Lekwalo le le Tswang Kwa Setlhopheng se se Laolang
Bakaulengwe le Bokgaitsadi ba ba rategang:
Rraarona yo o kwa legodimong, Jehofa, ke sekao se se tlhomologileng sa lorato. Ke gone ka moo Baebele e reng: “Modimo ke lorato.” (1 Joh. 4:8) Le fa Jehofa e le Mothatayotlhe, Lefoko la gagwe ga le nke le re, “Modimo ke thata” kgotsa “Modimo ke maatla.” Tsela ya gagwe ya go busa e laolwa ke lorato. A bo seno se dira gore re atamalane le ene thata jang ne!
Se se itumedisang ke gore, Jehofa ga a re pateletse go mo direla. Ga se mmusi yo o gatelelang. O batla gore re mo direle ka gonne re mo rata go tswa pelong. Fa re dira jalo, re bontsha gore re batla go busiwa ke ene ka gonne re dumela gore tsela e a busang ka yone e siame e bile e lorato. Seno se sa le se bonala go tloga kwa tshimologong ya hisitori ya batho.
Jehofa ga a ka a pateletsa Adame le Efa gore ba mo ikobele, go na le moo o ne a ba letla gore ba itlhophele. Fa ruri ba ne ba rata Jehofa e bile ba anaanela se a neng a se ba diretse, ba ka bo ba ile ba emelana le maiteko a ga Satane a go dira gore ba tsuologe.
Moragonyana, Moshe o ne a bolelela setšhaba sa Iseraele mafoko ano mo puong ya gagwe ya bofelo: “Bona, gompieno ke baya botshelo le molemo fa pele ga gago, le loso le bosula.” (Dute. 30:15) Baiseraele ba ne ba na le kgololesego ya go itlhophela gore ba batla go tshela jang. Joshua le ene o ne a raya Baiseraele a re: “Fa go le bosula mo matlhong a lona go direla Jehofa, itlhopheleng gompieno yo lo tla mo direlang.” Mme batho ba ne ba raya Joshua ba re: “Go ka se direge gore re tlogele Jehofa.” (Josh. 24:15, 16) Le rona re ikutlwa fela jalo gompieno. E re ka re rata Jehofa, “go ka se direge” gore re mo tlogele.
Rona mo phuthegong ya Bokeresete, re tlhaloganya sentle gore kgololesego ya go itlhophela e kaya eng. Le fa gone bagolwane ba na le tetla ya go gakolola le go kgalemela, ga ba leke go gatelela kgotsa go laola botshelo kgotsa tumelo ya ba bangwe. Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana mo lekwalong la gagwe: “E seng gore re beng ba tumelo ya lona, fa e se gore re badirimmogo gore lo ipele, gonne lo eme ka tumelo ya lona.”—2 Bakor. 1:24.
A bo go itumedisa jang ne go dira sengwe ka gonne re batla go se dira, e se ka gonne re patelediwa! Jehofa o re kgothaletsa go dira se se molemo ka gonne re tlhotlhelediwa ke lorato. Botlhokwa jwa seo bo bontshiwa ke mafoko ano a a tlhotlheleditsweng a ga Paulo: “Fa ke ntsha dilo tsa me tsotlhe go fepa ba bangwe, e bile ke neela mmele wa me, gore ke tle ke ipelafatse, mme ke se na lorato, ga ke boelwe ke sepe gotlhelele.”—1 Bakor. 13:3.
Ruri Jehofa o itumela thata—e bile go mo tlisetsa pako thata—go bona bakaulengwe le bokgaitsadi ba le dimilionemilione ba mo direla ka gonne ba mo rata ka pelo yotlhe!
Jehofa le ene o rata batlhanka botlhe ba gagwe thata, go akaretsa lona bana mmogo le basha ba lo bontshang gore lo rata Jehofa e seng lefatshe le moya o le o rotloetsang wa bopelotshetlha. Itseng gore le rona re lo rata fela thata.—Luke 12:42, 43.
Ngogola lona bakaulengwe le bokgaitsadi le basha lo feditse diura di le 1 748 697 447 lo bolela dikgang tse di molemo ka gonne lo rata Jehofa. Ba le 7 782 346 ba ne ba nna le seabe mo bodireding jwa tshimo mo lefatsheng lotlhe ba tlhotlhelediwa ke lorato. Re itumelela gore batho ba basha ba le 268 777 ba ne ba bontsha boineelo jwa bone mo go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing mme ba bantsi mo go bone ba le basha ka dingwaga. Seno se kaya gore go ne go kolobediwa palogare ya batho ba le 5 168 beke le beke. Ruri seno se re itumedisa fela thata!
Mo motlheng ono wa bokhutlo, batho ba Modimo ba lebana le mathata a mantsi, dikgwetlho, dipogiso le malwetse e bile bangwe ba tshwanelwa ke go itshokela botsofe. Mme re ititeile sehuba gore le ka motlha ga re kitla re ‘kata ka morago’ kgotsa re ‘ineela.’ Re lo rata lotlhe fela thata.—Baheb. 10:39; 2 Bakor. 4:16.
Bakaulengwe ba lona,
Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa