Ba Tshwerwe ka Ntlha ya Tumelo ya Bone—South Korea
Ka October 26, 2020, go ile ga direga sengwe se se gakgamatsang kwa South Korea. Go ile ga twe batho ba ba ganang go ya bosoleng ka ntlha ya segakolodi sa bone, ba ka dira ditiro dingwe go na le go ya bosoleng. Le fa go ntse jalo, mekgatlho e e emelang ditshwanelo tsa batho e ile ya re ditiro tse South Korea e reng batho ba ka di dira, ke kotlhao e e setlhogo, e bile e bontsha gore ga ba tekatekano ka ntlha ya nako e batho ba e fetsang ba dira tiro eo le tiro e e bokete e ba tshwanetseng go e dira. Go dira ditiro tseo go tsaya dingwaga di le tharo mme go ya bosoleng go tsaya halofo ya dingwaga tseo, le fa go ntse jalo, tshwetso eo ya bone ga e dumalane le tsela e dinaga tse dingwe di dirang dilo ka yone. Go ya ka dinaga tseo, nako e ba e fetsang ba dira ditiro tseo ga e a tshwanela go feta thata nako e ba neng ba ka e fetsa fa ba ka bo ba ile bosoleng, ntle le fa go na le mabaka a a utlwalang a go dira jalo. Bakaulengwe ba le mmalwa kwa South Korea ba ile ba gana go dira ditiro tseo. Bangwe ba ile ba ikuela kwa dikgotlatshekelong. Ka May 30, 2024, Kgotlatshekelo ya Molaotheo ya South Korea e ile ya kgaphela kwa thoko boikuelo jwa bakaulengwe jwa go sa dire ditiro tseo, ka gonne bontsi kwa kgotlatshekelong bo ne bo sa dumalane le boikuelo jwa bone. Le fa go ntse jalo, baatlhodi ba kgotlatshekelo ba ba neng ba sa dumalane le tshwetso e e dirilweng, ba ne ba bontsha gore tiro eo e a gatelela e bile e setlhogo. Ba ile ba re: “Tiro eno ke kotlhao e e gatakang kgololesego ya batho ba ba ganang go tsenela bosole ka ntlha ya segakolodi sa bone.”
Woo-jin Byeon, yo o dingwaga di le 29 e bile a nyetse, o ile a gana go ya bosoleng ka ntlha ya segakolodi sa gagwe mme o ile a nna motho wa ntlha kwa South Korea go tshwarelwa go gana go dira tiro e puso e mo neileng yone. O ile a dira tshwetso ya go gana go ya bosoleng mme o ile a dira jalo ka tlotlo. Le fa go ntse jalo, o ile a re fa go kgonega a ka dira tiro e e seng bokete thata kgotsa e e seng setlhogo, mme ka July 24, 2024 kgotlatshekelo e ile ya mo atlholela go ya kgolegelong ngwaga le dikgwedi di le thataro.
Go tla go fitlha jaana, bakaulengwe ba le 14 ba ganne go dira ditiro tseo, go akaretsa le Rre Byeon, le banna ba bangwe ba le 11 ba ba sa ntseng ba sekisiwa. Fa ba ka bonwa molato, le bone ba ka otlhaiwa le go tsenngwa mo kgolegelong. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa bakaulengwe ba ba tlhophileng go sa ye bosoleng ka ntlha ya segakolodi sa bone, ba dirile tshwetso ya go dira ditiro tse ba di neilweng le fa gone di le setlhogo.
Tatelano ya Ditiragalo
July 24, 2024
Woo-jin Byeon o ile a atlholelwa go ya kgolegelong ngwaga le dikgwedi di le thataro ka gonne a ganne go dira tiro e a e neilweng ke puso.
November 10, 2022
Morago ga gore a amogele lekwalo la gore a ye bosoleng, Woo-jin Byeon o ile a kwalela sesole lekwalo mme a bontsha gore ga a batle go ya bosoleng e bile ga a batle go dira ditiro tse puso e reng batho ba di dire.
October 26, 2020
Puso ya South Korea e simolola go letla batho ba ba ganang go ya bosoleng ka ntlha ya segakolodi sa bone, go dira ditiro dingwe.
November 1, 2018
Kgotlatshekelo ya Makgaolakgang ya South Korea e ile ya dira tshwetso ya gore go gana go ya bosoleng ka ntlha ya segakolodi, ga se tlolo molao.
June 28, 2018
Kgotlatshekelo ya Molaotheo ya South Korea e ile ya re ga go mo molaong go dira gore batho ba ba ganang go ya bosoleng ka ntlha ya segakolodi sa bone, ba dire ditiro tse ba di newang ke puso ka gonne molao wa sesole wa naga ga o bue sepe ka seo.
October 18, 2016
Kgotlatshekelo ya Gwangju e e dirang ka boikuelo jwa go fetola dikatlholo tse di setseng di dirilwe, e ile ya dira katlholo ya ntlha ya gore batho ba ba ganang go ya bosoleng ka ntlha ya segakolodi sa bone ga ba molato.
August 30, 2011
Kgotlatshekelo ya Molaotheo e ema nôkeng molao wa gore go otlhaiwe batho ba ba ganang go ya bosoleng ka ntlha ya segakolodi sa bone.
August 26, 2004
Kgotlatshekelo ya Molaotheo e ema nôkeng go dira gore go otlhaiwa ga batho ba ba ganang go ya bosoleng ka ntlha ya segakolodi sa bone, go nne mo molaong.
1975
Puso e pateletsa batho go ya bosoleng.
1973
Puso e simolola go sotla Basupi ba ba tshwerweng mme seo se tswelela go fitlha mo magareng a bo1990.
1953
Basupi ba ntlha ba ba ganang go ya bosoleng ka ntlha ya segakolodi sa bone, ba isiwa kgolegelong ke puso.