Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi
© 2023 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
MAY 1-7
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 DITIRAGALO 17-19
“Leba ba Bangwe Fela Jaaka Jehofa a ba Leba”
A o Tla Ikobela Dilo Tse di Kwadilweng?
7 Morwa Asa e bong Jehoshafate o ne a na le dinonofo di le dintsi tse di molemo. O ne a dira dilo sentle ka gonne o ne a ikaegile ka Jehofa. Mme gone, le ene o ne a dira ditshwetso dingwe tse di sa siamang. Ka sekai, o ne a rulaganya gore morwawe a nyale morwadia Kgosi Ahabe yo o boikepo. Gape o ne a thusa Ahabe go lwa le Basiria le fa moporofeti Mikaia a ne a ba tlhagisa gore ba se ka ba dira jalo. O ne a falola loso ka letshoba la nnale kwa ntweng eo mme a boela kwa Jerusalema. (2 Ditir. 18:1-32) Fa a fitlha kwa Jerusalema, moporofeti Jehu o ne a mmotsa jaana: “A thuso e tshwanetse go newa batho ba ba boikepo, e bile a o tshwanetse go rata ba ba tlhoileng Jehofa?”—Bala 2 Ditiragalo 19:1-3.
Tlhatlhanya ka Lorato lo lo Nnelang Ruri Lwa ga Jehofa
8 Jehofa o batla gore re itse gore o a re rata le gore ga a tlhome mogopolo mo dilong tse re sa di direng sentle go na le moo, o leba dilo tse di molemo tse re di dirang. (2 Ditiragalo 16:9) A re boneng kafa Jehofa a ileng a dira seno ka gone mo go Kgosi Jehoshafate wa kwa Juda. Jehoshafate o ne a dira tshwetso e e sa siamang ya go kopanela le Kgosi ya Iseraele e bong Ahabe go ya go lwantsha Baasiria kwa Ramothe-gileade. Baporofeti ba maaka ba le 400 ba ne ba bolelela Ahabe gore o tla fenya mme moporofeti wa ga Jehofa e bong Mikaia o ne a bolelela Jehoshafate le Ahabe gore fa ba ne ba ka lwa, ba tla fenngwa. Go ile ga direga fela jaaka Mikaia a ne a boletse. Ahabe o ne a swa mme Jehoshafate a tswa ka tshoba la mogodu. Morago ga moo, Jehofa o ne a laela Jehu gore a ye go kgalema Jehoshafate ka phoso e a e dirileng. Le fa go ntse jalo, Jehu o ne a mmolelela a re: “Go na le dilo tse di molemo tse di fitlhetsweng mo go wena.”—2 Ditiragalo 18:4, 5, 18-22, 33, 34; 19:1-3.
9 Dingwaga pelenyana, Jehoshafate o ne a bolelela dikgosana, Balefi le baperesiti gore ba etele metse ya Juda mme ba rute batho Molao wa ga Jehofa. Seno se ne sa felela ka gore batho ba ditšhaba tse dingwe ba itse ka Jehofa. (2 Ditiragalo 17:3-10) Ka jalo, le fa Jehoshafate a ile a dira tshwetso e e sa siamang, Jehofa ga a ka a lebala dilo tse di molemo tse a ileng a di dira. Sekao seno se re kgothatsa fela thata ka gonne ka dinako dingwe re a tle re dire diphoso. Mme fa re direla Jehofa ka peloyotlhe, o tla tswelela pele a re rata e bile ga a kitla a lebala ditiro tsa rona tse di molemo.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Direla Jehofa ka Pelo e e Feletseng!
10 Morwa Asa e bong Jehoshafate o ne a “nna a tsamaya mo tseleng ya ga Asa rraagwe.” (2 Ditir. 20:31, 32) Jang? Jehoshafate o ne a kgothaletsa batho gore ba batle Jehofa fela jaaka rraagwe a ne a dira. O ne a dira jalo ka go rulaganya letsholo la go ruta batho le mo go lone go neng go dirisiwa “buka ya molao wa ga Jehofa.” (2 Ditir. 17:7-10) O ne a bo a ya kwa bogosing jwa Iseraele jwa kwa bokone le kwa kgaolong e e dithaba ya Eferaime, “gore a tle a ba busetse kwa go Jehofa.” (2 Ditir. 19:4) Jehoshafate o ne a “batla Jehofa ka pelo yotlhe ya gagwe.”—2 Ditir. 22:9.
11 Rotlhe re ka nna le seabe mo letsholong le legolo la go ruta le Jehofa a le rulagantseng gompieno. A o ipeetse mokgele wa gore kgwedi le kgwedi o rute ba bangwe Lefoko la Modimo le go ba kgothaletsa gore ba mo direle? Fa o dira ka natla e bile o kopa Jehofa gore a go thuse, o ka kgona go nna le motho yo o ithutang Baebele le ene. A o rapela Jehofa gore a go thuse go dira seno? A o iketleleeditse go dira seno, gongwe le e leng go fokotsa nako e o e dirisang mo dilong tsa botho? Fela jaaka Jehoshafate a ile a ya kwa kgaolong ya Eferaime gore a thuse batho gore ba boe ba obamele Jehofa, le rona re ka leka go thusa batho ba ba tsidifetseng. Mo godimo ga moo, bagolwane ba rulaganya gore ba etele le go thusa batho ba ba tlositsweng mo phuthegong ba ba ka tswang ba tlogetse ditiro tse di bosula tse ba neng ba di dira.
MAY 8-14
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 DITIRAGALO 20-21
“Nna le Tumelo mo go Jehofa Modimo wa Gago”
Go Lebana le Bokhutlo Jwa Lefatshe Leno re le Seoposengwe
8 Mo motlheng wa ga Kgosi Jehoshafate, batho ba Modimo ba ne ba lebana le mmaba yo o boitshegang, e leng “boidiidi jo bogolo” jo bo tswang mo dikgaolong tse di mabapi. (2 Ditir. 20:1, 2) Se se kgatlhang ke gore batlhanka ba Modimo ga ba a ka ba leka go fenya mmaba ka maatla a bone. Go na le moo, ba ne ba kopa thuso kwa go Jehofa. (Bala 2 Ditiragalo 20:3, 4.) Mme mongwe le mongwe o ne a sa dire fela se a se ratang kgotsa se a bonang se tshwanetse. Pego ya Baebele ya re: ‘Botlhe ba Juda ba ne ba ema fa pele ga ga Jehofa, le e leng ba bannye ba bone, basadi ba bone le bomorwaabone.’ (2 Ditir. 20:13) Botlhe ba ne ba bontsha tumelo le go latela kaelo ya ga Jehofa, e ka tswa e le basha kgotsa bagolo mme Jehofa o ne a ba sireletsa mo mmabeng wa bone. (2 Ditir. 20:20-27) A seno ga se sekao se se molemo sa kafa rona batho ba Modimo re ka lebanang ka teng le dikgwetlho?
Banyalani ba Basha—Tlhomang Mogopolo mo go Direleng Jehofa
7 Jehofa o ne a bua le Jehoshafate a dirisa Molefi yo o bidiwang Jahasiele. Jehofa o ne a re: “Emang mo maemong a lona, emang lo sa tshikinyege mme lo bone kafa Jehofa a tla lo gololang ka gone.” (2 Ditir. 20:13-17) Eo e ne e se tsela e e tlwaelegileng ya go tlhabana! Le fa go ntse jalo, ditaelo tseo di ne di sa tswe mo mothong; di ne di tswa kwa go Jehofa. E re ka Jehoshafate a ne a ikanya Modimo ka botlalo, o ne a ikobela ditaelo tseo. Fa ene le masole a gagwe ba ne ba ya go tlhabana le baba ba bone, o ne a baya baopedi kwa pele e seng masole a a neng a tlhometse. Jehofa o ne a fenya mophato oo wa baba fela jaaka a ne a solofeditse Jehoshafate.—2 Ditir. 20:18-23.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
it-1-E 1271 ¶1-2
Jehorame
Ka dinako dingwe Jehorame o ne a tlhotlhelediwa ke mosadi wa gagwe e bong Athalia gore a dire dilo tse di bosula mme ga a ka a dira dilo tse di siameng jaaka rraagwe e bong Jehoshafate. (2Dk 8:18) Jehorame o ile a bolaya bomorwarraagwe ba le 6 le bangwe ba dikgosana tsa Juda mme o ile a tlhotlheletsa batho ba a neng a ba busa gore ba tlogele go direla Jehofa mme ba obamele medimo ya maaka. (2Dt 21:1-6, 11-14) Ka nako ya fa a ne a busa, go ne go tletse mathata mo nageng e a neng a e busa e bile go tletse dintwa. Sa ntlha, Baedoma ba ile ba mo tlhanogela; mme moragonyana Libena le yone e ile ya mo tlhanogela. (2Dk 8:20-22) Mo lekwalong le Elija a neng a le romelela Jehorame, Elija o ne a mo raya a re: “Jehofa o tla itaya batho ba gago ka petso e kgolo, mmogo le bomorwao, basadi ba gago le dithoto tsotlhe tsa gago.” Mo godimo ga moo, wena Kgosi Jehorame, “o tla lwala malwetse a le mantsi, go akaretsa le bolwetse jwa mala, go fitlha mala a gago a tswa ka ntlha ya bolwetse joo letsatsi le letsatsi.”—2Dt 21:12-15.
Go ile a diragala fela jaaka a buile. Jehofa o ile a letlelela Baarabia le Bafilisitia gore ba fenye Jehorame ba bo ba tsaya basadi ba gagwe le bana ba gagwe. Jehofa o ne a letlelela morwa wa bofelo wa ga Jehorame yo o bidiwang Jehoahase (yo gape a bidiwang Ahasia) gore a falole ka ntlha ya kgolagano ya Bogosi e Jehofa a neng a e dirile le Dafide. “Morago ga dilo tseno tsotlhe, Jehofa o ne a otlhaya [Jehorame] ka bolwetse jo bo sa foleng jwa mala.” Morago ga dingwaga tse pedi “mala a gagwe a ne a tswa” mme o ne a feleletsa a sule. Go ne ga felela jalo ka monna yono yo o bosula, ‘ga go na ope yo o neng a mo hutsafalela fa a ne a swa.’ O ile a fitlhiwa mo Motseng wa ga Dafide, “le fa go ntse jalo, ga a ka a fitlhwa mo mabitleng a dikgosi di fitlhelwang mo go one.” Go tswa foo, morwawe e bong Ahasia o ile a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.—2Dt 21:7, 16-20; 22:1; 1Dt 3:10, 11.
MAY 15-21
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 DITIRAGALO 22-24
“Jehofa o Segofatsa ba ba Bontshang Bopelokgale”
Jehoashe O ne A Tlogela Jehofa ka Ntlha ya go Itsalanya le Batho Ba ba Sa Siamang
E NE e se nako e e itumedisang mo Jerusalema, motse o tempele ya Modimo e neng e le mo go one. Kgosi Ahasia o sa tswa go bolawa. Tota e bile go thata go akanya ka se mmaagwe Ahasia e bong Athalia a neng a se dira morago ga moo. O ne a dira gore barwa ba ga Ahasia—ditlogolwana tsa gagwe—ba bolawe! A o itse gore ka ntlha yang?— Gore a buse mo boemong jwa bone.
Le fa go ntse jalo, mongwe wa ditlogolwana tsa ga Athalia e bong Jehoashe yo mmotlana o ne a sirelediwa, mme mmèmogoloagwe o ne a sa itse ka seo. A o ka rata go itse gore o ne a sirelediwa jang?— Rakgadiagwe Jehoashe e bong Jehosheba, o ne a mo fitlha mo tempeleng ya Modimo. O ne a ka dira jalo ka gonne mogatse e bong Jehoiada e ne e le Moperesiti yo Mogolo. Ka jalo, ene le mogatse ba ne ba tlhomamisa gore Jehoashe o ne a sireletsegile.
Jehoashe O ne A Tlogela Jehofa ka Ntlha ya go Itsalanya le Batho Ba ba Sa Siamang
Jehoashe o ne a fitlhilwe mo tempeleng ka dingwaga di le thataro. Fa a le koo, o ne a rutiwa kaga Jehofa Modimo le melao ya gagwe. Kgabagare, fa Jehoashe a ne a le dingwaga di le supa, Jehoiada o ne a tsaya kgato ya go mo dira kgosi. A o ka rata go itse gore Jehoiada o ne a dira seo jang le gore go ne ga direga eng ka mmèmogoloagwe Jehoashe, Kgosigadi e e boikepo e bong Athalia?—
Jehoiada o ne a biletsa batlhokomedi ba ba kgethegileng mo sephiring ba dikgosi tsa Jerusalema di neng di na le bone ka nako eo. O ne a ba bolelela kafa ene le mosadi wa gagwe ba neng ba sireletsa morwa Kgosi Ahasia ka gone. Morago ga moo, Jehoiada o ne a tlisa Jehoashe mo batlhokomeding bano gore ba mmone, mme ba ne ba lemoga gore ke ene a tshwanetseng go busa. Mme ba ne ba loga leano.
Jehoiada o ne a ntsha Jehoashe mo tempeleng mme a mo rwesa serwalo sa bogosi. Fa batho ba bona seo, “ba simolola go opa diatla ba re: ‘A kgosi e tshele!’” Batlhokomedi ba ne ba dikologa Jehoashe gore ba mo sireletse. Fa Athalia a utlwa batho ba ipela, o ne a tabogela kwa ntle mme a goeletsa gore go ne go dirilwe leano la boferefere. Mme Jehoiada o ne a ntsha taelo ya gore batlhokomedi ba bolaye Athalia.—2 Dikgosi 11:1-16.
it-1-E 379 ¶5
Lefelo le go Fitlhiwang Batho mo go Lone
Moperesiti yo Mogolo e bong Jehoiada o ile a newa tshiamelo ya go fitlhiwa “Motseng wa ga Dafide mmogo le dikgosi,” mme ke ene fela yo neng a newa tshiamelo eo le fa a ne a sa tswe mo losikeng lwa segosi.—2Dt 24:15, 16.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
it-2-E 1223 ¶13
Sekarea
12. E ne e le morwa wa Moperesiti yo Mogolo e bong Jehoiada. Morago ga loso lwa ga Jehoiada, Kgosi Jehoashe o ile a tlogela kobamelo ya boammaaruri mme o ile a reetsa kgakololo e e phoso go na le gore a reetse baporofeti ba ga Jehofa. Sekarea (2Dt 22:11) o ile a tlhagisa batho ka kgang eno mme go na le gore ba ikwatlhaye ba ne ba mo kgobotletsa ka maje kwa tempeleng. Pele Sekarea a swa o ile a re: “E kete Jehofa a ka lo otlhaela se lo se dirileng.” Jehofa o ile a diragatsa kopo ya gagwe ka gonne Siria e ile ya tlhasela Juda mme Jehoashe o ile a bolawa ke batlhanka ba gagwe ba babedi “ka gonne o ne a bolaile bomorwa moperesiti Jehoiada.” Septuagint ya Segerika le Latin Vulgate di tlhalosa gore Jehoashe o ne a bolawa ka gonne a ne a bolaile “morwa” Jehoiada. Mokwalo wa Masoretic le Syriac Peshitta o dirisitse lefoko “barwa” go tlhalosa maemo a morwa Jehoiada e bong Sekarea a neng a na le one.—2Dt 24:17-22, 25.
MAY 22-28
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 DITIRAGALO 25-27
“Jehofa O na Le Bokgoni Jwa go go Naya mo Gontsi Thata go Feta Seo”
it-1-E 1266 ¶6
Jehoashe
Kgosi ya Juda e ile ya thapa masole a le mantsi gore ba ye go lwa le Baedoma. Le fa go ntse jalo, “monna wa Modimo wa boammaaruri” o ne a laela kgosi gore a buse masole ano le fa a ne a ba neile ditalenta di le 100 tsa selefera ($660 600) mme ba ne ba galefa tota ka gonne ba ne ba busediwa gae ba sa fitlhelela dilo tse ba neng ba batla go di gapa. Mme fa ba sena go boela kwa bokone ba ne ba simolola go tlhasela metse e e neng e le kwa borwa, go simolola kwa Samaria (gongwe kwa ba neng ba thibeletse gone) go ya bokgakaleng jwa Bethe-horona.—2Dt 25:6-10, 13.
“Lekang Jehofa Mme lo Bone Gore o Molemo”
16 Itime dilo dingwe gore o kgone go direla Jehofa. Ga re tlhoke go tlogela dilo tsotlhe tse re di ratang gore re kgone go itumedisa Jehofa. (Mor. 5:19, 20) Le fa go ntse jalo, fa re tlhopha go sa direle Jehofa Modimo mo go oketsegileng ka go bo re sa batle go tlogela dilo dingwe tse re di ratang, re tla bo re dira phoso e e tshwanang le ya monna yo o mo setshwantshong sa ga Jesu yo o neng a bereka ka natla gore a nne le dilo tse dintle mme a bo a tlhopha go itlhokomolosa Modimo. (Bala Luke 12:16-21.) Mokaulengwe yo o bidiwang Christian yo o nnang kwa Fora a re: “Ke ne ke sa dirise nako e ntsi le maatla a me ke direla Jehofa le go thusa ba lelapa la me.” Ene le mosadi wa gagwe ba ile ba dira tshwetso ya go nna babulatsela. Mme e le gore ba fitlhelele mokgele oo, ba ne ba tshwanetse go tlogela ditiro tsa bone. Gore ba kgone go itshedisa, ba ile ba simolola kgwebo e nnye ya go phepafatsa, mme ba ne ba ithuta go kgotsofalela madi a mannye a ba neng ba kgona go a dira. A ba ne ba solegelwa molemo ke go tlogela dilo dingwe gore ba kgone go nna babulatsela? Christian a re: “Gone jaanong, re itumelela bodiredi le go feta e bile re itumelela go bona dipoelo le dithuto tsa rona di ithuta ka Jehofa.”
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
A o Na le Mokaedi Mo Dilong Tsa Semoya?
USIA o ne a nna kgosi ya bogosi jwa Juda jo bo kwa borwa a sa ntse a le mmotlana a na le dingwaga di le 16. O ne a busa ka dingwaga di feta 50, go tloga kwa bofelong jwa lekgolo la borobongwe la dingwaga go fitlha kwa tshimologong ya lekgolo la borobedi la dingwaga B.C.E. Go tloga fela Usia a sa le monnye, o ne “a nna a dira se se siameng mo matlhong a ga Jehofa.” Ke eng se se neng sa mo tlhotlheletsa go dira se se siameng? Pego ya bogologolo ya re: “Ka metlha [Usia o ne] a sekamela mo go batleng Modimo mo metlheng ya ga Sekarea, motlhatlheledi wa gore go boifiwe Modimo wa boammaaruri; mme, mo metlheng ya go batla ga gagwe Jehofa, Modimo wa boammaaruri a mo atlegisa.”—2 Ditiragalo 26:1, 4, 5.
Kwantle ga se se umakiwang mo pegong eno ya Baebele, ga go itsiwe sepe se se kalo ka Sekarea, yo e neng e le mogakolodi wa kgosi. Le fa go ntse jalo, e re ka Sekarea e ne e le “motlhatlheledi wa gore go boifiwe Modimo wa boammaaruri,” o ne a tlhotlheletsa mmusi yono yo mmotlana ka tsela e e molemo gore a dire se se siameng. Baebele ya The Expositor’s Bible ya re go bonala sentle gore Sekarea e ne e le “monna yo o itseng Dikwalo sentle, yo o nang le kitso e ntsi ya dilo tsa semoya e bile a kgona go naya ba bangwe kitso ya gagwe.” Moithuti mongwe wa Baebele o ne a bua jaana ka Sekarea: “O ne a itse boporofeti sentle, e bile . . . e ne e le motho yo o botlhale, yo o ineetseng, yo o siameng; mme go lebega a ne a na le tlhotlheletso e kgolo mo go Usia.”
MAY 29–JUNE 4
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 DITIRAGALO 28-29
“O ka Kgona go Direla Jehofa le fa Batsadi ba Gago Ba sa Go Tlhomele Sekao se se Molemo”
Etsa Ditsala Tsa ga Jehofa
8 Maemo a ga Hesekia a ne a farologane gotlhelele le a ga Ruthe. Hesekia o ne a tsholetswe mo setšhabeng se se neng se ineetse mo Modimong. Mme go ne go na le Baiseraele ba ba neng ba sa ikanyege mo Modimong. Rraagwe Hesekia e bong Kgosi Ahase, o ne a le bosula. O ne a nyatsa tempele ya Modimo le go tlhotlheletsa batho gore ba obamele medimo e sele. Kgosi Ahase o ne a ntshetsa medingwana ditlhabelo ka go fisa bomorwarraagwe Hesekia ba ntse ba tshela. Hesekia o goletse mo maemong a a botlhoko tota.—2 Dikgosi 16:2-4, 10-17; 2 Ditiragalo 28:1-3.
Etsa Ditsala Tsa ga Jehofa
9 Go ka bo go ile ga nna motlhofo gore Hesekia a galefele Jehofa ka ntlha ya ditiro tsa ga Ahase. Gompieno, go na le batho bangwe ba maemo a bone a leng botoka thata mo go a ga Hesekia mme gone ba dumela gore ba na le mabaka a a utlwalang a go “galefela Jehofa” kgotsa phuthego ya gagwe. (Diane 19:3) Ba bangwe ba dumela gore tsela e e botlhoko e ba godileng ka yone e ka dira gore ba tshele botshelo jo bo sa siamang kgotsa go dira diphoso tse batsadi ba bone ba di dirileng. (Esekiele 18:2, 3) A mme gone go ntse jalo?
10 Botshelo jwa ga Hesekia bo bontsha gore ga go a nna jalo! Ga go na lebaka lepe le le ka dirang gore motho a galefele Jehofa. Ga se ene a bakelang batho mathata. (Jobe 34:10) Gone ke boammaaruri gore batsadi ba kgona go ruta bana ba bone go dira dilo tse di siameng kgotsa tse di sa siamang. (Diane 22:6; Bakolosa 3:21) Mme seo ga se reye gore lelapa le o goletseng mo go lone ke lone le dirang gore o nne motho yo o siameng kgotsa yo o sa siamang. Ke eng re rialo? Ka gonne Jehofa o re neile kgololesego ya go itlhophela go dira se se siameng kgotsa se se sa siamang. (Duteronome 30:19) Hesekia o ne a dirisa jang kgololesego eo?
11 Le fa rraagwe Hesekia e ne e le nngwe ya dikgosi tse di bosula thata tsa kwa Juda, Hesekia ene o ne a nna nngwe ya dikgosi tse di siameng thata. (Bala 2 Dikgosi 18:5, 6.) Ga a ka a latela dikgato tsa ga rraagwe tse di sokameng. Go na le moo, o ne a reetsa baporofeti ba ga Jehofa ba ba jaaka, Isaia, Mika le Hosea. O ne a reetsa ka kelotlhoko fa ba mo gakolola le fa ba mo kgalemela. Go dira jalo go ne ga mo thusa go baakanya bontsi jwa mathata a a bakilweng ke rraagwe. O ne a phepafatsa tempele, a kopa Modimo gore a itshwarele batho ba gagwe le go senya medingwana e e neng e le teng. (2 Ditiragalo 29:1-11, 18-24; 31:1) Fa kgosi ya Asiria e bong Senakaribe a ne a tshosetsa Jerusalema gore o tla e tlhasela, Hesekia o ne a bontsha gore o pelokgale le gore o na le tumelo. O ne a ikanya Jehofa gore o tla mo sireletsa, ka jalo, a nonotsha batho ba gagwe. (2 Ditiragalo 32:7, 8) Nako nngwe Hesekia o ne a ikgogomosa, mme e rile fa Jehofa a mo kgalemela, o ne a ikokobetsa. (2 Ditiragalo 32:24-26) Hesekia ke sekao se sentle tota se re ka se latelang. Ga a ka a letla gore lelapa le a goletseng mo go lone le senye botshelo jwa gagwe. Go na le moo, o ne a bontsha gore tota ke tsala ya ga Jehofa.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Nathane—Mmueledi yo o Ikanyegang wa Kobamelo e e Itshekileng
E re ka Nathane e ne e le moobamedi yo o ikanyegang wa ga Jehofa o ne a iketleeditse go tshegetsa leano la ga Dafide la go aga lefelo la ntlha la kobamelo e e itshekileng mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, mo lekgetlhong leo, go bonala Nathane a ile a ntsha maikutlo a gagwe go na le go bua se Jehofa a mmoleletseng sone. Mo bosigong joo, Modimo o ne a laela moporofeti wa gagwe go bolelela kgosi molaetsa ono o o farologaneng: Dafide ga a kitla a aga tempele ya ga Jehofa. Motho yo o tla dirang jalo e tla nna mongwe wa barwa ba ga Dafide. Mme gone, Nathane o ne a itsise gore Modimo o ne a dira kgolagano le Dafide gore setulo sa gagwe sa bogosi se tla ‘tlhomamisiwa ka thata ka bosakhutleng.’—2 Sam. 7:4-16.
Thato ya Modimo e ne e sa dumalane le maikutlo a ga Nathane malebana le go agiwa ga tempele. Le fa go ntse jalo, moporofeti yono yo o ikokobeditseng o ne a dumalana le maikaelelo a ga Jehofa mme a bo a dirisana le one a sa ngongorege. A bo e le sekao se se molemo jang ne se re tshwanetseng go se latela fa ka tsela nngwe Modimo a tshwanelwa ke go re lolamisa! Ditiro tse Nathane a neng a di dira moragonyana e le moporofeti di bontsha gore Modimo o ne a sa ntse a mo amogela. Tota e bile, go bonala Jehofa a ne a tlhotlheletsa Nathane mmogo le Gada mmoni wa diponatshegelo, go kaela Dafide gore a rulaganye gore go nne le baopedi ba le 4 000 mo tirelong ya tempele.—1 Ditir. 23:1-5; 2 Ditir. 29:25.
JUNE 5-11
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 DITIRAGALO 30-31
“Go Kopana Mmogo go re Solegela Molemo”
it-1-E 1103 ¶2
Hesekia
O ne A Tlhagafetse mo Kobamelong ya Boammaaruri. Hesekia o ile a bontsha kafa a tsayang kobamelo ya ga Jehofa e leng botlhokwa ka gone ka nako ya fa a ne a nna kgosi a na le dingwaga di le 25. Selo sa ntlha se a neng a se dira e ne le go bula tempele le go e baakanya. Morago o ile a bitsa baperesiti le Balefi mme o ne a ba raya a re: “Ke eletsa ka pelo ya me yotlhe go dira kgolagano le Jehofa, Modimo wa Iseraele.” Kgolagano eo e ne e le ya go ikanyega mme batho ba ne ba sa e tseye e le botlhokwa fela jaaka kgolagano ya molao mme e ile a tlhomiwa sesha gape kwa Juda. Gape o ile a simolola go rulaganya Balefi gore ba dira tiro ya bone, a bo a dira thulaganyo ya gore go nne le diletswa le batho ba ba opelang dipina tsa pako. Ka Nisane, kgwedi e Tlolaganyo e ketekiwang ka yone, tempele e ne e se phepa, baperesiti le Balefi le bone ba ne ba se phepa. Ka letsatsi la bo16 la kgwedi ya Nisane, tempele e ile ya phepafadiwa le dilwana tsa tempele di ile tsa busediwa. Ka jalo, batho ba Iseraele botlhe ba ile ba tshwanelwa ke go ntshetswa setlhabelo. Sa ntlha, dikgosana di ne tsa ntsha ditlhabelo tsa boleo tsa lefelo le le boitshepo, morago ga moo batho ba ne ba ntsha ditlhabelo di le dintsi.—2Dt 29:1-36.
it-1-E 1103 ¶3
Hesekia
E re ka batho ba ne ba se phepa, ba ne ba sa kgone go keteka Tlolaganyo ka nako e e neng e tlhomilwe. Ka jalo, Hesekia o ne a dirisa molao o o neng o re batho ba ne ba ka keteka Tlolaganyo morago ga kgwedi. O ile a kwalela batho ba kwa Juda le Iseraele makwalo, go tswa kwa Beere-sheba go fitlha kwa Dana. Batho ba ba neng ba tsamaisa makwalo ba ne ba sotliwa ke batho ba le bantsi; mme bangwe ba ba neng ba tswa kwa Ashera, Manase le Sebulone ba ne ba ikokobetsa ba bo ba tla go akaretsa ba ko Eferaime le Isakare. Kafa letlhakoreng le lengwe, batho ba e neng e se Baiseraele mme e le baobamedi ba ga Jehofa ba ne ba iketleeleditse go thusa. Gongwe go ne go se motlhofo gore baobamedi ba Modimo ba ba kwa bokone ba tle go keteka moletlo ono. Fela jaaka batho ba ba neng ba tsamaisa makwalo, le bone ba ne ba tlile go sotliwa le go ganediwa ka gonne ditso di le lesomo tsa bogosi di ne di wetse mo kobamelong ya maaka e bile ba bogisiwa ke Baasiria.—2Dt 30:1-20; Dip 9:10-13.
it-1-E 1103 ¶4-5
Hesekia
Morago ga Tlolaganyo, Baiseraele le batswakwa ba ba neng ba nna kwa Iseraele ba ne ba keteka Moletlo wa Senkgwe se se Senang Sebediso malatsi a le supa, ba ne ba itumetse mo e leng gore ba ne ba keteka moletlo oo malatsi a mangwe a le supa. Le mo nakong eo e e thata, Jehofa o ile a dira gore go nne le “boitumelo jo bogolo mo Jerusalema, ka gonne go simologa mo motlheng wa ga Solomone morwa Dafide, kgosi ya Iseraele, go ne go ise go ke go direge sengwe se se tshwanang le seno mo Jerusalema.”—2Dt 30:21-27.
Go tsosolosiwa ga kobamelo ya boammaaruri e ne e le selo sa mmatota mme e seng boikutlo fela jwa nakwana. Seno se ne sa bonala sentle ka se se neng sa diragala moragoyana. Pele Baiseraele le batswakwa ba ba neng ba nna kwa Iseraele ba boela gae ba ile ba thubaganya dipilara tse di boitshepo, ba thuba mafelo a a kwa godimo le dibeso ba bo ba rema dikota tse di boitshepo mo Juda yotlhe le Benjamine, go akaretsa Eferaime le Manase. (2Dt 31:1) Hesekia o ne a ba tlhomela sekao ka go thubaganya noga ya kopore e Moshe a neng a e dirile ka gonne batho ba ne ba e dirile modingwana mme ba e ntshetsa ditlhabelo. (2Dk 18:4) Morago ga moletlo, Hesekia o ne a dira gore batho ba tswelele ba obamela Jehofa ka go rulaganya baperesiti go ya ka ditlhopha tsa bone le go rulaganya batho ba ba neng ba tla direla kwa tempeleng. Gape o ne a laela batho gore ba obamele Molao wa ga Jehofa wa gore ba ntshetse Balefi le baperesiti ditlhabelo karolo ya bolesome le mabutswapele mme batho ba ile ba ikobela molao oo ka pelo yotlhe.—2Dt 31:2-12.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
“Fa lo Itse Dilo Tseno, lo a Itumela Fa lo Di Dira”
14 Selo se sengwe se se ka bontshang gore re boikokobetso ke go reetsa batho ba bangwe. Jakobe 1:19 ya re re tshwanetse “go nna bonako go utlwa.” Jehofa o re tlhometse sekao se se molemo mo ntlheng eno. (Gen. 18:32; Josh. 10:14) Akanya ka se re ka se ithutang mo pegong e e mo go Ekesodo 32:11-14. (E bale.) Le fa gone Jehofa a ne a sa tlhoke kgakololo ya ga Moshe, o ne a mo naya tshono ya go tlhalosa tsela e a ikutlwang ka yone. Ga go motlhofo go reetsa motho yo mongwe yo o ileng a dira diphoso o bo o dirisa kgakololo ya gagwe. Le fa go ntse jalo, Jehofa ene o reetsa batho botlhe ba ba nang le tumelo mo go ene.
15 Rotlhe re tshwanetse go ipotsa jaana: ‘Fa Jehofa a kgona go ikokobetsa gore a dirisane le batho le go ba reetsa jaaka a dirile ka Aborahame, Ragele, Moshe, Joshua, Manoa, Elija le Hesekia, a le nna ga ke a tshwanela go tlotla bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ka go ba reetsa le go dirisa dikakantsho tsa bone tse di molemo? A go na le mongwe mo phuthegong kgotsa mo lelapeng la me yo o tlhokang gore ke mo reetse le go mo akanyetsa? Ke eng se ke tshwanetseng go se dira? Ke tla dira eng ka gone?’—Gen. 30:6; Baatlh. 13:9; 1 Dikg. 17:22; 2 Ditir. 30:20.
JUNE 12-18
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 DITIRAGALO 32-33
“Kgothatsa ba Bangwe Fa ba Na le Mathata”
it-1-E 204 ¶5
Asiria
Senakaribe. Mo ngwageng wa bo14 (732 B.C.E.) fa Kgosi Hesekia a ntse a busa Senakaribe morwa Saragone II o ne a tlhasela bogosi jwa Juda. (2Dk 18:13; Isa 36:1) Hesekia o ne a tlhanogela Kgosi ya Asiria a bo a gana o e direla. (2Dk 18:7) Seno e ile sa dira gore Senakaribe a tlhasele Juda mme o ne a fenya metse e le 46 (bapisa le Isa 36:1, 2) mme fa a ne a le kwa kampeng ya gagwe kwa Lakishe o ne a duedisa Hesekia ditalenta tsa gauta di le 30 (c. $11 560 000) le ditalenta tsa selefera di le 300 (c. $1 982 000). (2Dk 18:14-16; 2Dt 32:1; bapisa le Isa 8:5-8.) Le fa madi ao a ile a duelwa, Senakaribe o ne a romela babueledi ba gagwe gore ba bolelele batho ba kwa Jerusalema gore ba ineele. (2Dk 18:17–19:34; 2Dt 32:2-20) Jehofa o ne a bolaya masole a le 185 000 mo bosigong bo le bongwe mme seno se ile sa dira gore kgosi ya Asiria a se ka ya tlhasela Jerusalema mme a boele kwa Ninife. (2Dk 19:35, 36) Moragonyana Senakaribe o ne a bolawa ke bomorwawe ba babedi mme yo mongwe e bong Esare-hadone o ne a nna kgosi mo boemong jwa gagwe. (2Dk 19:37; 2Dt 32:21, 22; Isa 37:36-38) Ditiragalo tseno le go bolawa ga masole a Baasiria di ne tsa kwalwa mo kagong ya ga Senakaribe le ya ga Esare-hadone.
Badisa Ba Le Supa, Dikgosana Di Le Robedi—se Di Se Kayang Mo Go Rona Gompieno
12 Ka metlha, Jehofa o iketleeditse go re direla se re sa kgoneng go se dira, le fa go ntse jalo, o lebeletse gore re dire se re ka se kgonang. Hesekia o ne a bitsa “dikgosana tsa gagwe le banna ba gagwe ba ba thata” mme botlhe ba dira tshwetso ya gore “ba thibe metsi a metswedi e e neng e le kwa ntle ga motse . . . Mo godimo ga moo, [Hesekia] a nna pelokgale mme a aga lobota lotlhe lo lo thubegileng a ba a tsholetsa ditora mo godimo ga lone, le lobota lo longwe ka kwa ntle, . . . le go dira dibetsa tse dintsi tse di konopiwang le dithebe.” (2 Ditir. 32:3-5) Jehofa o ne a dirisa banna ba le mmalwa ba digatlhamelamasisi—Hesekia, dikgosana tsa gagwe, le baporofeti ba ba nonofileng semoyeng—gore a sireletse batho ba Gagwe ka nako eo.
Badisa Ba Le Supa, Dikgosana Di Le Robedi—se Di Se Kayang Mo Go Rona Gompieno
13 Se Hesekia a neng a se dira morago ga foo, se ne se le botlhokwa thata go feta go emisa metsi le go nonotsha dipota tsa motse. E re ka Hesekia e ne e le modisa yo o molemo, o ne a kokoanya batho mme a ba kgothatsa semoyeng ka mafoko ano: “Lo se ka lwa boifa le fa e le go tshoga ka ntlha ya kgosi ya Asiria . . . gonne ba ba nang le rona ba bantsi go feta ba ba nang le ene. O na le lebogo la nama, mme rona re na le Jehofa Modimo wa rona go re thusa le go tlhabana ditlhabano tsa rona.” Ruri ano e ne e le mafoko a a nonotshang tumelo—Jehofa o ne a tla lwela batho ba gagwe! Fa Bajuda ba utlwa seno, “ba simolola go itshegeletsa ka mafoko a ga Hesekia kgosi ya Juda.” Ela tlhoko gore “mafoko a ga Hesekia” ke one a neng a nonotsha batho. Ene le dikgosana tsa gagwe le banna ba ba nonofileng, mmogo le moporofeti Mika le moporofeti Isaia ba ne ba nna badisa ba ba molemo, fela jaaka Jehofa a ne a boleletse pele ka moporofeti wa gagwe.—2 Ditir. 32:7, 8; bala Mika 5:5, 6.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Go Ikwatlhaya ga Mmatota go Kaya Eng?
11 Fa nako e ntse e ya, Jehofa o ne a araba dithapelo tsa ga Manase. Dilo tse Manase a neng a di rapelela di ne di bontsha Jehofa gore o fetogile. Jehofa o ne a mo reetsa fa a ne a mo kopa gore a mo itshwarele a bo a mo letla gore e nne kgosi gape. Manase o ne a dira sotlhe se a se kgonang go bontsha gore ruri o a ikwatlhaya. O ne a fetola tsela e a neng a tshela ka yone, e leng se Ahabe a paletsweng ke go se dira. O ne a lwantsha kobamelo ya maaka a bo a rotloetsa batho gore ba obamele Jehofa. (Bala 2 Ditiragalo 33:15, 16.) Manase o ne a tlhoka go nna pelokgale le go nna le tumelo gore a dire jalo, ka gonne pele ga a ikwatlhaya o ne a feditse dingwaga di le dintsi a sa tlhomele ba lelapa la gagwe, batlotlegi ba gagwe le batho ba a neng a ba busa sekao se se molemo. Le fa go ntse jalo, fa Manase a tsofetse o ne a leka go baakanya mathata otlhe a a neng a a bakile. Go ka direga gore o ne a thusa setlogolo sa gagwe e bong Josia gore a tlotle Jehofa, mme moragonyana Josia o ne a nna kgosi e e molemo.—2 Dikg. 22:1, 2.
12 Re ithuta eng mo go se Manase a se dirileng? Ga a a ka a ikokobetsa fela. O ne a rapela a kopa Jehofa gore a mo utlwele botlhoko. E bile o ne a fetola tsela e a neng a tshela ka yone. O ne a leka ka natla go baakanya mathata otlhe a a neng a a bakile a bo a dira sotlhe se a ka se kgonang go direla Jehofa le go thusa ba bangwe gore le bone ba mo direle. Sekao sa ga Manase se thusa batho ba ba dirileng maleo a a masisi thata gore ba nne le tsholofelo. Re kgona go bona gore Jehofa Modimo, “o ikemiseditse go itshwarela.” (Pes. 86:5) Jehofa o itshwarela batho ba ba bontshang gore ruri ba a ikwatlhaya.
JUNE 19-25
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 DITIRAGALO 34-36
“A o Dirisa se o Ithutang Sone mo Lefokong la Modimo?”
it-1-E 1157 ¶4
Huleda
Fa Josia a sena go utlwa moperesiti yo mogolo e bong Hilekia a bala “buka ya Molao” e e fitlhetsweng fa tempele e ne e baakanngwa, o ile a romela batho gore ba ye go botsa Jehofa ka se se neng se balwa. Ba ne ba ya kwa go Huleda mme o ne a ba tlhalosetsa gore masetlapelo a a kwadileng mo bukeng eo a ne a tlile go tlisetswa batho ba ba neng ba sa ikobele Jehofa. Gape Huleda o ne a re, e re ka Josia a ne a ikokobeditse fa pele ga ga Jehofa o ne a se kitla a bona masetlapelo ao mme o ne a tla swa jaaka borraagwemogolo a bo a fitlhwa mo lebitleng la gagwe ka kagiso.—2Dk 22:8-20; 2Dt 34:14-28.
Tlhoafalela Ntlo ya ga Jehofa!
20 Ka nako ya fa go ne go dirwa tiro ya go aga sesha e Kgosi Josia a neng a e rulagantse, Moperesiti yo Mogolo Hilekia o ne “a bona buka ya molao wa ga Jehofa o o neetsweng ka seatla sa ga Moshe.” O ne a e naya Shafane mokwaledi wa kgosi, mme ene a simolola go e balela Josia. (Bala 2 Ditiragalo 34:14-18.) Diphelelo e ne ya nna dife? Gone fela foo kgosi e ne ya ikgagola diaparo ka ntlha ya kutlobotlhoko mme ya laela banna ba yone gore ba ye go botsa Jehofa. Modimo o ne a dirisa moporofeti wa mosadi Huleda go bolela molaetsa o o neng o kgala dingwe tsa ditiro tsa bodumedi tse di neng di dirilwe kwa Juda. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a lemoga maiteko a a molemo a Josia a neng a a dirile go fedisa mekgwa ya kobamelo ya medingwana, mme a nna a amogela Josia le fa go ne go boletswe gore setšhaba ka kakaretso se tlile go welwa ke masetlapelo. (2 Ditir. 34:19-28) Seno se re ruta eng? Kwantle ga pelaelo re na le keletso e e tshwanang le ya ga Josia. Re tshwanetse go ikobela kaelo ya ga Jehofa ntle le go senya nako, re tsaya tsia sekai se se tlhagisang sa gore go ka diragalang fa re letla botlhanogi le go sa ikanyege di kgoreletsa kobamelo ya rona. Gape re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla itumelela go tlhoafala ga rona mo kobamelong ya boammaaruri, fela jaaka a ile a itumela fa Josia a dira jalo.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
A o Tla Ikobela Dilo Tse di Kwadilweng?
15 Re ka ithuta eng mo go se se diragaletseng Kgosi Josia yo o siameng? Akanya ka se se dirileng gore Josia a fenngwe a bo a bolawe. (Bala 2 Ditiragalo 35:20-22.) Josia o ne a “tswa a ya go kgatlhana [kgotsa go tlhabana] le” Kgosi Neko wa Egepeto le fa gone kgosi eo e ne e boleletse Josia gore ga e na kgotlhang le ene. Baebele ya re mafoko a ga Neko a ne a ‘tswa mo molomong wa Modimo.’ Ka jalo, ke eng fa Josia a ile a ya go lwa le Neko? Baebele ga e re neye karabo.
16 Mme gone, Josia o ne a tla itse jang gore mafoko a ga Neko a ne a tswa kwa go Jehofa? A ka bo a ile a botsa moporofeti yo o ikanyegang e bong Jeremia. (2 Ditir. 35:23, 25) Mme ga go na sepe se se bontshang gore Josia o ile a dira jalo. Neko o ne a ya kwa Karakemishe go ya go lwa le “ntlo e nngwe,” e seng Jerusalema. Mo godimo ga moo, Josia o ne a sa lwele leina la ga Jehofa ka gonne Neko o ne a sa kgobe Jehofa kgotsa batho ba gagwe. Ka jalo, Josia o ne a dira tshwetso e e sa siamang fa a ne a tlhopha go ya go lwa le Neko. Re ithuta eng mo kgannyeng eno? Fa re lebane le bothata bongwe, re tshwanetse go batlisisa gore thato ya Modimo ke eng malebana le kgang eo.
17 Fa re na le mathata, re tshwanetse go akanya gore ke melaometheo efe e e mo Baebeleng e e ka re thusang, mme re bo re e dirisa ka tsela e e siameng. Gape re ka nna ra kopa kgakololo ya bagolwane mo maemong mangwe. Re ka nna ra bo re setse re akantse ka se re se itseng ka kgang eo, e bile re ka tswa re dirile dipatlisiso mo dikgatisong tsa rona. Go ka tswa go na le melaometheo mengwe ya Baebele e re tlhokang go e akanyetsa malebana le kgang eo, mme mogolwane mongwe a ka re thusa go dira jalo. Ka sekai, kgaitsadi yo o nyetsweng o a itse gore o na le maikarabelo a go rera dikgang tse di molemo. (Dit. 4:20) Le fa go ntse jalo, a re re o batla go ya bodireding letsatsi lengwe mme monna wa gagwe yo e seng mosupi o mo kopa gore a se ka a ya. Monna wa gagwe o mmolelela gore ke kgale ba sa fetse nako mmogo mme o batla gore ba ye go iphokisa phefo. Kgaitsadi yono a ka nna a akanya ka ditemana dingwe, tse di jaaka gore o tshwanetse go ikobela Modimo le gore o tshwanetse go dira barutwa. (Math. 28:19, 20; Dit. 5:29) Mme gape o tshwanetse go akanya ka ditemana tse di tlhalosang gore o tshwanetse go ikobela monna wa gagwe le gore o tshwanetse go nna tekatekano. (Baef. 5:22-24; Bafil. 4:5) A monna wa gagwe o gana gore a ye bodireding kgotsa a o kopa fela gore a dire sengwe se sele mo letsatsing leo? Re tshwanetse go nna tekatekano fa re ntse re leka go dira thato ya Modimo le go nna le segakolodi se se phepa.
JUNE 26–JULY 2
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | ESERA 1-3
“Letla Jehofa Gore a go Dirise”
A o Bona se Sekarea a Neng a se Bona?
BAJUDA ba ne ba itumetse tota. Jehofa Modimo o ne a “tlhotlheletsa pelo ya” ga Kgosi Kurose wa Peresia gore a golole Baiseraele ba ba neng ba feditse dingwaga di le dintsi kwa botshwarwa kwa Babelona. Kgosi eo e ne ya dira kitsiso ya gore Bajuda ba ka boela kwa nageng ya bone, gore ‘ba ye go tsosolosa ntlo ya ga Jehofa, Modimo wa Iseraele.’ (Esera 1:1, 3) Kitsiso eo e ne e itumedisa fela thata! Seo se ne se raya gore Bajuda ba ne ba tla kgona go tsosolosa kobamelo ya Modimo wa boammaaruri mo nageng e a neng a ba neile yone.
Dikara le Serwalo Di a Go Sireletsa
2 Sekarea o ne a itse gore Bajuda ba ba neng ba fudugetse kwa Jerusalema e ne e le banna le basadi ba ba nang le tumelo e e nonofileng. Ke bone ba ‘Modimo wa boammaaruri a neng a kurusitse moya wa bone’ gore ba tlogele magae le dikgwebo tsa bone kwa Babelona. (Esera 1:2, 3, 5) Ba ne ba tlogela lefelo le ba neng ba le tlwaetse mme ba ya kwa go le ba neng ba sa le itse. Fa e le gore go agiwa sesha ga tempele ya ga Jehofa go ne go se botlhokwa mo go bone, ba ne ba se kitla ba tsaya loeto lo loleele lwa dikilometara di ka nna 1 600 go ralala naga.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Dintlhakgolo Tsa Buka ya Esera
1:3-6. Fela jaaka Baiseraele bangwe ba ba neng ba sala kwa Babelona, ba le bantsi ba Basupi ba ga Jehofa gompieno ga ba kgone go tsenela tirelo ya nako e e tletseng kana go ya go direla kwa go nang le tlhokego e kgolo gone. Le fa go ntse jalo, ba thusa le go kgothatsa ba ba leng mo tirelong ya nako e e tletseng mme ba ntsha meneelo ya boithatelo gore tiro ya go rera le go dira barutwa e tsweledisiwe.