Dintlhakgolo Tsa Ngwaga o o Fetileng
Karolo e e mo lefatsheng ya phuthego ya ga Jehofa e gatela pele ka lobelo lo lo gakgamatsang! Re go laletsa gore o bale ka diphetogo tse di itumedisang tse di diragetseng mo dikgweding tse di fetileng.
Go Rekwa le go Rekisiwa ga Dikago
Go Fudusiwa ga Ntlokgolo ya Lefatshe Lotlhe
Ka July 2009, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba reka setsha kwa kgaolong ya New York, U.S.A., ka boikaelelo jwa go fudusetsa ntlokgolo ya bone koo. Setsha seo sa diheketara di le 102 se mo e ka nnang dikilometara di le 80 kwa bokonebophirima jwa dikago tse di kwa Brooklyn, New York, kwa di sa bolong go nna gone fa e sa le ka 1909.
Maloko a Bethele a ka nna 800 a tla bereka kwa dikagong tse disha le go nna kwa go tsone mme dikago tseno di tla nna le kago ya diofisi, kago ya mafapha a ditirelo, dikago tsa lefapha la go tlhokomela kago le dikago tse nnè tsa bonno. Gape go rulagantswe gore go nne le musiamo o monnye o o bontshang hisitori ya motlha wa gompieno ya Basupi ba ga Jehofa mo setsheng seno.
Kago eno e tla agiwa mo karolong ya dihekerata di le 18 ya setsha se se rekilweng, mme karolo e nngwe e e setseng e tla tlogelwa fela e le sekgwa le ditsobotla. Go ka se nne le mafelo a magolo a a jadilweng llono. Go na le moo, dikago tseno di tla tshwanela lefelo le di leng mo go lone le le tletseng ditlhare. Batlhami ba dipolane ba tlhamile dikago tseno gore di se ka tsa dirisa motlakase o montsi kgotsa gase e ntsi le gore di se ka tsa senya madi, mme seno se tla fokotsa go senyega ga tikologo e bile se tla fokotsa ditshenyegelo. Ka sekai, mo godimo ga marulelo go tla jalwa dimela tse di sa sweng motlhofo tse di sa tlhokeng go tlhokomelwa thata, gore di fokotse go elela ga metsi a pula le go dira gore go nne go na le themperetšha e e siameng mo teng ga dikago. Dipolane tsa diofisi di tlhamilwe ka tsela ya gore go dirisiwe lesedi la letsatsi go bonesa. Go boloka metsi le gone go botlhokwa.
Ke ka ntlha yang fa go fudugwa? Gone jaanong diofisi tsa makala mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe di thusa go gatisa Dibaebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng, tse pele di neng di gatisiwa fela kwa Brooklyn. Ka 2004, tiro ya kwa United States ya go gatisa dikgatiso le go di romela kwa dinageng tse dingwe e ne ya fudusediwa kwa Wallkill, New York, e e sekgala sa dikilometara di ka nna 145 kwa bokonebophirima jwa Brooklyn. Ditshenyegelo le tsone ke lebaka le lengwe. Go dirisa le go tlhokomela dikago tse di onalang e bile di aname mo toropong ya Brooklyn go ja madi a mantsi. Ka go fudugela kwa dikagong tse di leng mo lefelong le le lengwe, re ka kgona go dirisa madi a a ntshiwang meneelo sentle.
Diofisi Tsa Lekala di a Kopanngwa
Fa e sale go tloga ka September 2012, tiro e e neng e dirwa kwa diofising tsa makala tsa Basupi ba ga Jehofa di feta 20 e ne ya simolola go dirwa kwa diofising tse dikgolwane tsa makala. Go na le mabaka a mabedi a konokono a go bo go na le diphetogo tseno:
1. Thekenoloji e tlhofofaditse tiro. Mo dingwageng tsa bosheng, kgatelopele e e dirilweng mo thekenolojing ya tlhaeletsano le ya kgatiso e fokoditse palo ya badiri ba ba tlhokegang kwa makaleng a magolwane. E re ka jaanong palo ya batho ba ba direlang kwa makaleng a magolwane e fokotsegile, go ile ga nna le mafelo a bonno a a ka nniwang ke batho ba bangwe ba ba neng ba bereka mo makaleng a mannye kwa dinageng tse dingwe.
Jaanong setlhopha sa Basupi ba ba nang le maitemogelo se tlhokometse tiro ya go ruta ka Baebele se le mo makaleng a magolwane. Ka sekai, tiro ya go rera kwa Costa Rica, El Salvador, Guatemala, Honduras, Nicaragua le Panama jaanong e tlhokometswe ke lekala la Mexico. Ka ntlha ya seo, diofisi tsa makala kwa dinageng tseo tse thataro di ile tsa tswalwa. Maloko a lelapa la Bethele a le 40 go tswa kwa makaleng ao a ile a abelwa go ya go direla kwa lekaleng la Mexico. Ba bangwe ba ka nna 95 ba ile ba sala kwa dinageng tsa gabone kwa ba ileng ba tsenela tirelo ya nako e e tletseng gone.
Ba bangwe ba ba mo dinageng tseo tse di kwa Amerika Bogare ba tsweletse ka tiro kwa diofising tsa thanolo tse di tlhokometsweng ke lekala la Mexico. Ka sekai, baranodi ba ka nna 20 kwa Panama ba ranolela dikgatiso tsa Baebele mo dipuong tse di buiwang kwa nageng eo. Kwa Guatemala, Basupi ba le 16 ba ranolela dikgatiso mo dipuong tse nnè tse di buiwang kwa nageng eo. Go rulaganya dilo sesha kwa Amerika Bogare go dirile gore go fokodiwe palo ya maloko a lelapa la Bethele go tloga go a le 300 go ya go mo e ka nnang a le 75.
2. Palo ya badiri ba nako e e tletseng ba ba ka rerang e a oketsega. E re ka jaanong makala a kopantswe, bakaulengwe ba ba neng ba ntse ba direla kwa makaleng a mannye, jaanong ba ka dirisa nako e ntsi mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo. Mokaulengwe mongwe mo Afrika, yo o neng a abelwa go ya go dira tiro ya go rera, o ne a re: “Mo dikgweding tsa ntlha di le mmalwa, go fetola botshelo jwa me gore ke tlwaele maemo a masha e ne e le kgwetlho. Le fa go ntse jalo, go nna gone ka metlha mo bodireding go dirile gore ke itumele ke bo ke nne le masego a magolo. Gone jaanong ke ithuta Baebele le batho ba le 20 mme bangwe ba bone ba setse ba tla dipokanong tsa phuthego.”
Letshwao la Bogologolo la Kwa Brooklyn
Ditlhaka tse dikhibidu tse di boleele jwa dimetara di le 4,6 tse di reng “Watchtower” tse di kwa godimo ga kago ya ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa, ga e bolo go nna selo se batho ba ba nnang kwa New York City ba se bonang ka metlha, bosigo le motshegare, ka dingwaga di feta 40. Mo godimo ga ditlhaka tseno go na le tshupanako e e solegelang batho ba le bantsi molemo e e bontshang nako le themperetšha.
Beng ba pele ba kago eno ba ne ba tsenya letshwao dingwaga di feta 70 tse di fetileng. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba fetola letshwao leo gore le nne jaaka le ntse gone jaanong morago ga gore ba reke kago eno ka 1969.
Fa bakaulengwe ba ne ba tsenya ditlhaka tsa dipone tse di phatsimang tsa letshwao la “Watchtower” ka 1970
E le gore letshwao leno le bereke sentle ka nepo, le ile la nna la fetolwa makgetlho a le mmalwa. Mo bogareng jwa bo1980, go ne ga dirwa gore themperetšha e tlhage le ka Celsius e re ka e ne e ntse e tlhaga fela ka Fahrenheit mme gape e tla e tlhagisa le nako.
Eboni, yo o kgonang go bona letshwao leno a le mo foleteng ya gagwe kwa Brooklyn, o ne a re: “Go monate go leba fela kwa ntle ga fensetere ke bo ke bona nako le themperetšha pele ke ya tirong. Seno se dira gore ke tshware nako e bile se nthusa gore ke apare diaparo tse di siametseng maemo a bosa.”
A letshwao leno le tla tswelela le le gone ka dingwaga tse dingwe tse 40? E re ka go rulaganngwa gore ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa e fudusiwe, seo se tla laolwa ke batho ba ba tla rekang kago eno.
Go Anamisa Lefoko
Sengwe se Sesha Kwa Manhattan
Ka November 2011, setlhopha sa Basupi ba ga Jehofa se ne sa simolola go thusa batho ba Manhattan go itse molaetsa wa Baebele se dirisa ditafole le dikolotsana tse di ngokang kgatlhego tse go bewang dikgatiso mo go tsone gore di bonwe ke batho. Thulaganyo eno e dirwa kwa karolong e e kwa borwa jwa Manhattan, toropo e kgologolo go gaisa e bile e tlhanasela go gaisa tse dingwe kwa New York City. Karolo eno e ne ya kgaoganngwa ka dikgaolo di le nnè. Kgaolo nngwe le nngwe e na le mafelo a le mantsi a mo go one batho ba ba fetang ba ka kgonang go ema fa tafoleng e e rulagantsweng sentle kgotsa fa kolotsaneng e e nang le dikgatiso di le dintsi tsa Baebele mme e tlhokometswe ke mmulatsela mongwe wa mo lefelong leo. Bontsi jwa mafelo a a ntseng jalo a ka fitlhelwa mo dipalangwa di emelwang gone kgotsa gaufi le foo, mo batho ba le diketekete ba fetang gone letsatsi le letsatsi.
Banyalani ba babulatsela ba aba dimakasine fa tafoleng e go beilweng dikgatiso mo go yone kwa Grand Central Station kwa New York City
Batho ba ka bona dikarabo tsa dipotso tse dintsi tsa Baebele mo mafelong ano. Batho ba ba itlhaganetseng ba ka itseela kgatiso gore ba e bale moragonyana. Dikgatiso di gone ka dipuo di le dintsi. Fa kgatiso nngwe e seyo ka loleme lo mongwe a lo batlang, go ka tsenngwa otara mme a bo a tla go e tsaya morago ga malatsi a se kae.
Setšhaba mmogo le balaodi ba amogetse letsholo leno ka diatla tsoopedi. Lepodise lengwe le ile la re: “Lo ntse lo le kae? Lo tshwere selo se batho ba se tlhokang tota.” Monna mongwe o ne a ema ka tshoganyetso fa a bona buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? O ne a re o bone batho ba e bala ba le mo bopalamelong jwa diterena a bo a ipotsa gore ba e tsere kae. Jaanong o itse kwa di tswang gone.
Lekawana lengwe le ne le feta gaufi le nngwe ya ditafole tseno letsatsi le letsatsi ka dibeke di le thataro fa le ya tirong. La bofelo o ne a ema a bo a re, “Ke kopa thuso.” Batho ba ba neng ba tlhokometse tafole eo ba ne ba itumelela go mo thusa. Ba ne ba mo fa Baebele ba bo ba mmontsha kafa e ka mo solegelang molemo ka teng. Batho ba ba kgatlhegang ba ba neng ba feta foo ba ne ba ema mme ba nna le metlotlo e e itumedisang ka Modimo mme mo dikgweding di le robedi fela batho ba le 1 748 ba ne ba bolela gore ba ka rata go ithuta Baebele. Ka June 2012, batho ba ne ba setse ba amogetse dimakasine di le 27 934 le dibuka di le 61 019 ka ntlha ya thulaganyo eno.
Dimakasine Tsa Rona—Di Fokoditswe Palo ya Ditsebe Mme di Ranolwa ka Dipuo Tse di Oketsegileng
Go simologa ka dimakasine tsa January 2013, dikgatiso tsa Tsogang! le Tora ya Tebelo ya batho botlhe di ne tsa fokodiwa go tswa go ditsebe di le 32 go ya go di le 16. E re ka tshedimosetso e e mo dimakasineng tseno e fokoditswe, ditlhopha tsa baranodi di tla kgona go di ranolela mo dipuong tse di oketsegileng. Ga jaana Tsogang! e ranolelwa mo dipuong di le 98, Tora ya Tebelo yone mo dipuong di le 204. Makasine o o ithutiwang wa Tora ya Tebelo o tla tswelela o gatisiwa ka ditsebe di le 32.
Dingwe tsa ditlhogo tse di neng di le mo dimakasineng tseo, jaanong di tlhaga fela mo atereseng ya Internet ya www.pr418.com/tn. Ditlhogo tseo di akaretsa “Basha,” “Se ke Ithutang Sone mo Baebeleng” le pego ya kalogo ya Gileade tse di neng di le mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa batho botlhe le “Motlotlo wa Lelapa” le “Basha ba Botsa Jaana” tse di neng di le mo makasineng wa Tsogang!
Mo godimo ga moo, go na le motseletsele wa ditlhogo tse di leng mo Internet fela tse di nang le dikarabo tse dikhutshwane tsa dipotso tse di malebana le Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Gape o ka kgona go itseela dikgatiso tse di setseng di gatisitswe go tswa mo Internet. Batho ba ka kgona go bona dikgatiso tsa rona ka bofefo mo www.pr418.com ka dipuo di feta 440, ba dirisa khomputara kgotsa didirisiwa tse dinnye tsa thekenoloji.
Web Site ya Rona e a Tlhabololwa
Mo dikgweding di se kae tse di fetileng, setlhopha se segolo sa Basupi ba ga Jehofa kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe kwa New York se ntse se semeletse se dira gore www.pr418.com e nne ntle le go feta le gore e nne motlhofo go dirisiwa ka khomputara kgotsa ka didirisiwa tse dinnye tsa ileketeroniki. Gape Web site eno e tlhabolotswe ka maikaelelo ano a mabedi:
1. Go kopanya di-Web site tsa rona. Di-Web site tse tharo tsa Basupi ba ga Jehofa di ile tsa kopanngwa go nna Web site e le nngwe ya semolao—www.pr418.com. Tse dingwe tse pedi, www.watchtower.org le www.jw-media.org di tswetswe. Go kopanngwa ga di-Web site go thusitse gore batho ba ba batlang tshedimosetso ka Basupi ba ga Jehofa kgotsa ka dikgatiso tsa rona ba e fitlhele mo lefelong le le lengwe fela. Ka sekai, o ka kgona go reetsa fa Baebele e balwa, go e ipalela kgotsa go printa ditsebe tsa yone le dikgatiso tsa Baebele ka dipuo di le dintsi.
Ka August 28, 2012, Web site ya www.pr418.com e e tlhamilweng bosha e ne ya gololwa
2. Go oketsa tshedimosetso. Web site eno e e tlhabolotsweng e na le dikarabo tsa dipotso tsa Baebele le tshedimosetso malebana le tiro ya go rera, diofisi tsa makala, Diholo Tsa Bogosi le dikopano tse dikgolo tsa Basupi ba ga Jehofa. Karolo ya “News” e na le dipego tsa ditiragalo tse di amang bakaulengwe ba rona mo lefatsheng lotlhe. Gape go na le dikarolo tse di letlang gore malapa, basha le bana ba nne le seabe mo go tsone.
Mo letsatsing le le lengwe batho ba le dikete di le makgolokgolo ba bala dikgatiso tsa rona mo Internet. Ba itseela difaele di ka nna halofo ya milione tse di reediwang, tsa EPUB, tsa PDF kgotsa tsa dibidio tsa puo ya diatla. Letsatsi le letsatsi, batho ba le lekgolo ba kopa gore mongwe a ithute Baebele le bone.
Go Thusa Batho ba Mefuta Yotlhe
Baebele ya Dimetara Tse Pedi
Baebele e e feletseng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha—e e leng teng ka Mokwalo wa Difofu wa Seesemane, Se-Spain le Sentadiana—e na le mo e ka nnang dibolumo di le 20 go ya go di le 28 mme e tlhoka go bewa mo shelofong e bobotlana e leng dimetara di le pedi! Mefuta e mengwe ya Dibaebele tsa mokwalo ono ga e megolo jaaka e e gatisitsweng mo pampiring ya Mokwalo wa Difofu. Ka sekai, didirisiwa tsa di-notetaker tsa Mokwalo wa Difofu di thusa batho ba ba foufetseng go kwala dintlha le go fitlhelela tshedimosetso e e mo didirisiweng tsa ileketeroniki ka sedirisiwa se sennye se se dirang matshwao a Mokwalo wa Difofu. Gape batho ba ba foufetseng ba ka kgona go batla dikgatiso ba bo ba di reetsa ba dirisa dithulaganyo tsa khomputara tse di kgonang go balela ditlhaka kwa godimo.
Ka dingwaga di feta 100, Basupi ba golotse dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng tse di kwaletsweng batho ba ba foufetseng tse jaanong di leng teng ka dipuo di le 19. Le fa batho ba ba foufetseng ba ba kgatlhegang ba ka bona dibuka tseno ntle le gore ba duedisiwe, bontsi jwa bone ba ntsha meneelo ka go rata.
Mokaulengwe Anthony Bernard kwa Sri Lanka a dirisa Baebele ya gagwe ya Mokwalo wa Difofu wa Seesemane go tshwara kobamelo ya lelapa
Basupi ba dirile thulaganyo ya khomputara e e kgonang go fetolela ditlhaka mo Mokwalong wa Difofu ka dipuo di le dintsi. Fa go sena go tsenngwa ditlhaka tsa puo e e rileng le ditlhaka tsa Mokwalo wa Difofu mo thulaganyong eno, e kgona go fetolela ditlhaka tsa puo eo mo Mokwalong wa Difofu. Gape e rulaganya kgatiso ka tsela e e ka nnang motlhofo gore motho yo o foufetseng a kgone go e bala sentle. Thulaganyo eno e tla dira gore go kgonege go dira dikgatiso tsa Mokwalo wa Difofu, tse di akaretsang Baebele ya Mokwalo wa Difofu, mo e ka nnang ka puo nngwe le nngwe fela e e nang le ditlhaka tsa Mokwalo wa Difofu, go akaretsa le tse di sa diriseng ditlhaka tsa Seroma.
Mo nakong e e fetileng, fa go ne go gololwa kgatiso e ntšha kwa kopanong, bareetsi ba ne ba bolelelwa gore dikgatiso tse di gololwang di ne di ka otariwa moragonyana ka Mokwalo wa Difofu. Ngogola ofisi ya lekala la United States e ne ya dira dipatlisiso mo diphuthegong go bona gore batho ba ba foufetseng ba ne ba ikaeletse go ya dikopanong dife le gore ba ne ba ka rata kgatiso ya mofuta ofe (ya pampiri ya Mokwalo wa Difofu, ya electronic notetaker, kgotsa ya electronic screen reader).
Dikgatiso tsa pampiri ya Mokwalo wa Difofu di ne tsa romelwa kwa dikopanong tse batho ba ba foufetseng ba neng ba tlile kwa go tsone, mme seo se ne sa dira gore ba amogele dikgatiso tse disha ka nako e le nngwe fela le batho ba bangwe botlhe. Beke morago ga kopano, dikgatiso tsa ileketeroniki di ne tsa romelwa ka e-mail kwa bathong ba ba neng ba di kopile.
Kgaitsadi mongwe yo o foufetseng o ne a re: “E ne e le tshiamelo e kgolo go amogela dikgatiso ka nako e le nngwe fela le batho ba bangwe botlhe. Pesalema 37:4 ya re Jehofa o tla re naya dikopo tsa pelo ya rona. O dirile fela jalo mo mafelobekeng ano!” Mosupi yo mongwe yo o foufetseng o ne a simolola go lela mme a re, “Re a leboga Jehofa go bo o re tlhokomela sentle jaana!”
Batho ba le Diketekete ba Ithuta go Bala le go Kwala
Ka 2011, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba thusa batho ba feta 5 700 gore ba itse go bala le go kwala. Seno ke se se ntseng se direga mo dinageng dingwe:
Ghana: Mo dingwageng di le 25 tse di fetileng, re thusitse batho ba feta 9 000 gore ba ithute go bala le go kwala.
Tlelase ya go ithuta go bala le go kwala kwa Zambia
Mozambique: Batho ba feta 19 000 ba ithutile go bala mo dingwageng di le 15 tse di fetileng. Moithuti mongwe yo o bidiwang Felizarda o ne a re: “Ke itumedisiwa ke gore jaanong ke kgona go balela batho ba bangwe ditemana tsa Baebele. Go dira jalo e ne e le kgwetlho e kgolo thata mo go nna mo nakong e e fetileng.”
Solomon Islands: Ofisi ya lekala e tlhalosa jaana: “Mo nakong e e fetileng, batho ba le bantsi ba ba nnang mo mafelong a a kgakala ba ne ba sa kgone go ya sekolong. Gape ke basetsana ba se kae fela ba ba isiwang sekolong. Ka jalo, basadi ke bone ba solegetsweng molemo thata ke ditlelase tsa go ithuta go bala le go kwala. Fa ba sena go wetsa dithuto, bontsi jwa bone ba itshepa go feta pele.”
Zambia: Fa e sa le ka 2002, batho ba ka nna 12 000 ba tokafaditse bokgoni jwa bone jwa go bala le go kwala. Agnes wa dingwaga tse 82 a re: “Fa go ne go itsisiwe gore phuthego e tla simolola go ruta batho go bala le go kwala, ke ne ka itumela fela thata ka ba ka ikwadisa. Mo thutong ya ntlha, ke ne ka ithuta go kwala leina la me!”
Dipina Tsa Pako ka Dipuo di le Dintsi
Basupi ba ga Jehofa ba setse ba ranola dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng ka dipuo di ka nna 600. Go ranola kopelo yotlhe ya dipina tse 135 ke namane e tona ya tiro. Le fa go ntse jalo, mo dingwageng di le tharo, kopelo yotlhe e ntšha ya Opelelang Jehofa, e ne ya ranolelwa mo dipuong di le 116. Dipuo tse dingwe tse 55 di na le kopelo e e nang le dipina di le 55 mme dipuo tse dingwe di le mmalwa di sa ntse di tla nna le kgatiso eno.
Solomon Islands: Phuthego e opela ka Se-Pidgin sa kwa Solomon Islands
Baranodi ba dipina ba lwela go dirisa mafoko a a nang le bokao, a a monate e bile a sa lebalege. Mo godimo ga moo, mafoko a a dirisiwang mo pineng ya pako a tshwanetse go nna motlhofo gore fa motho a opela a kgone go tlhaloganya bokao le boikaelelo jwa polelwana nngwe le nngwe. Mo puong nngwe le nngwe, mafoko le mmino di tshwanetse go tsamaisana sentle mme go utlwale e kete mafoko ao ke mafoko a motho yo o opelang.
Baranodi ba fitlhelela mokgele ono jang? Go na le gore ba ranole dipolelwana tsa buka ya Seesemane ya Opelelang Jehofa lefoko ka lefoko, ba kwala mafoko a masha a a tshwereng molaetsa wa konokono wa pina. Le fa baranodi ba leka go ranola molaetsa wa Dikwalo o o mo pineng nngwe le nngwe, ba dirisa mafoko a a tlwaelegileng mo puong ya bone a a motlhofo go tlhaloganngwa le go gakologelwa.
Ba simolola ka go ranola pina ya Seesemane lefoko ka lefoko. Go tswa foo, Mosupi yo o nang le bokgoni jwa go kwala mafoko a dipina o dira gore mafoko a a ranotsweng a nne monate mme a na le bokao ka puo e e ranotsweng. Morago ga moo setlhopha sa baranodi le sa ba ba balang dikgatiso go bona gore a ga go na diphoso ba sekaseka tiro ya mokwadi wa pina, ba ntse ba le kelotlhoko gore sengwe le sengwe se tsamaisana sentle le Dikwalo. Le fa gone go ranola kopelo ya rona e le namane e tona ya tiro, Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba ile ba itumelela thata go opela dipina tsa pako ka dipuo tsa bone.
Diofisi Tsa Thanolo
Buka ya Tshenolo e ne ya bolelela pele gore batlodiwa ba motlha wa rona ba ne ba tla laletsa batho gore ba tle ba “tseye metsi a botshelo mahala.” (Tshen. 22:17) Taletso eno e ne e tla ya kwa bathong ba “ditšhaba [tsotlhe] le diteme.” (Tshen. 7:9) Go tla go fitlha bosheng jaana, bontsi jwa baranodi ba ne ba direla kwa diofising tsa makala, tota le fa puo ya bone e ne e buiwa kwa dikarolong tse dingwe tsa tshimo. E ne e le kgwetlho gore ba se ka ba latlhegelwa ke puo ya bone le gore ba fitlhelele dipelo tsa batho ba ba balang dikgatiso tse ba di ranotseng. Mme gone jaanong ditlhopha di le dintsi tsa baranodi di fudusediwa kwa diofising tse di mo mafelong a puo ya bone e buiwang kwa go one. Seno se thusitse ka ditsela di le dintsi, jaaka go bontshiwa ke dikakgelo tse di latelang tsa baranodi.
Moranodi mongwe wa Se-Maya kwa Mexico o ne a re: “Ke ne ka ikutlwa e kete ke semelanyana se se buseditsweng mo mmung wa sone, kwa se golang sentle gone.” Moranodi mongwe kwa borwa jwa Russia o ne a re: “Go nna le ofisi ya thanolo kwa lefelong le batho ba lone ba buang puo ya baranodi go thusa baranodi fela thata. Tsela e puo e dirisiwang ka yone mo thelebisheneng, mo dibukeng le mo Internet e farologana thata le tsela e batho ba buang ka yone letsatsi le letsatsi. Selo se le sengwe se se ka re thusang go ranola ka tsela e e utlwalang sentle ke go utlwa tsela e batho ba buang ka yone.”
“Ke ne ka ikutlwa e kete ke semelanyana se se buseditsweng kwa mmung wa sone, kwa se golang sentle gone”
Moranodi mongwe wa Se-Tshiluba kwa Congo o ne a re: “Re bua puo ya rona letsatsi le letsatsi—mo ditirong tsa rona tsa letsatsi le letsatsi, jaaka fa re le mo mabenkeleng le fa re tlotla le baagelani ba rona, mo tirong ya rona ya go rera le kwa dipokanong tsa Bokeresete. Re ithuta se re se ranotseng e bile re dirisa dikgatiso tsa Se-Tshiluba mo bodireding, ka jalo re kgona go ikutlwela ka borona gore a batho ba tlhaloganya puo e baranodi ba e dirisitseng fa ba ne ba ranola.”
Moranodi wa Se-Lukhonzo kwa Uganda o ne a re: “Re itumela fela thata fa re ya dipokanong tse di tshwarwang ka puo e re e buang le e re ranolelang mo go yone. Gape re itumelela bodiredi jwa tshimo go feta pele, ka gonne jaanong re bua puo e re godileng ka yone.”
Diphuthego tse baranodi ba abetsweng kwa go tsone le tsone di solegetswe molemo. Fa kgaitsadi mongwe a bua ka baranodi ba Se-Maya, a re: “Baranodi ba re aga ka mafoko a bone a a kgothatsang le ka sekao sa bone. Go ntse jaaka e kete karolo nngwe ya Bethele e gaufi le rona, mme seo ke sengwe se se ka se bapisiweng le sepe.”
Setlhopha sa baranodi ba puo ya Se-Luo kwa Kisumu, Kenya
Thulaganyo eno e solegela botlhe molemo. Moranodi mongwe kwa Kenya o ne a re: “E re ka go na le dikgatiso di se kae fela tsa Se-Luo, batho ba mono ba ne ba sa akanye gore ba tla tsamaya ba bona dikgatiso tsa maemo a a kwa godimo jaana ka puo ya bone. Ka jalo ba le bantsi ba itumelela go di tsaya. Fa ke bona tsela e ba tsibogang ka yone, seno se nkgothatsa thata e bile se nthotloetsa gore ke tswelele ke dira ka natla mo kabelong ya me.”
Bontsi jwa baranodi bano ba na le dingwaga di le dintsi ba direla kwa ofising ya lekala la bone. Moya wa bone o montle le wa go iketleeletsa go baya dilo tse di direlwang dinku tsa ga Jehofa kwa pele o anaanelwa fela thata, mme ba segofadiwa ka ntlha ya moya ono. Moranodi mongwe wa Se-Xhosa mo Afrika Borwa o ne a sobokanya maikutlo a ba le bantsi fa a ne a re: “Setlhopha se se Laolang se dirile tshwetso e e molemolemo ka go re go tlhomiwe diofisi tsa thanolo. Re ne re itumetse fa re ne re le kwa Bethele mme jaanong re itumetse le go feta mo ofising ya thanolo.”
Dipego—Dikgang go Tswa mo Lefatsheng Lotlhe
“Bakaulengwe Ba ne Ba re Tlhokomela ka Lorato”
Ka Sontaga, June 3, 2012, go ne ga nna le kotsi e e maswe ya sefofane kwa Nigeria. Sefofane se se neng se pegile batho ba le 153 se ne sa phatlakana mo motsesetoropong mongwe o o tletseng batho kwa Lagos, e e leng toropo e kgolo go di gaisa tsotlhe mo Nigeria, mme ga swa batho botlhe ba ba neng ba le mo sefofaneng le ba bangwe ba go sa itseweng palo ya bone ba ba neng ba le fa fatshe.
Lagos, Nigeria: Morago ga go phatlakana ga sefofane
Collins Eweh le ba lelapa la gagwe ba ne ba nna mo boalong jo bo kwa godimo mo kagong ya matlhatlaganyane a le mararo, e e neng ya thulwa ke sefofane. Fa kotsi eo e ne e direga, lelapa leno le ne le le kwa pokanong ya phuthego kwa Holong ya Bogosi.
Mo e ka nnang ka 3:35 p.m., fa Thuto ya Tora ya Tebelo e ntse e tsweletse, Collins le mosadi wa gagwe e bong Chinyere ba ne ba bona go tsena megala e mentsi mo difounong tsa bone tsa selula mme ba se ka ba e araba. Fela fa dipokano di tswa Chinyere o ne a araba founo. Baagelani ba gagwe ba ne ba mmolelela gore kago e ba nnang mo go yone e a sha. Fa boorra Eweh ba goroga koo ba ne ba fitlhela sefofane se thudile kago ya bone se bo se ya go phatlakana kwa kagong e nngwe e e gaufi kwa se neng sa thunya teng se bo se tuka.
Chinyere o ne a re: “Fa re ka bo re ne re le mo gae, ruri re ka bo re sule. Morago ga tiragalo eo ya masetlapelo, re ne ra sala fela ka diaparo tse re neng re di apere, mme sa botlhokwa ke gore re ne re tshela. Morago fela ga foo, molebedi wa potologo o ne a tlhoma komiti ya namolo mme bakaulengwe ba ne ba re tlhokomela ka lorato. Re anaanela seo fela thata.”
Collins o ne a re: “Ba losika lwa gaetsho ba ba neng ba nkganetsa ka go bo ke le Mosupi jaanong ba fetotse mogopolo. Mongwe wa bone o ne a nthaya a re: ‘Jehofa wa gago o araba dithapelo. Tswelela o direla Modimo wa gago ka gonne o a go thusa.’ Yo mongwe o ne a re: ‘Sengwe le sengwe se o ntseng o se direla Modimo, tswelela o se dira ka pelo yotlhe.’ Ruri re bone kafa Jehofa a re sireleditseng ka teng. Ke itumetse tota.”
Palamente e Letla go Kwadisiwa ga Kereke Semolao
Budapest, Hungary: Bakaulengwe ba rona ba rerela baeng gongwe le gongwe kwa ba fitlhelwang gone
Ka February 27, 2012, puso ya kwa Hungary e ne ya simolola go dirisa Molao wa Kereke o o tlhatlhobilweng sesha o o amogelang Basupi ba ga Jehofa e le mokgatlho wa bodumedi o o kwadisitsweng semolao. E re ka jaanong ba amogetswe semolao, seo se tla thusa thata mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo kwa Hungary. Gape seo se dira gore Basupi ba ga Jehofa ba se ka ba duedisiwa lekgetho le gore ba kgone go amogela meneelo le go etela batho kwa dikgolegelong le kwa dikokelong go ya go ba ruta Baebele.
Segopotso mo Maemong a a Kgethegileng
Mmulatsela mongwe yo o kgethegileng kwa Rundu, Namibia, o ne a bega ka Segopotso se a neng a ile kwa go sone mo motseng o o fa gaufi. Go ne go fitlhetswe batho ba ba kgatlhegang koo, ka jalo bakaulengwe ba ne ba swetsa ka gore ba tshware Segopotso ka puo e e buiwang mo lefelong leo ya Se-Rumanyo, e le lekgetlho la ntlha. O ne a tlhalosa jaana mo lekwalong: “Go ne go le gontle, re ntse kwa ntle, ngwedi o tletse, re bonesitse ka dipone tsa parafini le tse pedi tsa dibeteri.” Go ne ga dira gore setlhopha seno se ikutlwe se le gaufi le Jehofa. Mmoledi yo o neng a dira a le esi koo, o ne a simolotse go rera ka March mme go ne ga tla batho ba le 275 kwa Segopotsong!
Go Neelwa ga Makala go Tlotlomatsa Jehofa
November 19, 2011 ke letlha le le botlhokwa thata mo hisitoring ya batho ba ga Jehofa ba kwa Central African Republic le kwa Chad. Mo letsatsing leo bakaulengwe le bokgaitsadi ba le 269 ba ne ba phuthega fa pele ga dikago tsa lekala tse di neng di sa tswa go wediwa. Ba ne ba itumelela go bo Samuel Herd yo e leng leloko la Setlhopha se se Laolang a ne a tlile go neela dikago tsa Bethele tse disha kwa go Jehofa gore di dirisiwe mo tirelong ya Gagwe. Mo thulaganyong eo, go ne ga anelwa kafa tiro ya go rera e simologileng ka gone mo dinageng tseno tse pedi. E simologile ka 1947 kwa Central African Republic mme ya simolola kwa Chad ka 1959. Puo e e latelang e ne ya tlhalosa kafa thulaganyo ya go aga e tsamaileng ka gone mmogo le sengwe le sengwe se se neng sa dirwa go wetsa dikago tseno. Morago ga go amogela ditumediso tse di tswang kwa dinageng tse dingwe, bareetsi ba ne ba itumelela puo ya ga Mokaulengwe Herd ya go neela kago. Maloko a le 42 a lelapa la Bethele a itumelela go bo a na le diofisi di le robedi tsa thanolo, phaposi ya boapeelo, phaposi ya bojelo le lefelo la go tlhatswetsa. E re ka go na le diphaposi tsa bonno di le 22 le mafelo a mangwe a a jaaka lefelo la go amogela baeng, diofisi tsa botsamaisi le lefelo la go romela dikgatiso, lelapa la Bethele le kgona go dira sentle ka thelelo.
E ne e le lekgetlho la ntlha go neelwa lekala kwa Congo
Mokaulengwe Jackson a baya puo ya go neela lekala kwa Kinshasa, Congo
Ka Matlhatso a May 26, 2012, go ne ga nna le tiragalo ya botlhokwa e e amang Basupi ba ga Jehofa ba kwa Congo (Kinshasa). Moago wa lekala o ne wa neelwa morago ga go agiwa le go tlhabololwa ka dingwaga di le robedi. Tiragalo eno e ne e tlhomologile ka gonne e ne e le lekgetlho la ntlha mo nageng eno go nna le thulaganyo ya go neela ofisi ya lekala le fa ofisi ya lekala e ne e ntse e le teng mo Congo mo e ka nnang ka dingwaga di le 50. Geoffrey Jackson wa Setlhopha se se Laolang o ne a baya puo ya go neela dikago tsa lekala leno, e e neng e reeditswe ke batho ba le 2 422, ba bontsi jwa bone ba neng ba na le dingwaga di feta 40 ba kolobeditswe. Go ne go na le baeng ba le 117 go tswa kwa dinageng di le 23. Barongwa bangwe ba ba kileng ba direla kwa Congo dingwaga di le dintsi pelenyana ba ne ba bolelela bareetsi maitemogelo a a kgothatsang. Botlhe ba ne ba itumetse mme ka boipelo ba ne ba ikemisetsa go dira gore dikago tseno di dirisediwe kobamelo ya ga Jehofa fela.
Pego ya Tsa Molao
Ka June 30, 2011 Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho (European Court of Human Rights [ECHR]) e ne ya atlhola gore puso ya Fora e gatakile ditshwanelo tsa Basupi ba ga Jehofa fa e ne e ba duedisa lekgetho la diperesente di le 60 tsa meneelo yotlhe ya bodumedi e Basupi ba ga Jehofa ba kwa Fora ba e amogetseng go tloga ka 1993 go fitlha ka 1996. Le fa Kgotlatshekelo e ne ya akantsha gore matlhakore oomabedi a rarabolole kgang ka kagiso, puso e ne ya tatalala ka la go re lekgetho le le feteletseng le e neng ya le duedisa Basupi le ne le le ka fa molaong, mme kakantsho ya kgotlatshekelo e ne e ka se kgonege. Ka jalo, ka July 5, 2012, ECHR e ne ya laela puso ya Fora gore e buse madi otlhe a lekgetho a a neng a duetswe ke Basupi. Mo godimo ga go busa di-euro di le 4 590 295 (e e lekanang le R50 493 245), e leng madi a puso e neng e pateleditse Basupi gore ba a duele (mmogo le morokotso wa madi ao o o tseneng fa e sa le madi ao a tsewa), gape puso e tshwanetse go duela Basupi di-euro di le 55 000 (R605 000) go duelela ditshenyegelo tsa babueledi ba bone.
Batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba kwa Eritrea ba tseetswe tshwanelo ya go nna baagi ba koo ka ntlha ya go se tseye letlhakore ga bone mo dipolotiking. (Isa. 2:4) Mo dingwageng tse 17 tse di fetileng, ba le bantsi ba ne ba tshwarwa, mme gone jaanong bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka nna 50, ba ba akaretsang basadi ba ba godileng le bana ba bannye, tota le ba dingwaga tse pedi, ba mo kgolegelong. Se se utlwisang botlhoko ke gore, ka July 2011, Mokaulengwe Misghina Gebretinsae e ne ya nna ene Mosupi wa ntlha go swela mo kgolegelong kwa Eritrea. Pele a tlhokafala, o ne a tswaletswe a le nosi lobaka lwa beke mo phaposaneng e e agilweng ka disenke; mme ga twe ga go itsewe gore o bolailwe ke eng. Bakaulengwe ba rona ba sa ntse ba leka go kopana le badiredi ba bagolo go ba tlhalosetsa gore lebaka la go bo re rata kagiso e bile re batla go nna re sa tseye letlhakore ga le reye gore ga re tlotle puso ya Eritrea.
India: Mongwe wa bakaulengwe ba rona a eme kwa ntle ga kgotlatshekelo pele a isiwa kgolegelong
Basupi ba ga Jehofa kwa India ba sa ntse ba tlhaselwa ke digopa fa ba le mo bodireding. Banna, basadi, bana tota le nkoko wa dingwaga tse 60 le losea lwa dikgwedi di le 18 ba ile ba itewa le go kgobiwa ka mafoko. Bangwe ba ile ba apolwa diaparo tota le go tshosediwa ka gore ba tla bolawa. E re ka mapodise a sa tseye kgato e bile a sa rate Basupi ba ga Jehofa, seo se dirile gore Basupi ba sotliwe le go feta. Go na le gore mapodise a ise badiramelato kwa tshekong, a ile a tsenya Basupi mo kgolegelong ka ntlha ya ditatofatso tsa tlolomolao tsa maaka. Gantsi ba ba tsentsweng mo kgolegelong ba duedisiwa madi a mantsi mo go feteletseng a beile, pele ba ka gololwa gore ba lete tsheko kwa ntle mme gape mapodise a ba kgoba ka mafoko le go ba itaya e bile ga ba newe kalafi, dijo le metsi. Morago ga moo, ba fetsa dingwaga di le dintsi ba sekisiwa jaaka dikebekwa kwa kgotlatshekelo pele ga ba ka bolelwa gore ga ba na molato. Go tsentswe dingongorego di le dintsi kwa Komisheneng ya Bosetšhaba ya Ditshwanelo Tsa Batho malebana le go gatakiwa ga ditshwanelo tsa batho ka tsholofelo ya gore e tla thusa bakaulengwe ba rona.
Turkey: Le fa Mokaulengwe Feti Demirtaş a ile a lebana le mathata a le mantsi, o tswelela a rera ka tlhagafalo
Ka November 2011 baatlhodi ba ECHR ba ne ba dumalana botlhe gore Turkey e ne e gatakile tshwanelo ya kgololesego ya segakolodi ya ga Yunus Erçep, Mosupi wa ga Jehofa yo o neng a atlhotswe mme a tsenngwa mo kgolegelong ka gonne a ne a ganne go tsenela bosole ka ntlha ya segakolodi. Fa e sa le ka March 1998, Mokaulengwe Erçep o ne a bilediwa bosoleng makgetlho a le 39 mme o ne a sekisiwa makgetlho a feta 30. Mokaulengwe Erçep o ne a duedisiwa, a tsenngwa mo kgolegelong a bo a tswalelwa kwa kokelong ya malwetse a tlhaloganyo go twe o na le bolwetse jwa go ipona a le botoka mo madumeding a mangwe.
Ka October 2004, Mokaulengwe Erçep o ne a tsenya kopo ya go ikuela kwa ECHR. Fa Kgotlatshekelo e ntsha katlholo, e ne ya re “moikuedi, yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a kopa go rebolwa gore a se ka a tsena mo bosoleng e se ka gonne a batla go solegelwa molemo kgotsa a batla go tshela botshelo jo bo iketlileng mme e le ka ntlha ya dilo tsa bodumedi tse a di dumelang ka pelo yotlhe.”
Feti Demirtaş ke Mosupi yo mongwe wa ga Jehofa kwa Turkey, yo o ileng a gana go thapisediwa bosole fa a ne a bilediwa bosoleng ka 2005. O ne a tshwarwa, a itewa, a sekisiwa a bo a tsenngwa mo kgolegelong ka malatsi a le 554 go fitlha a gololwa ka June 2007. E re ka Mokaulengwe Demirtaş a ne a gana go latlha se a se dumelang se se theilweng mo Baebeleng, go ne ga dirwa pego e e neng ya re ga a a itekanela sentle mo tlhaloganyong. Mo katlholong e ECHR e neng ya e dira kgatlhanong le Turkey, e ne ya fitlhela gore Mokaulengwe Demirtaş o ne a tshwerwe setlhogo ke balaodi ba Turkey le gore kgololesego ya gagwe ya go dirisa segakolodi e ne e gatakilwe.
Ditshwetso tse pedi tse di fa godimo tsa ECHR di tshwana thata le katlholo ya botlhokwatlhokwa ya July 2011 (Bayatyan v. Armenia), e mo go yone Lekgotla le Legolo la ECHR le neng la tlhomamisa gore Tumalano ya Yuropa e sireletsa ditshwanelo tsa batho ba ba ganang go dira ditiro dingwe ka ntlha ya segakolodi. Ditshwetso tseno di tshwanetse go latelwa ke dinaga tsotlhe tse e leng maloko a Lekgotla la Yuropa, go akaretsa le Turkey.
Gape ECHR e ne ya ntsha dikatlholo kgatlhanong le Armenia mo kgetsing ya Bukharatyan v. Armenia le ya Tsaturyan v. Armenia ka January 2012, e tlhomamisa gore tota go ne go gatakilwe kgololesego ya bodumedi ya Basupi ba ga Jehofa ba babedi ba ba neng ba gana go tsena mo bosoleng ka ntlha ya segakolodi. Fa Kgotlatshekelo e ntsha katlholo, e ne ya nopola katlholo ya yone e e botlhokwatlhokwa ya Bayatyan v. Armenia.
Le fa go dirilwe dikatlholo tse di botlhokwa jalo kgatlhanong le Armenia, puso e sa ntse e tsweletse ka go sekisa batho ba ba ganang bosole ka ntlha ya segakolodi, e ba bona molato le go ba tlhatlhela mo kgolegelong. Diphetogo tse di neng tsa dirwa mo Molaong o o Malebana le Tirelo e e Seng ya Sesole mme tsa amogelwa ke puso ya Armenia ka March 2012 di sa ntse di tla sekasekwa kwa palamenteng. Go solofelwa gore puso ya Armenia e tla diragatsa dikatlholo tsa ECHR ka go golola bakaulengwe ba ba sa ntseng ba tshwaretswe go gana bosole ka ntlha ya segakolodi.
Basupi ba ga Jehofa ba kwa Azerbaijan ba sa ntse ba gatelelwa ke puso: ka go tlhaselwa le go tshwarelwa go ya dipokanong tsa bodumedi, ka go tlhatlhobiwa ga dikgatiso tsa bodumedi, ka go busediwa gae ga maloko a a tswang kwa dinageng di sele, ka go kgobiwa le go itewa ke mapodise le ka go tshosediwa ka gore ba tla ntshiwa mo lenaaneng la mekgatlho e e kafa molaong. Fa e sa le Komiti ya Puso ya Ditiro Tse di Amanang le Mekgatlho ya Bodumedi e gana kopo ya go kwadisa Basupi semolao gape, mapodise a ile a nna a kgoreletsa dipokano tsa Basupi tsa kobamelo go feta pele, a kgoreletsa bodiredi jwa bone le go thibela go tlisiwa ga dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng go tswa kwa dinageng tse dingwe le go anamisiwa ga tsone. Dikgotlatshekelo di ile tsa duedisa Basupi ba ga Jehofa madi a mantsi ka ntlha ya go anamisa dikgatiso tsa bodumedi le go ya dikokoanong tsa bodumedi. Ka sekai, kgaitsadi mongwe o ne a duedisiwa R15 272 ka go bo a ne a ile dipokanong kwa toropokgolong ya Ganja. E re ka go otlhaya batho ka tsela eno go gataka tshwanelo ya batho ya go obamela ka kgololesego e e neng ya solofediwa ke Tumalano ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho, go ne ga isiwa dikopo di le dintsi kwa ECHR ka tsholofelo ya gore go tlhorontshiwa le go bogisiwa ga Basupi ba ga Jehofa kwa Azerbaijan go tla fela.
Mo dikarolong di le mmalwa tsa Russia, mapodise a sa ntse a tlhorontsha le go bogisa Basupi ba ga Jehofa a bo a pateletsa dikgotlatshekelo gore di atlhole Basupi ka lebaka la gore ba dirisa kgololesego ya bone ya go obamela Modimo. Dikgotlatshekelo tsa kwa Russia di ne tsa dirisa molao o o kgalwang thata o o kgatlhanong le batho ba ba kotsi mo setšhabeng, di bolela fa dikgatiso di feta 64 tsa Basupi ba ga Jehofa di le kotsi mo setšhabeng. Bosheng jaana, mosekisi mongwe o ne a re buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo e e rutang bana ka ga Jesu Keresete e bolelwe e le kotsi. Kwa dikarolong di le dintsi tsa Russia, dikgotlatshekelo di thibetse le go dirisiwa ga Web site ya Basupi ba ga Jehofa ya semolao. Gape di file mapodise tetla ya go baya maloko a phuthego leitlho a sa itse, go akaretsa le go dirisa dikhamera tsa bidio tse di fitlhilweng le go tsaya poso e ise e goroge kwa bakaulengweng. Ka jalo, kgapetsakgapetsa mapodise a botsolotsa baagelani ba ba kgatlhanong le Basupi, a phuruphutsa magae a Basupi e bile a gapa dibuka tsa bone tsa bodumedi le dilwana tse dingwe tsa bone. Basupi ba ile ba tshwarwa ba itsamaela fela mo mmileng, ba kgweetsa dikoloi tsa bone kgotsa ba fologa terena. Dipokano tsa Bokeresete di ile tsa kgorelediwa ke mapodise mme bagolwane ba ile ba sekisediwa go dira ditiro tsa bodisa mo phuthegong. Kwa mafelong mangwe, basekisi ba leka go dira gore dikgotlatshekelo di laele gore Mekgatlho ya Bodumedi (Local Religious Organizations [LRO]) ya Basupi ba ga Jehofa e fedisiwe.
Ka May 2012 Basupi ba le 17 kwa toropokgolong ya Taganrog ba ne ba latofadiwa ka gore ba rulaganya le go dira ditiro tsa bokebekwa fela ka gonne ba ne ba dira dilo tsa bodumedi jwa bone. Mo go yone kgaolo eno, kgotlatshekelo e ne ya laela gore LRO ya Basupi ba ga Jehofa e fedisiwe ka 2009 mme Holo ya Bogosi e ile ya gapiwa ka gonne go twe ba kotsi mo setšhabeng. E re ka Basupi ba ne ba thibelwa go dirisa Holo ya bone ya Bogosi, ba ne ba kopanela mo magaeng a bone kgotsa ba hira diholo, mme gone jaanong balaodi ba leka go ba thibela gore ba se ka ba obamela ka tsela epe fela e e rulagantsweng. Ka July 2012, banyalani bangwe ba babulatsela kwa toropokgolong ya Chita kwa Siberia, ba ne ba bonwa molato wa go rotloetsa letlhoo ka gonne ba ne ba anamisa buka ya go ithuta Baebele e go tweng e kotsi mo setšhabeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? fa ba ntse ba rerela batho ba bangwe. Mongwe le mongwe wa bone o ne a atlholelwa diura di le 200 tsa tiro e e patelediwang mme jaanong ba ikuela kgatlhanong le katlholo eo.
Le fa ECHR e ne ya naya Basupi ba ga Jehofa diphenyo tse pedi tse dikgolo kgatlhanong le Russia—ya Kuznetsov and Others v. Russia ka 2007 le ya Jehovah’s Witnesses of Moscow v. Russia ka 2010—balaodi ba kwa Russia ba sa ntse ba itlhokomolosa ditshwetso tseno tsa Kgotlatshekelo eno e e tseelwang kwa godimo. Ka ntlha ya seo, Basupi ba ga Jehofa ba na le dikopo tse dingwe tse 19 tse di sa ntseng di emetse go reediwa ke ECHR ka tsholofelo ya gore ditshwetso tse dingwe tse di tla tsewang ke ECHR di tla tlhotlheletsa balaodi ba Russia gore ba tlogele go bogisa batho ba ga Jehofa mme ba ba letle gore ba “tswelele [ba] tshela botshelo jo bo sisibetseng le jo bo didimetseng ka boineelo jo bo tletseng jwa bomodimo le bomasisi.”—1 Tim. 2:2.
Korea Borwa e sa ntse e isa bakaulengwe ba basha kwa kgolegelong ka ntlha ya go se tseye letlhakore ga bone ka go bo e le Bakeresete. Kgwedi nngwe le nngwe bakaulengwe ba basha ba ka nna 45 ba bonwa molato ba bo ba atlholelwa ngwaga le halofo kwa kgolegelong. Ka ntlha ya seo, gone jaanong mo e ka nnang bakaulengwe ba le 750 ba tswaletswe mo dikgolegelong kwa Korea. Eno ke palo e kgolo go gaisa ya Basupi ba ga Jehofa ba ba tshwerweng ka ntlha ya tumelo ya bone mo nageng epe fela. Fa e sale ka 1950, Basupi ba ga Jehofa ba ka nna 17 000 ba ile ba atlholelwa palogotlhe ya dingwaga tse di fetang 32 000 kwa kgolegelong.
Ka 2012, balaodi ba ne ba gatelela le go feta pele Basupi ba ba neng ba gana ka ntlha ya segakolodi go nna masole a a bidiwang fela fa go tlhokega, ka go ba atlholela go ya kgolegelong—e le lekgetlho la ntlha seo se direga. Mo nakong e e fetileng, Basupi bano ba ne ba duedisiwa ka gonne ba gana go thapisediwa go nna masole a a bidiwang fela fa go tlhokega. E re ka fa dingwaga di ntse di ya batho ba bidiwa makgetlho a le mmalwa go nna masole a a bidiwang fela fa go tlhokega, ba ba ganang go dira tiro eo ba sekisiwa makgetlho a le mantsi. Ka sekai, ka November 2011, Ho-jeong Son o ne a atlholelwa dikgwedi di le robedi mo kgolegelong. Mme ka June 2012 o ne a sekisiwa gape mme mo lekgetlhong leno a atlholelwa dikgwedi di le thataro mo kgolegelong. Morago fela ga tsheko ya bobedi o ne a nna a tshwerwe mme a gololwa ka beile morago ga malatsi a le 29, a emetse go utlwa tshwetso ka boikuelo jwa gagwe. Gone jaanong o atlholetswe dikgwedi di le 14 kwa kgolegelong.
Kwa Korea Borwa, kgwedi le kgwedi go tshwarwa bakaulengwe ba basha ba ka nna 45 ba bo ba atlholelwa ngwaga o le mongwe le halofo kwa kgolegelong
Komiti ya Ditshwanelo Tsa Batho ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e ne ya kgala Korea Borwa ka makgetlho a le mantsi ka go bo e gatakile tshwanelo ya batho ya gore ba nne le kgololesego ya segakolodi. Go na le dikopo tse disha tse di sa ntseng di emetse go reediwa ke Komiti eno le Kgotlatshekelo ya Molaotheo ya Korea Borwa ka maikaelelo a go rarabolola kgang eno.