LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mrt setlhogo 55
  • Lefatshe le a Senyega—Baebele e a Reng ka Gone?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lefatshe le a Senyega—Baebele e a Reng ka Gone?
  • Ditlhogo Tse Dingwe
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baebele e ne ya bolelelapele ka go senngwa ga tikologo
  • Modimo o tlile go baakanya lefatshe la rona
  • A Dipuso di ka Dirisana Mmogo go Lwantsha Maemo a Bosa a a Fetofetogang a a Bakang Tshenyo e Kgolo?—Baebele e a Reng ka Kgang Eno?
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Maemo a Bosa a a Fetofetogang le Bokamoso Jwa Rona—Baebele e a Reng ka Kgang Eno
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Mogote o o Kwa Godimo mo Lefatsheng Lotlhe—Baebele e a Reng ka Gone?
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Lefatshe le a “Lwala”—A go Na le Kalafi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ditlhogo Tse Dingwe
mrt setlhogo 55
Setshwantsho sa polanete ya rona se se tserweng ke motho a le kwa lefaufaung. Halofo ya polanete eno e siame mme halofo e nngwe e babogile e bile e senyegile.

NNANG LO DISITSE!

Lefatshe le a Senyega—Baebele e a Reng ka Gone?

“Go ise go ye kae, re tlile go lebana le maemo a bosa a a tla bakang tshenyo e kgolo thata. Go tla nna le merwalela mo ditoropong di le dintsi. Mogote o o feteletseng. Ditsuatsue. Go tlhaela ga metsi mo mafelong a le mantsi. Go nyelediwa ga mefuta e mentsi ya dimela le diphologolo. Seno ga se tlhamane kgotsa go feteletsa dilo. Ke se saense e re bolelelang gore se tla direga fa dipuso di sa fetole tsela e go dirisiwang motlakase ka yone.”—Mafoko a ga António Guterres, motsamaisimogolo wa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, fa a ne a bua ka pego ya Intergovernmental Panel on Climate Change e e ntshitsweng ka April 4, 2022.

“Baitsesaense ba tlhagisa gore mo dingwageng tse di tlang, diphaka di ka nna 423 tse di nang le diphologolo [kwa United States], di tla amiwa ke maemo a bosa a a fetofetogang ka gonne di ka senngwa ke dithemperetšha tse di ntseng di oketsega. Dilo tseno tse di bosula tse di tla diregang, di tshwana le masetlapelo a re ka balang ka one mo Baebeleng: molelo le morwalela, go nyerologa ga aese, metsi a a oketsegang mo mawatleng le mogote o o feteletseng.”—Mafoko a a tswang mo setlhogong se se reng, “Flooding Chaos in Yellowstone, a Sign of Crises to Come,” mo lokwalodikgannyeng lwa The New York Times, June 15, 2022.

A mathata a lefatshe a a amang tikologo a ka rarabololwa? Fa go le jalo, ke mang yo o tla a rarabololang? Ela tlhoko se Baebele e se buang.

Baebele e ne ya bolelelapele ka go senngwa ga tikologo

Baebele e a re Modimo o tla ‘senya ba ba senyang lefatshe.’ (Tshenolo 11:18) Temana eno e re ruta dilo di le tharo:

  1. 1. Dilo tse batho ba di dirang di tla feleletsa di sentse lefatshe.

  2. 2. Bothata jono jwa go senngwa ga lefatshe bo tla fela.

  3. 3. Modimo ke ene a tla fedisang mathata a lefatshe a a amang tikologo, e seng batho.

Modimo o tlile go baakanya lefatshe la rona

Baebele e a re ‘lefatshe le tswelela le le gone ka bosakhutleng.’ (Moreri 1:4) Go tla nna le go na le batho mo go lone.

  • “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla nna mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:29.

Lefatshe la rona le tlile go baakanngwa.

  • “Naga le lefatshe le le omeletseng di tla itumela, e bile sekaka se tla itumela se bo se ntsha malômô jaaka saferone.”—Isaia 35:1.

Fa o batla go utlwa gore ke eng fa re ka tlhatswega pelo gore Modimo o tla baakanya lefatshe la rona, bala setlhogo se se reng, “Who Will Save the Earth?”

Fa o batla go utlwa gore ke eng fa re ka tlhatswega pelo gore dilo di tla siama mo nakong e e tlang le fa gone jaanong go na le maemo a bosa a a fetofetogang, bala setlhogo se se reng, “Climate Change and Our Future—What the Bible Says.”

Fa o batla go bona gore Baebele e ka go thusa jang gone jaanong gore o itshokele dikgwetlho tse di bakiwang ke mathata a tikologo, bala setlhogo se se reng, “Extreme Weather—Can the Bible Help You to Cope?”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela