile se se siameng mo matlhong a Modimo.’ Le fa go ntse jalo, “Jehu ga a ka a tlhokomela go tsamaya mo molaong wa ga Jehofa Modimo wa Iseraele ka pelo ya gagwe yotlhe.” (2 Dikg. 10:30, 31) Seno se a gakgamatsa e bile se utlwisa botlhoko, fa o akanya ka sotlhe se Jehu a neng a se dira pelenyana. Le fa go ntse jalo, re ka ithuta sengwe mo go seno. Le ka motlha, ga re a tshwanela go tseela kamano ya rona le Jehofa kwa tlase. Letsatsi le letsatsi re tshwanetse go lwela go ikanyega mo Modimong ka go ithuta Lefoko la gagwe, go tlhatlhanya ka lone le go rapela Rraarona yo o kwa legodimong go tswa pelong. Ka jalo, a re nneng re tlhokometse gore re dira sotlhe se re se kgonang go nna re tsamaya mo molaong wa ga Jehofa ka dipelo tsotlhe tsa rona.—1 Bakor. 10:12.
NOVEMBER 28–DECEMBER 4
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 DIKGOSI 11-12
“Mosadi yo o Bosula o a Otlhaiwa”
Jehoiada yo o Pelokgale
Jesebele o ne a na le ngwana wa mosetsana yo o bidiwang Athalia yo o neng a sa siama fela jaaka ene. Athalia o ne a nyetswe ke kgosi ya Juda. Fa monna wa gagwe a sena go tlhokafala, ngwana wa gagwe e ne ya nna kgosi. E rile fa ngwana wa gagwe a sena go tlhokafala, Athalia o ne a itira mmusi wa Juda. O ne a leka go bolaya batho botlhe ba lelapa la kgosi. O ne a bolaya mongwe le mongwe yo e neng e tla nna kgosi, le ditlogolo tsa gagwe tota. Batho botlhe ba ne ba mo tshaba.
Moperesiti yo Mogolo e bong Jehoiada le mosadi wa gagwe Jehosheba, ba ne ba itse gore se Athalia a se dirang ga se a siama. Ba ne ba itsenya mo kotsing ka go fitlha mongwe wa ditlogolo tsa ga Athalia, losea lo lo bidiwang Jehoashe. Ba ne ba mo godisetsa kwa tempeleng.
Jehoiada yo o Pelokgale
Fa Jehoashe a le dingwaga di le supa, Jehoiada o ne a bitsa dikgosana tsotlhe tsa motse le Balefi mme a ba raya a re: ‘Disang dikgoro tsa tempele mme lo se ka lwa letla ope go tsena.’ Go tswa foo, Jehoiada o ne a tlhoma Jehoashe go nna kgosi ya Juda a bo a mo rwesa serwalo sa kgosi. Batho ba Juda ba ne ba goa ba re: ‘A kgosi e tshele!’
Kgosigadi Athalia o ne a utlwa batho ba goa a bo a ya kwa tempeleng ka bonako. E rile a bona kgosi e ntšha a bo a goa a re: ‘Boferefere! Boferefere!’ Dikgosana di ne tsa phamola kgosigadi eo e e sa siamang, di bo di ya go mmolaya. Mme kgosigadi eo e ne e setse e tlhotlheleditse batho go dira dilo tse di sa siamang.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
it-1-E 1265-1266
Jehoashe
Kgosi Jehoashe o ne a simolola go busa a le monye mme Moperesiti yo Mogolo Jehoiada o ne a mo thusa gore a atlege ka go nna rraagwe le ka go nna mogakolodi wa gagwe. Fa a ne a na le dingwaga di le 21 o ne a setse a nyetse basadi ba babedi. Mongwe wa bone o ne a bidiwa Jehoadane mme Jehoashe o ne a nna le bana ba basimane le ba basetsana. Ka ntlha ya seno, tatelano ya losika lwa ga Dafide lo Mesia a neng a tla tswa mo go lone, lo ne lwa nonofa gape e re ka lo ne lo batlile lo fedisiwa.—2Dk 12:1-3; 2Dt 24:1-3; 25:1.
DECEMBER 5-11
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 DIKGOSI 13-15
“Fa re Dira ka Pelo Yotlhe re Tla Nna le Masego a Mantsi”
A o Latela Keresete ka Botlalo?
11 Go bontsha kafa go tlhoafala go leng botlhokwa ka teng fa re direla Modimo, ela tlhoko tiragalo nngwe e e neng ya diragalela Kgosi Jehoashe wa Iseraele. Ka gonne Jehoashe a ne a tshwenyegile ka gore Siria e ka nna ya fenya Iseraele, o ne a tla kwa go Elisha a lela. Moporofeti Elisha o ne a mo laela gore a hulele motswi ka fensetere ntlheng ya Siria, go bontsha gore Jehofa o ne a tla ba thusa go fenya setšhaba seo. Ruri seno se ne se tshwanetse go kgothatsa kgosi. Go tswa foo Elisha o ne a raya Jehoashe a re a tseye metswi ya gagwe mme a iteye fa fatshe ka yone. Jehoashe o ne a itaya fa fatshe ka makgetlho a le mararo. Elisha o ne a galefisiwa ke seno, ka gonne go itaya fa fatshe ka makgetlho a le matlhano kana a le marataro go ne go tla kaya ‘go kgemetha Siria go fitlha e fedisiwa.’ Jaanong Jehoashe o ne a tla fenya gararo fela. Ka gonne Jehoashe o ne a sa dira ka tlhoafalo, o ne a fenya makgetlho a le mmalwa fela. (2 Dikg. 13:14-19) Re ka ithuta eng mo pegong eno? Jehofa o tla re segofatsa ka botlalo fela fa re dira tiro ya gagwe ka pelo yotlhe le ka tlhoafalo.
“Moduedi Wa ba Ba Mmatlang ka Tlhoafalo”
Jehofa o duela bomang? Paulo a re: “Ba ba mmatlang ka tlhoafalo.” Buka nngwe e e kwaletsweng baranodi ba Baebele e bolela gore lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “mmatlang ka tlhoafalo” ga le kaye “go ya go batla” go na le moo, le kaya go tla mo Modimong “ka go mo obamela.” Buka e nngwe e tlhalosa lediri leno la Segerika e le tsela e e akantshang maiteko a magolo thata. Ee, Jehofa o duela ba tumelo ya bone e ba tlhotlheletsang go mo obamela ka lorato lo lo tswang pelong le ka tlhoafalo.—Mathaio 22:37.
Jehofa o duela jang baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang? O ba solofeditse tuelo e e botlhokwa thata ya isagwe e e bontshang bopelotshweu le lorato lwa gagwe lo logolo—botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la Paradaise. (Tshenolo 21:3, 4) Tota le gone jaanong, batho ba ba batlang Jehofa ka tlhoafalo ba nna le masego a magolo. Ka thuso ya moya o o boitshepo le botlhale jo bo fitlhelwang mo Lefokong la gagwe, ba tshela botshelo jo bo itumedisang le jo bo kgotsofatsang.—Pesalema 144:15; Mathaio 5:3.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Dintlhakgolo Tsa Buka ya Dikgosi wa Bobedi
13:20, 21—A kgakgamatso eno e dumalana le go obamelwa ga ditshwantsho tsa bodumedi? Nnyaa. Baebele ga e bontshe gore marapo a ga Elisha a kile a obamelwa. E ne e le maatla a Modimo a a neng a dirile gore kgakgamatso eno e direge, fela jaaka go ne go ntse ka dikgakgamatso tsotlhe tse Elisha a neng a di dirile fa a sa ntse a tshela.
DECEMBER 12-18
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 DIKGOSI 16-17
“Bopelotelele Jwa ga Jehofa Bo na Le mo Bo Felelang Gone”
“Ditsela Tsa ga Jehofa di Thokgame”
16 Samarea e ne e le motsemogolo wa bogosi jwa Iseraele jwa ditso tse di lesome. Le fa go ntse jalo, fano leina Samarea le ka tswa le raya naga yotlhe ya bogosi joo. (1 Dikgosi 21:1) Kgosi Shalemanesere V wa Asiria o ne a dikaganyetsa motse wa Samarea ka 742 B.C.E. Fa kgabagare Samarea e ne e senngwa ka 740 B.C.E., bontsi jwa baagi ba teng ba maemo ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Mesopotamia le kwa Media. Ga go itsewe sentle gore a Samarea e ne ya gapiwa ke Shalemanesere V kgotsa ke motlhatlhami wa gagwe e bong Sargon II. (2 Dikgosi 17:1-6, 22, 23; 18:9-12) Le fa go ntse jalo, dipego tsa ga Sargon di umaka go isiwa ga Baiseraele ba le 27 290 kwa mafelong a karolo e e Kwa Godimo ya Yuferatese le kwa Media.
“Tsweetswee re Letle re Tle Gae”
Akanya ka se se neng se direga fa Jeremia a ne a kwala mafoko ano. Ka 740 B.C.E., masomesome a dingwaga pele ga motlha wa ga Jeremia, Jehofa o ne a letla Baasiria go isa bogosi jwa Iseraele jwa ditso di le lesome botshwarwa. Modimo o ne a otlhaya batho ba gagwe ka go ba letla gore ba welwe ke masetlapelo ano ka gonne ba ne ba simolola go dira maleo a a masisi, ba itlhokomolosa ditlhagiso tse baporofeti ba gagwe ba neng ba ba naya tsone gangwe le gape. (2 Dikgosi 17:5-18) A mathata a ba neng ba lebana le one kwa botshwarwa, fa ba ne ba le kgakala le Modimo wa bone le nagagae ya bone a ne a dira gore ba fetoge? A Jehofa o ne a lebetse gotlhelele ka bone? A o ne a tla ba amogela gape?
Jehofa ke Modimo yo o Pelotelele
10 Le fa go ntse jalo, hisitori e bontsha gore Modimo o lekanyetsa bopelotelele jwa gagwe. Ka 740 B.C.E., o ne a letla Baasiria go thankgola bogosi jwa Iseraele jwa ditso tse di lesome ba bo ba isa baagi ba teng kwa botshwarong. (2 Dikgosi 17:5, 6) Mme mo bofelong jwa lekgolo le le latelang la dingwaga, o ne a letla Bababelona go tlhasela bogosi jwa Juda jwa ditso tse pedi le go senya Jerusalema le tempele ya yone.—2 Ditiragalo 36:16-19.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
it-2-E 847
Mosamarea
Lefoko leno “Basamarea” le ne la tlhaga lekgetlho la ntlha mo Dikwalong morago ga gore ditso tse di lesome tsa Samarea di tlhaselwe ka 740 B.C.E.; lefoko leno le ne le dirisiwa fa go buiwa ka batho ba ba neng ba nna mo bogosing jo bo kwa bokone (ditso tse di lesome) pele ga di tlhaselwa mme moragonyana le ne la dirisiwa fa go buiwa ka batho ba ba neng ba tlisiwa (go tswa kwa dikgaolong tse dingwe) ke Mmusomogolo wa Asiria. (2Dk 17:29) Go bonala Baasiria ba ne ba se ka ba fedisa baagi ba Iseraele botlhe ka gonne mo go 2 Ditiragalo 34:6-9 (bapisa le 2Dk 23:19, 20) e bontsha gore ka nako ya fa Kgosi Josia a ne a busa go ne go santse go na le Baiseraele ba ba neng ba le mo lefatsheng la Samarea. Baasiria ba ne ba nyalana le Baiseraele mme ba tshola bana. Fa nako e ntse e ya, “Basamarea” e ne ya nna ditlogolwana tsa Baiseraele ba ba neng ba setse kwa Samarea le batho ba ba neng ba tlisiwa ke Baasiria. Mme moragonyana leina leno Basamarea le ne la emela bodumedi mme e seng setšhaba kgotsa morafe mongwe o o rileng. Lefoko “Mosamarea” le ne le kaya motho wa bodumedi jo bo rileng jo bo neng bo fitlhelwa kwa Shekema le Samarea wa bogologolo e bile se ba neng ba se dumela se ne se farologane le se Bajuda ba neng ba se dumela.—Joh 4:9.
DECEMBER 19-25
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 DIKGOSI 18-19
“Baganetsi ba Rona ba Leka go re Koafatsa”
Dintlhakgolo Tsa Buka ya Dikgosi wa Bobedi
18:19-21, 25—A Hesekia o ne a dirile kgolagano le Egepeto? Nnyaa. Tatofatso ya ga Rabeshake e ne e se boammaaruri, fela jaaka a ne a sa bue boammaaruri fa a ne a re o tlile ka “taolo e e tswang kwa go Jehofa.” Kgosi Hesekia yo o ikanyegang o ne a ikaegile ka botlalo ka Jehofa.
“O se Ka wa Boifa. Nna ke Tla go Thusa”
Rabeshake o ne a bua ka boferefere go leka go dira gore batho ba nne le dipelaelo. O ne a re: “A [Jehofa] ga se ene yo Hesekia a tlositseng mafelo a gagwe a a kwa godimo le dibeso tsa gagwe? . . . Jehofa ka boene o ntheile a re, ‘Tsogologela lefatshe leno, mme o le senye.’” (2 Dikg. 18:22, 25) Ka jalo Rabeshake o ne a raya gore Jehofa a ka se lwele batho ba gagwe ka gonne a ne a sa itumelela sengwe se ba se dirileng. Mme go ne go sa nna jalo. Jehofa o ne a itumeletse go bo Hesekia le Bajuda ba boetse mo kobamelong ya boammaaruri.—2 Dikg. 18:3-7.
Badisa ba le Supa, Dikgosana di le Robedi—Se di Se Kayang mo go Rona Gompieno
14 Kgosi ya Asiria e ne ya thibelela kwa Lakishe, e e kwa borwabophirima jwa Jerusalema. Fa a le koo, o ne a romela barongwa ba le bararo gore ba bolelele batho ba motse wa Jerusalema gore ba ineele. Mmueledi wa gagwe, yo sereto sa gagwe sa semolao e leng Rabeshake, o ne a dirisa maano a mantsi. O ne a bua Sehebera, a rotloetsa batho gore ba tsuologele kgosi mme ba ineele mo Baasirieng, a ba bolelela maaka a gore o tla ba isa kwa nageng e ba neng ba tla itumelela botshelo jo bo monate kwa go yone. (Bala 2 Dikgosi 18:31, 32.) Go tswa foo, Rabeshake o ne a bua gore fela jaaka medimo ya ditšhaba tse dingwe e ile ya palelwa ke go sireletsa baobamedi ba yone, Jehofa le ene ga a kitla a kgona go golola Bajuda mo seatleng sa Baasiria. Batho ba ne ba nna botlhale mme ba se ka ba leka go araba maaka ao, e leng se batlhanka ba ga Jehofa ba se dirang le mo motlheng wa rona.—Bala 2 Dikgosi 18:35, 36.
yb74-E 177 ¶1
Karolo 2—Jeremane
Gantsi mokgatlho wa SS (Schutzstaffel) o ne o dirisa maano a a boferefere go tsietsa batho gore ba saene dipampiri tse di bontshang gore ga e sa tlhole e le Basupi ba ga Jehofa. Mme e ne e re fa fela ba sena go saena dipampiri tseo, mokgatlho wa SS o ne o ba tlhanogela o bo o ba sotla go feta tsela e o neng o ba sotla ka yone pele ga ba di saena. Karl Kirscht a re: “Gantsi Basupi ba ga Jehofa ke bone ba neng ba tsiediwa ke balaodi kwa dikampeng tsa pogisetso. Ba ne ba ithaya ba re ba tla ba tlhotlheletsa gore ba saene dipampiri tseo. Re ne re nna re laelwa gore re ba tsietse. Bangwe ba ne ba saena mme gantsi ba ne ba tshwanelwa ke gore ba lete ngwaga kgotsa go feta pele ga ba ka gololwa. Ka nako ya fa ba gololwa, mokgatlho wa SS o ne o ba tsenya matlho ka go ba bitsa o re ke baitimokanyi le magatlapa o bo o ba pateletsa gore ba fete fa pele ga Basupi ba bangwe ba ba sa saenang.”
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
it-1-E 155 ¶4
Thutamarope
Baebele e a re Kgosi Senakeribe wa Asiria o ne a bolawa ke barwa ba gagwe ba babedi e bong Aderameleke le Sharesere mme morago ga moo morwawe e bong Esare-hadone o ne a mo tlhatlhama mo setulong sa bogosi. (2Dk 19:36, 37) Le fa go ntse jalo, go ya ka ditiragalo tse di kwadilweng tsa Bababelona di bontsha gore mo letsatsing la bo20 la kgwedi ya Tebethe, Senakeribe o ne a bolawa ke mongwe wa bomorwawe fa a tsuologa. Berossuse e bong moperesiti wa kwa Babelona yo o tshetseng dingwaga di ka nna 2 300 tse di fetileng le Nabonidase, kgosi ya kwa Babelona yo o tshetseng dingwaga di ka nna 2 600 tse di fetileng ba ne ba bua se se tshwanang fa ba ne ba re Senakeribe o bolailwe ke morwawe. Bosheng jaana, baithutamarope ba fitlheletse tshedimosetso nngwe e e buang ka ga Esare-hadone, morwa wa ga Senakeribe yo neng a mo tlhatlhama mo setulong sa bogosi fa a sena go bolawa. Mo tshedimosetsong eo, Esare-hadone o tlhalosa gore bomorwarraagwe (barwa ba ga Senakeribe ba babedi) ba ne ba tsuologa ba bo ba bolaya rraabone, morago ga moo ba bo ba tshaba. Mo bukeng ya Universal Jewish History (1948, Vol. I, ts. 27), Philip Biberfeld o ne a akgela jaana ka kgang eno: “Se Nabonidase le Berossuse ba se kwadileng ka ditiragalo tsa kwa Babelona ga se boammaaruri; mme tshedimosetso e e mo Baebeleng ke yone e e boammaaruri. Go bontshiwa gore tshedimosetso e Esarehadone a e kwadileng e e ka ga hisitori ya Bababelona le Baasiria e boammaaruri go feta e e kwadilweng ke Bababelona.”
DECEMBER 26–JANUARY 1
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 DIKGOSI 20-21
“Thapelo E ne Ya Dira Gore Jehofa a Tseye Kgato”
Tumelo ya Kgosi e a Duelwa
23 Mo e ka nnang ka nako ya fa Senakeribe a simolola go tlhasela Juda, Hesekia o lwala fela thata. Isaia o mmolelela gore o tlile go swa. (Isaia 38:1) Kgosi eno ya dingwaga tse 39 e utlwa botlhoko thata. Ga e a amega fela ka botsogo jwa yone mme e amegile le ka isagwe ya batho. Jerusalema le Juda di mo kotsing ya go tlhaselwa ke Baasiria. Fa Hesekia a ka swa, ke mang yo o tla etelelang ntwa pele? Ka nako eo, Hesekia ga a na morwa yo o ka tsayang bogosi. Hesekia o rapela ka tlhoafalo gore Jehofa a mo utlwele botlhoko.—Isaia 38:2, 3.
Direla Jehofa ka Pelo e e Feletseng!
16 Moragonyana Hesekia o ne a lwalela go swa. O ne a kopa Jehofa gore a gopole ditiro tsa gagwe tsa boikanyegi. (Bala 2 Dikgosi 20:1-3.) Re a itse gore Baebele ya re re ka se lebelele gore Modimo a re fodise ka kgakgamatso kgotsa a oketse dingwaga tsa botshelo jwa rona. Le fa go ntse jalo, fela jaaka Hesekia, re ka kgona go raya Jehofa re re: ‘Ke tsamaile fa pele ga gago ka boammaaruri le ka pelo e e feletseng.’ A o dumela gore Jehofa a ka kgona go go thusa fa o lwala le gore o iketleleeditse go dira jalo?—Pes. 41:3.
Thapelo e ka Nthusa Jang?
Mo metlheng ya Baebele dithapelo tsa banna bangwe ba tumelo di ne di arabiwa ka tsela e e tlhamaletseng—mo gongwe e le ya kgakgamatso. Ka sekai, fa Kgosi Hesekia a ne a utlwa gore o na le bolwetse jo bo sa foleng, o ne a kopa Modimo gore a mo golole. Modimo o ne a araba jaana: “Ke utlwile thapelo ya gago. Ke bone dikeledi tsa gago. Bona, ke a go fodisa.” (2 Dikgosi 20:1-6) Modimo o ne a araba banna ba bangwe le basadi ba ba boifang Modimo ka tsela e e tshwanang.—1 Samuele 1:1-20; Daniele 10:2-12; Ditiro 4:24-31; 10:1-7.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
it-2-E 240 ¶1
Sedirisiwa se se Tlhamalatsang
Sedirisiwa se se tlhamalatsang se ka dirisiwa fa go agiwa kago kgotsa fa e tlhatlhobiwa go bona gore a e mo boemong jo bo siameng. Jehofa o ne a bolelelapele jaana ka batho ba Jerusalema ba ba neng ba sa reetse, “ke tla namalatsa mogala o o lekanyang mo Jerusalema o o dirisitsweng kwa Samarea ke bo ke dirisa sedirisiwa se se tlhamalatsang se se dirisitsweng mo ntlong ya ga Ahabe.” Modimo o ne a lekanya Samarea le ntlo ya ga Kgosi Ahabe mme a fitlhela gore ba ne ba dira boitsholo jo bo sa siamang, seo se bo se felela ka gore a ba fedise. Ka tsela e e tshwanang, Modimo o ne a tlile go senola dilo tse di bosula tse babusi ba Jerusalema ba di dirang a bo a ba atlhola mme seo se bo se felela ka gore motse oo o fedisiwe. Ditiragalo tseno di ne tsa diragala ka 607 B.C.E. (2Dk 21:10-13; 10:11) Isaia o ne a tsibosa batho ba ba bosula ba ba ikgantshang le babusi ba ba kwa Jerusalema ka masetlapelo a bone le se Jehofa a neng a tlile go se dira fa a re: “Ke tla dira gore tshiamiso e nne thapo e e lekanyang le tshiamo e nne sedirisiwa se se tlhamalatsang.” Melao ya ga Jehofa ya tshiamiso e ne e tla bontsha gore ke bomang ba e leng batlhanka ba gagwe le gore ke bomang ba e seng batlhanka ba gagwe, mme seo se ne se ka felela ka gore ba bolokiwe kgotsa ba senngwe.—Isa 28:14-19.