LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp23 no. 1 ts. 3-4
  • Malwetse a Tlhaloganyo a Aparetse Lefatshe Lotlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Malwetse a Tlhaloganyo a Aparetse Lefatshe Lotlhe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2023
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bolwetse jwa tlhaloganyo ke eng?
  • Bolwetse jwa tlhaloganyo . . .
  • Fa o na le bolwetse jwa tlhaloganyo, batla thuso
  • Tshedimosetso ka Malwetse a Tlhaloganyo
    Tsogang!—2014
  • Modimo A re O Tlile go Fedisa Malwetse a Tlhaloganyo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2023
  • Go Tshwenyega Tlhaloganyo—Fa go Tlhasela Mokeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Fa Mongwe Yo o Mo Ratang A na Le Bolwetse Jwa Tlhaloganyo
    Tsogang!—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2023
wp23 no. 1 ts. 3-4
Mosadi yo o tshwenyegileng o ntse fa fensetereng.

Malwetse a Tlhaloganyo a Aparetse Lefatshe Lotlhe

“Ka metlha ke a tlhobaela, tota le fa ke ntse ke le nosi fela mo phaposing.”

“Fa ke itumetse thata, ke simolola go tshwenyega. Ke a itse gore go ise go ye kae maikutlo a me a tla bo a ya kwa tlase thata.”

“Ke leka go tlhoma mogopolo mo go se se diregang mo letsatsing. Mme ka dinako tse dingwe, ka bonako fela ke tla bo ke tlhobaela ka dilo tse dintsi ka nako e le nngwe.”

Mafoko ano ke a a neng a buiwa ke batho ba ba nang le malwetse a tlhaloganyo. A o kile wa ikutlwa jaaka bone? A mongwe yo o mo ratang o kile a ikutlwa jalo?

Itse gore ga o nosi. Batho ba le bantsi gompieno ba amiwa ke malwetse a tlhaloganyo, e ka tswa e le bone ba lwalang kgotsa go lwala bangwe ba malapa a bone.

Ga go pelaelo gore re tshela ‘mo dinakong tse di thata e bile di le kotsi,’ tse di re bakelang mefuta e e farologaneng ya go tshwenyega. (2 Timotheo 3:1) Patlisiso nngwe e bontshitse gore mo lefatsheng lotlhe, mo e ka nnang motho a le mongwe mo go ba le robedi, o na le bolwetse bongwe jwa tlhaloganyo. Ka ntlha ya bolwetse jwa leroborobo jwa COVID-19, ka 2020 palo ya batho ba ba nang le bothata jwa go tlhobaela le jwa dipreshene, e ne ya oketsega ka dimilione di ka nna 78 go feta ya 2019.

Go botlhokwa go itse gore ke batho ba le kae ba ba nang le bothata jwa go tlhobaela le jwa dipreshene. Le fa go ntse jalo, go botlhokwa thata go itse gore wena le batho ba o ba ratang lo ka dira eng gore lo emelane le mathata ano.

Bolwetse jwa tlhaloganyo ke eng?

Fa o na le botsogo jo bo siameng jwa tlhaloganyo, gantsi o ikutlwa sentle mo mmeleng e bile o kgona go bereka sentle. O kgona go lepalepana le dilo tse di tlwaelegileng tse di go bakelang seterese, o kgona go dira tiro e e duleng diatla e bile o kgona go itumelela botshelo.

Bolwetse jwa tlhaloganyo . . .

  • GA BO bakiwe ke go bo motho a le bokoa.

  • KE bolwetse jo bo dirang gore motho a tshwenyege thata mo maikutlong e bile bo kgoreletsa tsela e a akanyang ka yone, e a laolang maikutlo a gagwe ka yone le e a itshwarang ka yone.

  • Gantsi bo dira gore motho a se ka a kgona go dirisana sentle le ba bangwe le gore a palelwe ke go dira ditiro tsa letsatsi le letsatsi.

  • Bo ka ama batho ba ba farologaneng ka dingwaga, ka ditso, ka mmala, ka merafe le ka bodumedi, ba ba rutegileng le ba ba sa rutegang kgotsa bahumi le bahumanegi.

Ditshwantsho: 1. Mosha wa mosimane o utlwile botlhoko e bile o tshwenyegile. 2. Monna o gomotsa mosadi wa gagwe yo o hutsafetseng. 3. Mosadi o bua le ngaka.

Fa o na le bolwetse jwa tlhaloganyo, batla thuso

Motho a ka nna le matshwao a a bontshang gore botho jwa gagwe bo fetogile, a simolola go robala thata kgotsa a sa robale mo go lekaneng, a ja thata kgotsa a ja go le gonnye go feta pele, kgotsa a fetsa lobaka lo loleele a tlhobaela kgotsa a hutsafetse. Fa dilo tseno di direga, a ka nna a tshwanelwa ke go bona dingaka gore di bone se se bakang matshwao ano mme di leke go se lwantsha. Mme gone, a ka bona kae thuso?

Monna yo o botlhale go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela e bong Jesu Keresete, o ne a re: “Batho ba ba sa lwaleng ga ba tlhoke ngaka, mme ba ba lwalang ba a e tlhoka.” (Mathaio 9:12) Batho ba ba nang le malwetse a tlhaloganyo ba ba amogelang thuso ya dingaka e bile ba nwa melemo, matshwao a malwetse a ba nang le one a ka okobala e bile ba ka kgona go bereka le go itumelela botshelo. Go tla bo go le botlhale gore batho ba ba nang le malwetse a tlhaloganyo ba se ka ba okaoka go batla kalafi fa e le gore matshwao a bone a masisi kgotsa a tsaya lobaka lo loleele.a

Le fa gone Baebele e se buka ya kalafi, se e se buang se ka re thusa gore re kgone go lwantshana le malwetse a tlhaloganyo. Re go kgothaletsa gore o bale ditlhogo tse di latelang, tse di tlhalosang gore Baebele e ka re thusa jang go lwantsha malwetse ano.

a Tora ya Tebelo ga e buelele mofuta ope wa kalafi. Mongwe le mongwe o tshwanetse go sekaseka ka kelotlhoko kalafi e a batlang go e amogela pele ga a ka itirela tshwetso.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela