LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w25 July ts. 32
  • Tlotlela ba Bangwe Se o Se Ithutileng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tlotlela ba Bangwe Se o Se Ithutileng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Batla Dithuto Tsa Botlhokwa Tse O ka Di Dirisang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Bona Tapologo mo Dilong Tsa Semoya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Kakantsho ya go Ithuta
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • O ka Dira Eng Gore o Bolelele ba Bangwe Dikgang Tse di Molemo?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
w25 July ts. 32

KAKANTSHO YA GO ITHUTA

Tlotlela ba Bangwe Se o Se Ithutileng

Re a itumela fa re ithuta Baebele, mme re ka itumela le go feta fa re tlotlela ba bangwe ka dilo tse re di ithutileng tse di dirang gore re atamalane le Jehofa. Diane 11:25 e a re: “Ope fela yo o lapolosang ba bangwe le ene o tla lapolosiwa.”

Go tlotlela batho ba bangwe dintlha tse re di ithutileng, go tla dira gore go nne motlhofo gore re di gopole le gore re di tlhaloganye botoka. Gape go dira jalo go a re itumedisa ka gonne dintlha tseo di tla ba tswela mosola.​—Dit. 20:35.

Leka seno: Mo bekeng e e tlang, batla mongwe yo o ka mmolelelang se o se ithutileng. O ka leka go bua le mongwe mo lelapeng, mo phuthegong, yo o berekeng le ene, yo o tsenang sekolo le ene, moagelani kgotsa mongwe yo o kopanang le ene mo tshimong. Mo tlhalosetse se o se ithutileng ka tsela e e motlhofo e bile o dirisa mafoko a gago.

Gopola: Fa o tlotlela batho ba bangwe se o se ithutileng, dira jalo ka boikaelelo jwa go ba kgothatsa, e seng go ba kgatlha.​—1 Bakor. 8:1.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela