LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 143
  • A go Goga go Phoso?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A go Goga go Phoso?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • A Baebele ya re go phoso go dirisa matekwane kgotsa diritibatsi tse dingwe?
  • Disekerete—A o A di Gana?
    Tsogang!—1996
  • Ke Eng se ke Tshwanetseng go se Itse ka go Goga Motsoko?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
  • A Tota Ga go Re Sepe mo Modimong Gore ke a Goga?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Modimo o Leba Jang go Goga Motsoko?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 143
Motho a goga sakarete

A go Goga go Phoso?

Karabo ya Baebele

Baebele ga e bue sepe ka go goga.a Mme go na le ditemana tse di bontshang gore go goga go phoso ka gonne di tlhalosa gore Modimo ga a batle gore re leswafatse mebele ya rona ka tsele epe fela.

  • Go tlotla botshelo. “Modimo . . . o naya batho botlhe botshelo le mohemo.” (Ditiro 17:24, 25) Modimo ke ene a re neileng botshelo, ka jalo, re tshwanetse go tila dilo tse di tla dirang gore re swe ka bonako, tse di jaaka go goga. Motsoko o bolaya batho ba le bantsi ngwaga le ngwaga.

  • Go rata baagelani. “O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.” (Mathaio 22:39) Go goga fa pele ga batho ga go bontshe gore o a ba rata. Fa o nna le motho yo o gogang, le wena o feleletsa o hema mosi oo o bo o tsenwa ke malwetse a a tsenang batho ba ba gogang motsoko.

  • Re tshwanetse go nna boitshepo. “Lo ise mebele ya lona setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo, se se amogelesegang mo Modimong.” (Baroma 12:1) “A re intlafatseng leswe lengwe le lengwe la nama le moya, re itekanedisa boitshepo mo go boifeng Modimo.” (2 Bakorintha 7:1) Go goga go dira gore motho a se ka a nna boitshepo kgotsa go nna phepa mo matlhong a Modimo ka gonne motho yoo o tla bo a tsenya botlhole mo mmeleng wa gagwe ka boomo.

A Baebele ya re go phoso go dirisa matekwane kgotsa diritibatsi tse dingwe?

Ga go na gope mo Baebele e buang gone ka matekwane kgotsa go dirisa maina a diritibatsi dingwe. Mme gone e kgatlhanong le go dirisa dilo tse di ka re dirang makgoba a tsone. Gape go na le ditemana tse dingwe tse di ka re thusang mo ntlheng eno:

  • Re tlhoka go laola megopolo ya rona. “O rate Jehofa Modimo wa gago . . . ka mogopolo otlhe wa gago.” (Mathaio 22:37, 38) “Nnang lo thantse ka botlalo mo ditlhaloganyong.” (1 Petere 1:13) Motho yo o dirisang diritibatsi ka tsela e e sa siamang kgotsa yo o tshwakgotsweng ke tsone ga a kgone go dirisa tlhaloganyo sentle e bile ga a akanye sentle. Go na le gore ba nne ba akantse ka dilo tse di siameng, ba tlhola ba akantse fela ka diritibatsi.—Bafilipi 4:8.

  • Go ikobela melao. “Ba nne kutlo mo dipusong le mo balaoding.” (Tito 3:1) Melao ya dinaga tse dingwe ga e letle batho gore ba dirise diritibatsi tse di rileng. Modimo o lebeletse gore re ikobele melao ya dinaga tsa rona.—Baroma 13:1.

Go Goga go Ama Botsogo Jwa Gago Jang?

Mokgatlho wa Lefatshe wa Boitekanelo o tlhalosa gore ngwaga le ngwaga batho ba ka nna dimilione di le thataro ba bolawa ke malwetse a a bakwang ke go goga mme ba feta 600 000 ba bolawa ke go nna le batho ba ba gogang. Dintlha tse di latelang di re bontsha kafa motsoko o leng kotsi ka gone mo bathong ba ba o gogang le ba ba nnang le batho ba ba dirisang motsoko.

Kankere. Mosi wa motsoko kgotsa wa sakarete o na le dikhemikale di feta 50 tse di ka bakang bolwetse jwa kankere. Buka ya Encyclopædia Britannica ya re go akanngwa gore “bontsi jwa batho ba ba nang le kankere ya makgwafo ke ba ba gogang motsoko.” Gape mosi ono o ka baka kankere mo leganong, mo kgokgotshong, mo mometsong, mo magalapeng, mo sebeteng le mo setlheng.

Mathata a go hema. Mosi wa motsoko o ka baka malwetse a a jaaka bolwetse jwa makgwafo le flu. Bana ba ba nnang le batho ba ba gogang ba feleletsa ba tsenwe ke malwetse a a jaaka asthma, go gotlhola go go sa feleng e bile makgwafo a bone a ka nna a se ka a gola kgotsa go bereka sentle.

Malwetse a pelo. Batho ba ba gogang ba ka nna ba tsenwa ke seterouku kgotsa go tshwarwa ke malwetse a pelo. Mosi wa motsoko o na le carbon monoxide mme fa motho a goga, e tsena mo makgwafong e bo e fetela mo mading, go tswa foo e fitlha e ntsha okosejene go bo go sala yone. Fa go se na okesejene e e lekaneng mo mading, pelo e feleletsa e bereka ka thata go isa okesejene mo mmeleng mme seo se baka malwetse a pelo.

Tsela e go goga go leng kotsi ka yone mo basading ba ba imileng. Basadi ba ba gogang motsoko ba imile ba feleletsa ba belega pele ga nako, bana ba bone ba tsholwa ba otile thata kgotsa melomo ya bone e golafetse ka tsela nngwe. Bana bano ba ka nna le mathata a go hema kgotsa ba ka swa ka bonako.

a Go goga go kaya go gopa mosi wa motsoko kgotsa wa sakarete. Mme melao ya Baebele e re tlileng go bua ka yone e akaretsa le go ja motsoko kgotsa seneife, go dirisa disakarete tsa eleketeroniki tse di nang le nikotine le didirisiwa tse dingwe tsa go goga.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela